Aubrey Denzil Forsyth-Thompson
Aubrey Denzil Forsyth-Thompson, CMG, CVO, CBE (o tshotswe ka kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi ale mararo ka ngwaga wa 1897 – a bo a tlhokafala ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi ale lesome le boraro ka ngwaga wa 1982) e ne e le motsamaisi wa bokoloniale wa Borithane yo o tsholetsweng kwa Koloning ya Natal yo o neng a bereka ele Mokhomisenara wa baagi wa Borithane kwa Bechuanaland le Basutoland.
Botshelo le Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Ngwana wa ga Ernest Alfred Thompson, Aubrey Denzil Forsyth-Thompson o tsholetswe kwa Natal mme a golela mo polaseng kwa kgaolong ya Noka yaMooi Riveraria[1] O rutegile kwa sekolong se segololwane sa Weenan County kwa Nokeng ya Mooi, e batsadi ba gagwe ba e tlhomileng le kwa ba neng ba ruta teng.[1][2] Ka ngwaga wa 1917, o ne a ya kwa Enyelane go ya go tsenelela Sesole sa Borithane, mme a fiwa tiro ya go nna molefothenente wa bobedi mo Royal Field Artillery, a bona ntwa kwa Fora.[1][3]
Ka ngwaga wa 1919, o ne a tlogela Sesole mme a ya kwa New College, Oxford, go ya go ithutela dikirii e khutshwane ya Hisitori ya Segompieno, a aloga ka BA ka ngwaga wa 1920.[4]
Forsyth-Thompson o ne a tsenela Tirelo ya Bokoloniale ya Borithane ka ngwaga wa 1921, mme a romelwa kwa Uganda. Ka ngwaga wa 1937, o ne a fudusediwa kwa Tshireletsong Bechuanaland a ya go bereka ele Mothusa Mokhomisenara wa Baagi le Mokwaledi wa Puso, mme ka ngwaga wa 1942 o ne a tlhatlhosiwa maemo go nna Mokhomisenara wa Baagi wa Bechuanaland. Ka 1946, o ne a fudusediwa kwa Basutoland go nna Mokhomišenara wa Baagi. O ne a rola tiro ka ngwaga wa 1951.[4]O ne a tlhomiwa go nna CBE ka ngwaga wa 1941,[5] CMG ka ngwaga wa 1944, le CVO ka ngwaga wa 1947.
Lelwapa
[fetola | Fetola Motswedi]Forsyth-Thompson o ne a nyala mme Kathleen Esther Murray ka ngwaga wa 1942; ba ne ba na le bana ba le bararo, botlhe ba tsholetswe kwa Uganda.[1]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 gwaga wa n "Forsyth-Thompson, Aubrey Denzil / Papers". University of KwaZulu-Natal. Archived from the original on 10 September 2021
- ↑ "Obituary: E. A. Thompsonngwaga wa ". Ostch. 4 (1): 39–42. May 1933. doi:10.1080/00306525.1933.9632772
- ↑ "No. 30385". The London Gazette (1st supplement). 16 November 1917. p. 11913.
- 1 2 "Forsyth-Thompson, Aubrey Denzil". Who's Who & Who Was Who. A & C Black. (Subscription or UK public library membership required.)
- ↑ No. 35184". The London Gazette (1st supplement). 6 June 1941. p. 3293
- Ba ba tshotsweng ka 1897
- Ba ba tlhokafetseng ka 1982
- Batsala ba Aforikaborwa ba Mokgatlho wa Moitshepi Michael le Moitshepi George
- Bakhomišenara ba Tshireletso ya Bechuanaland
- Batho ba ba tswang Natal
- Batho ba Tshireletso ya Bechuanaland
- Bakomišenara ba baagi kwa Basutoland
- Batlhankedi ba Tirelo ya Tsamaiso ya Bokoloniale
- Baithuti ba nako e e fetileng ba Kholetshe Ncha, kwa Oxford