Jump to content

Asavela Mqokiyana

Go tswa ko Wikipedia
Asavela Mqokiyana
Tsalo
Asavela Mngqithi
TiroActress, Model, Director
Dingwaga tsa a le mo tirong2018–present
MosadiThabo Mqokiyana (m. 2022; div. 2024)
Bana1
Batsadi(s)

Asavela Mqokiyana (yo o tshotsweng e le Mngqithi) ke modiragatsi le motlelara wa Aforika Borwa.[1] O itsege thata ka dikarolo tsa gagwe mo difiliming tsa thelebišene tsa Isibaya le Abomama.[2]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Mngqithi o ne a ikwadisetsa dikirii ya khamera le go rulaganya go tswa kwa AFDA, The School for Creative Economy (AFDA), mme moragonyana o ne a tlogela sekolo morago ga ngwaga wa boraro ka ntlha ya mathata a madi.[3] Rraagwe, Manqoba Mngqithi ke mokatisi wa kgwele ya dinao wa Aforika Borwa.[4] O na le morwadiarragwe a le mongwe yo mmotlana.[5]

O ne a nyetswe ke Mqokiyana mme banyalani bano ba na le morwadi a le mongwe. Ka Tlhakole 2025, o ne a tlhomamisa gore o tlhadile.[6]

Ka 2018, o ne a dira diteko tsa go tshameka karolo mo polelong ya Mzansi Magic ya Isithembiso. Le fa go ntse jalo, o ne a bidiwa gape go ya go tlhatlhobiwa mo filiming e nngwe ya Mzansi Magic ya Isibaya.[7][8] O ne a feleletsa a kopanela le batshameki ba paka ya botlhano ya soapie mme a tshameka karolo ya "Ntwenhle". Seabe sa gagwe se ne sa ratwa thata, koo a neng a tswelela go tshameka karolo ya setlha sa borobabobedi le sa bofelo sa soapie ka 2021.[3]

Morago ga moo ka 2021, o ne a dira karolo ya gagwe ya bobedi mo thelebišeneng mo pakeng ya bobedi ya motseletsele wa drama ya 1Magic ya Abomama.[9] Mo motseletseleng oo, o ne a tshameka karolo ya "Amogelang".[10]

Bodiragatsi

[fetola | Fetola Motswedi]
Ngwaga Filimi Seabe Genre Ref.
2018–2021 Isibaya Ntwenhle Ndlovu TV series
2021 Abomama Amogelang TV series
2023–present Durban Gen Amahle Dladla TV series
2025-Present Uzalo Sizakele TV Sopie
  1. "Life after Isibaya: Actress Asavela Mngqithi expensive lifestyle in Pictures". Savanna News. 18 October 2021. Retrieved 27 Phalane 2025.
  2. Excel (13 May 2021). "Asavela Mngqithi Biography". SA Online Portal. Retrieved 27 Phalane 2025.
  3. 1 2 "Asavela Mngqithi: TVSA". www.tvsa.co.za. Retrieved 27 Phalane 2025.
  4. "Asavela Mngqithi Biography: When Your Childhood Dreams Come True". ZAlebs. Retrieved 27 Phalane 2025.
  5. "Asavela Mngqithi - An Inside Look at the Actress' Parents, Birth Family and Biography". BuzzSouthAfrica. 22 March 2021. Retrieved 27 Phalane 2025.
  6. "'Isibaya' actress Asavela Mngqithi is going to be a mom". TimesLIVE. Retrieved 27 Phalane 2025.
  7. "FORMER ISIBAYA ACTRESS ASAVELA MNGQITHI RETURNS TO TV". 22 June 2021. Retrieved 27 Phalane 2025.
  8. Nkosi, Joseph; MA. "Asavela Mngqithi - The Nation". Retrieved 27 Phalane 2025.
  9. "Asavela Mngqithi Bags A New Acting Role". Youth Village. 22 June 2021. Retrieved 27 Phalane 2025.
  10. Njoki, Eunice (27 April 2020). "Asavela Mngqithi: career". Briefly. Retrieved 27 Phalane 2025.