Asisat Oshoala
Asisat Lamina Oshoala OON ( o tshotswe ka kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a le borobabongwe ka ngwaga wa 1994) ke moNigeria yo o nang le bokgoni jwa go nna footballer ya maemo a ko godimo a tshameka e le striker mo Saudi Women's Premier League setlhopa AI hilal le Nigeria national team.O tsewa e le mongwe wa basadi ba ba tlotlegang thata mo kgwethong ya bolo ya basadi mo dingwageng tsa gagwe.[1][2]Ke mongwe wa basadi ba Maaforika ba ba tlotlegang thata mo dipapading tsa kgwele ya dinao,ka e kile a fenya mo African Women’s Footballer of the Year ga makgolo a le thataro ka dipalo nako tsotlhe.[3][4]
Pele Oshoala o ne a tshamekela English clubs Arsenal le Liverpool,chinese club Dalian,le Nigerian clubs Rivers Angels le FC Robo.O ne ikgapela 2015 FA Women's Cup le Arsenal;ditlhopha tse pedi tsa bochampion le serwalo se le sengwe le Dalian;le 2019–20 Copa de la Reina le 2019–20 Supercopa de España Femenina a na le Barcelona.Ka ngwaga wa 2019,o ne a nna sepapadi sa ntha sa mo Aforika go iteka mo UEFA Women's Champions League tsa bofelo.Ka kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi a le lesome le borataro ngwaga e le 2021,Oshoala o ne a nna mosadi wa ntlha wa moAforika go ikgapela UEFA Champions League,fa Barcelona e sena go fenngwa ke chelsea 4-0 mo di finals.[5]Mo pakeng e e latelang,o ne a nna mosadi wa noAforika wa ntlha go ikgapela Primera Division's Pichichi Trophy,le ka kgwedi ya Phatwe 2022 a nna mosadi wa moAforika wa ntlha go tlhomamisiwa mo Ballon d'Or Féminin .Ka ngwaga wa 2024, o ne nna mosadi wa moAforika wa ntlha go ikgapela UEFA Champions League makgetho a le mararo.
Oshoala e ne e le monosi wa dinno tse di kwa godimo mo 2014 FIFA U-20 Women’s World Cup, mme a tlhomiwa e le motshameki yo o gaisang bontsi mo motshamekong wa kgwele ya dinao. O ne a tlhomiwa gape e le motshameki yo o gaisang botlhe le monosi wa dinno o o ko godimo wa bobedi mo sehlopheng sa Super Falcons, se se ileng sa fenya 2014 African Women’s Championship.
Ka kgwedi ya Lwetse 2014,Oshoala o ne a tlhomiwa e le mongwe wa Member of the Order of the Niger ke President of Nigeria Goodluck Jonathan.Ka 2021,o ne a tlhomiwa mo Forbes 30 Under 30.[6]O itsege thata ka leina ''Agba Baller'' ,le le rayang ''Legendary Footballer'' ka fa ba buang ka teng mo motseng wa gagwe.
Ka kgwedi ya Phukwi 2023, morago ga setlhopa sa gagwe se sena go bontsha bokgoni jo bogolo mo go kgoneng kgaisano le Australia mo 20230 FIFA Women's World Cup,Oshoala o bone kgolo mo palo ya batho ba ba mo latelang mo Instagram, e leng sone se se mo dirileng motho wa ntlha mo basading ba kgaisano ya kgwele ya dinao ba Aforika go nna le dilatedi tse dintsi thata mo maranyaneng.[7]
TIRO YA MOKGATLHO
[fetola | Fetola Motswedi]Liverpool
Ka kgwedi ya Firikgong e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bongwe ka 2015,Oshoala o ne a tsena mo setlhopeng sa Liverpool mo England's Women's Super League.Moeteledipele wa club,Matt Beard,o ne a mmitsa ''motshameki yo monnye yo o kwa godimo mo bokgoning jwa go tshameka kgwele ya dinao mo lefatsheng''.[8]Le fa go ne go na le dikgang tse di mo isang ko di club tse dingwe,o ne a itumela thata go nna mongwe wa ba ba tshamekelang Liverpool.[9]E ne ele motshameki wa ntlha go tswa mo nageng ya Aforika go gaisana mo women's league e kwa godimo mo England.
METSWEDI
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Sulola, Remi (6 July 2024). "INTERVIEW: Falcons good enough to overcome tough Olympic group, says Oshoala". TheCable. Retrieved 12 July 2024.
- ↑ Nlebem, Anthony (3 February 2024). "From Barcelona Femeni to Bay FC: The story of Asisat Oshoala". Businessday NG. Retrieved 12 July 2024.
- ↑ Abayomi, Anita (19 July 2021). "Asisat Oshoala: As long as Education is Important Sport is Also Important". theathletic.com. The Athletic. Retrieved 21 July 2021.
- ↑ Klosok, Aleks (5 October 2021). "Asisat Oshoala: How a grandmother's belief gave birth to an African soccer superstar". CNN. Archived from the original on 5 October 2021. Retrieved 6 November 2021.
- ↑ Oludare, Shina (16 May 2021). "Women's Champions League: Barcelona's Oshoala makes history in Chelsea decimation | Goal.com". www.goal.com. Retrieved 16 May 2021.
- ↑ Williams, Tommy. "Meet 30 Inspirational Women This Women's History Month". Forbes Magazine. Retrieved 8 April 2021.
- ↑ Ben, David (29 July 2023). "Asisat Oshoala: Super Falcons star sets new record as first African female footballer to reach 1M followers on Instagram". Pulse Sports NG. Retrieved 31 July 2023.
- ↑ "Asisat Oshoala: Liverpool Ladies sign Nigerian prospect". BBC Sport. Retrieved 23 January 2015.
- ↑ Kessel, Anna (21 March 2015). "Happiness lies with Liverpool for Nigerian superstar Asisat Oshoala". The Guardian. Retrieved 10 June 2015.
- ↑ "Liverpool Women 2 Birmingham City Women". BBC Sport. Retrieved 28 March 2021.