Ashley Cariño
Ashley Ann Cariño Barreto (o tshotswe ka kgwedi ya Phatwe e thola boraro (3) ka ngwaga wa 1994) ke mmotlelara wa kwa Puerto Rico le mofenyi wa kgaisano ya bontle yo o neng a nna Miss Universe Puerto Rico 2022. Cariño e ne e le motho wa bobedi wa Mo-Afro-Puerto Rico go fenya sekgele seo. O ne a emela Puerto Rico kwa Miss Universe 2022, a le mo go ba ba 5 ba ba kwa godimo. Pele ga moo, Cariño o ne a nna Miss Florida USA 2021 mme a nna mmampodi wa bobedi kwa Miss USA 2021.
Botshelo le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Cariño o belegetswe kwa Fajardo, Puerto Rico ke batsadi José Cariño le Olga Barreto, e le ene yo mogolo mo baneng ba le batlhano, mme moragonyana a fudugela le lelapa la gagwe kwa Kissimmee, Florida fa a ne a le dingwaga di le tlhano.[1][2] [3] [4] Mmaagwe o ne a kile a gaisana mo dikgaisanong tsa bontle kwa Puerto Rico.[5] Cariño o tsene kwa Sekolong se Segolo sa Professional and Technical kwa Kissimmee, a aloga ka ngwaga wa 2012, koo a neng a amogela setifikeiti sa go dira jaaka mogodisi wa tlhaloganyo, a dira ka go dira le bana ba ba nang le pharologano ya tlhaloganyo. o.[2][4]O ne a tlhotlheleditswe go tsweletsa tsosoloso ya tlhaloganyo morago ga go fenya bothata jwa gagwe jwa go sa kgone go tlhoma mogopolo mo dilong tse a di dirang (ADHD) ka boene.[5]
Cariño o ne a ikwadisetsa kwa Valencia College kwa Orlando, Florida, mme morago a fetisediwa kwa University of Central Florida, a ithutela boenjiniri jwa difofane. Pele ga go gaisana mo Miss USA 2021, Cariño o ne a solofetse go direla NASA morago ga go aloga..[4]
Bontle
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2021, Cariño o ne a simolola tiro ya gagwe ya go nna mmabontle morago ga go ikwadisa jaaka motshameki mo kgaisanong ya Miss Florida USA 2021, kgaisanong ya gagwe ya ntlha. O ne a tlhotlheletsega go tsaya karolo morago ga kgothatso go tswa kwa lelapeng la gagwe, mme a gaisana le kgaitsadie Joyce Barreto. 5][3] Representing South Kissimmee, Cariño went on to win the title in July 2021, becoming the first woman from Kissimmee to be crowned Miss Florida USA.[6][7]
Jaaka Miss Florida USA, Cariño o ne a tshwanelega go gaisana mo Miss USA 2021. Finale ya Miss USA e ne ya tshwarwa ka kgwedi ya Ngwanatsele ale masome a mabedi le boferabongwe(29) ka ngwaga wa 2021, kwa Tulsa, Oklahoma, koo Cariño a neng a tswelela go nna mofenyi wa bobedi, morago ga mofenyi Elle Smith wa Kentucky le mofenyi wa ntlha Caitlyn Vogel wa North Dakota.[8] [9][10]E ne e le lekgetlo la boraro fela Florida e le mo gare ga ba bararo ba ba kwa godimo mo kgaisanong eno fa e sale go tlhomiwa Miss USA 1980.[ Cariño o ne a feleletsa puso ya gagwe jaaka Miss Florida USA morago ga go dira Taylor Fulford jaaka motlhatlhami wa gagwe ka kgwedi ya Motsheganong 2022.[11]
Mohumagadi wa Lobopo wa kwa Puerto Rico
Morago ga go fetsa puso ya gagwe jaaka Miss Florida USA, Cariño o ne a boela kwa Puerto Rico gore a tle a kgone go tsaya karolo mo kgaisanong e e tlang ya Miss Universe Puerto Rico 2022.[1] Ka kgwedi ya Seetebosigo 2022, Cariño o ne a itsisiwe jaaka mongwe wa bafenyi ba le 28 ba ba neng ba tlile go gaisana mo kgaisanong, ba emela mmasepala wa Fajardo.[12] [13][14]
Papadi ya makgaolakgang e ne ya tshwarwa moragonyana ka kgwedi ya Phatwe ale leseme le bongwe (11) kwa Santurce, San Juan. Cariño o ne a tlhatloga go tswa mo setlhopheng sa ntlha sa bafenyi ba le 28 go ya go ba ba lesome le botlhano ba ba kwa godimo, ba ba lesome ba ba kwa godimo, le ba ba batlhano ba ba kwa godimo, pele ga kwa bofelong a ka nna mofenyi wa kgaisano.[ Ka phenyo ya gagwe, o ne a nna wa bobedi wa Afro-Puerto Rican go nna Miss Universe Puerto Rico, morago ga Michelle Colón.Jaaka Miss Universe Puerto Rico, Cariño o ne a emela Puerto Rico kwa Miss Universe 2022, mme a nna mo gare ga ba ba 5 ba ba kwa godimo.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Miss Universe Puerto Rico, Ashley Ann Cariño Barreto : "La mujer puertorriqueña viene de todas las tallas, de todos los colores"". El Nuevo Día (in Spanish). August 12, 2022
- 1 2 Marcial Ocasio, Jennifer A. (August 12, 2022). "ExMiss Florida, Ashley Ann Cariño, fue coronada como Miss Puerto Rico Universe". Orlando Sentinel (in Spanish).
- ↑ Lee, Jenna Marina (July 29, 2021). "Getting to Know Pageant Winner, UCF Student Ashley Cariño". UCF Today.
- 1 2 3 "Kissimmee's Miss Florida Ashley Cariño is Miss USA 2021's second runner-up". Positively Osceola. December 6, 2021
- 1 2 Jackson, Ken (August 18, 2021). "Kissimmee's first Miss Florida crowned". Osceola News-Gazette.
- ↑ "Joven boricua de Kissimmee gana la corona de Miss Florida USA" [Young Puerto Rican from Kissimmee has crowned Miss Florida USA] (in Spanish). WTMO-CD. July 19, 2021. Retrieved July 19, 2021
- ↑ ackson, Ken (August 18, 2021). "Kissimmee's first Miss Florida crowned". Osceola News-Gazette.
- ↑ "Miss USA, Miss Teen USA coming to Tulsa this fall". KTUL. April 20, 2021
- ↑ "Tulsa's River Spirit will host Miss USA, Miss Teen USA pageants". Fox 23. April 20, 2021.
- ↑ "Results". Miss USA. Archived from the original on 4 November 2022. Retrieved 23 January 2022.
- ↑ "Taylor Fulford from Okeechobee Is Miss Florida USA 2022". WQCS88.9 FM. 2022-05-29. Retrieved 2022-06-06
- ↑ "Presentan a las 29 candidatas de Miss Universe Puerto Rico 2022". metro.pr (in Spanish). 2 June 2022. Retrieved 8 June 2022
- ↑ "Estas son las candidatas a Miss Universe Puerto Rico 2022". Primera Hora (in Spanish). 3 June 2022. Retrieved 8 June 2022
- ↑ "Presentan a las 29 candidatas de Miss Universe Puerto Rico 2022". metro.pr (in Spanish). 2 June 2022. Retrieved 8 June 2022.