Augusta Jawara
Hannah Augusta Darling Jawara (o a neng a fana ka Mahoney pele; o tshotswe ka Motsheganong ngwaga wa 1924, a tlhokafala ka Firikgong a le masome mabedi le motso ngwaga wa 1981), ke mooki wa kwa the Gambia, molweladitshwanelo tsa basadi le mokwadi wa metshameko. E ne e le mosadi wa ntlha wa ga Sir Dawda Jawara, tonakgolo wa the Gambia, go tswa ka 1955 go tsena 1967.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Hannah Augusta Darling Jawara o tsholetswe mo lolwapeng lo lo tlotlegang lwa SeKeresete lwa morafe wa Aku Creole. Ke morwadia Sir John Mahoney, motsamaisa dipuisano tsa palamente wa ntlha wa khansele ya Gambia, le mosadi wa gagwe, Hannah. Monnawe Augusta ke Louise N'Jie.
O tsene sekolo kwa Mohammedian High School, kwa a kopaneng teng le monna wa gagwe Dawda Jawara,[1] pele ga a ithutela booki kwa Edinburgh, Scotland.[2]
Ka Tlhakole 1955, o ne a nyalwa ke Dawda Jawara.[3] Ngwana wa bone wa ntlha o tsholetswe kwa Edinburgh, kwa monna wa gagwe a neng a boetse teng go ithuta.[2] Ka 1960, o ne a emela ditlhopho tsa 1960, mo phathing ya monna wa gagwe, ya PPP, mme a retelelwa ke go fenya. O ne a nna ntlhopheng wa nltha wa mosadi go emela ditlhopho tsa Gambia.[4]
Ka 1962, o ne a tlhama lekgotla la basadi.[5] Motshameko wa gagwe, African king, o rulagantswe ke Negro Arts Festical kwa Dakar ka 1966.[6]
Ka 1967, ene le Dawda Jawara ba ne ba kgaogana, a boela mo tumelong ya islam. Ka 1968, o ne a gatisa buka ya Rebellion - e le buka ya ntlha go ditsong le ngwao ya gambia go dumalana le bana ba basetsana.[6]Buka e, e ne e le motshameko ka Nyasta, mosetsana o a neng a nna kwa legaeng a lwela go fetsa dithuto tsa gagwe eseng go nna mo lonatylong lo lo rulagantsweng. Ka nako e e gatisitseng ka yone, ene e le tautona wa lekgotla la basadi la Gambia[6], le a thusitseng go le tlhama kwa Greater Banjul.[7]
Loso
[fetola | Fetola Motswedi]Augusta Jawara o tlhokafetse kwa London ka Firikgong a le masome mabedi le motso ngwagawa 1981 a le dingwaga di le masome matlhano le borataro.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Saikou Jammeh, "A Hand of Destiny" Archived 2012-04-19 at the Wayback Machine, The Daily News, 21 January 2011. Accessed 24 October 2025
- 1 2 "Scots in Gambia", The Glasgow Herald, 11 February 1965, p. 8. Accessed 24 October 2025
- ↑ Arnold Hughes; David Perfect (2008). Historical Dictionary of The Gambia. Scarecrow Press. p. 113. ISBN 978-0-8108-5825-1. Retrieved 24 October 2025
- ↑ Hughes; Perfect (2008). Historical Dictionary of The Gambia. Scarecrow Press. p. 244. ISBN 9780810862609. Retrieved 24 october 2025.
- ↑ "Jawara, Augusta D. (1924 - 1981)". Archived from the original on 16 March 2012. Retrieved 24 October 2025.
- 1 2 3 Abdoulaye Saine (2012). Culture and Customs of Gambia. ABC-CLIO. p. 75. ISBN 978-0-313-35910-1. Retrieved 24 October 2025
- ↑ Isatou Njie-Saidy, Keynote Address Archived 3 March 2016 at the Wayback Machine, 8 March 2001.