Asser Kuveri Kapere
Asser Kuveri Kapere | |
|---|---|
| Tsalo | Seetebosigo a le lesome le motso ngwaga wa 1951 |
| Letso | Namibian |
| Ke mo | Namibian |
| Bana | Mandela Kapere o o tlhokafetseng |
Asser Kuveri Kapere (o o tshotsweng ka Seetebosigo a le lesome le motso ngwaga wa 1951) e ne e le mopolotiki wa Namibia. Ke leloko la SWAPO ebile e le modulasetilo wa khansele ya lefatshe ya Namibia go tswa ka Morule ngwaga wa 2004 go tsena Morule 2015.[1][2]
Pereko
[fetola | Fetola Motswedi]Kapere o tsholetswe kwa toropong e potlana ya Omaruru kwa kgaolong ya Erongo kwa Namibia. O berekile e le morutabana kwa St. Theresa kwa Tses go tswa ka 1974 go tsena 1975 a nna leloko la SWAPO ka 1975. E ne e le modulasetilo wa phathi eo kwa Arandis go tswa ka 1980 go tsena 1982 le modulasetilo wa SWAPO wa kgaolo ya bophirima go tswa ka 1983 go tsena 1990. O ne gape a nna leloko la komiti ya kgaolo ya SWAPO kwa kgaolong ya Erongo ka 1983, o ne a nna tautona wa lekgotla la babereki ba meepo la Namibia ka 1987 go tsena 1991.[2]
O berekile mo maemong a le mmalwa a sepolotiki le diofisi kwa Namibia morago ga boipuso, a akaretsa go nna molaodi wa kgaolo ya bophirima (1990 go tsena 1992) le molaodi wa kgaolo ya Erongo (go tswa ka 1992 go tsna 1999);[3]o nnile mokhanselara wa kgaolo ya botlhophi ya Arandis fa e sale ka 1992.[1] O ne a nna mothusa tautona wa lekgotla la dikhansele ka 1997, a nna tautona wa lone ka 1999. O tlhophilwe lantlha mo khanseleng e le leloko go tswa kwa Erongo ka 1999, a bereka mo palamenteng e le tona wa tsa pereko, dipalamo le ditlhaeletsanyo go tswa ka 2002 go tsena 2004. O ne a nna modulasetilo wa khansele ka morule a le lesome le borataro ngwaga wa 2004.[2]
Asser Kapere o tlhophilwe pele mo komiting ya legare ya SWAPO ka 1997.[2] Ke leloko la lekgotla la kemo nokeng ya puso ya batho ka batho e e tlhamilweng ka Phukwi 2006.[4] Kwa bokopanong jwa ngwaga le ngwaga jwa SWAPO ka Ngwanatsele 2007, Kapere o ne a tlhophiwa gape jaka leloko la Politburo.[5]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "Kapere Asser Kuveri". www.parliament.na. Archived from the original on 2020-11-25. Retrieved 2025-10-09
- 1 2 3 4 CV at Namibian Parliament website[p
- ↑ "Hon. Asser Kuveri Kapere MP". Commonwealth Parliamentary Association. Archived from the original on May 19, 2006. Retrieved 2025-10-09.
- ↑ "Strengthening Democracy, Civil Society". USAID. Archived from the original on 1 January 2007. Retrieved 2025-10-09
- ↑ Christof Maletsky, "Swapo big names dropped" Archived July 8, 2008, at the Wayback Machine, The Namibian, December 3, 2007.