Jump to content

Ayakha Melithafa

Go tswa ko Wikipedia
Ayakha Melithafa
Melithafa ka 2020
Tsalo2001 kgotsa 2002

Ayakha Melithafa (o o tshotsweng ka 2001 kgotsa 2002)[1] ke molweladitshwanelo tsa tikologo wa kwa Aforika Borwa.[2][3][4][5]

Botshelo jwa a le mmotlana le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Melithafa o tswa kwa Eerste River, kwa Kapa Bophirima.[6] Ke moithuti wa kwa Centre of Science and Technology kwa Khayelitsha.[7]

Go lwela ditshwanelo tsa seemo sa loapi

[fetola | Fetola Motswedi]

Melithafa e ne e le mongwe wa bana ba ba lesome le borataro ba akaretsa Greta Thunberg,Alexandria Villasenor,Carl Smith le Catarina Lorenzo ba ba neng ba isa ngongora kwa komiting ya United Nations ya ditshwanelo tsa bana, go bo na reteletswe ke go baakanya seemo se se sa iketlang sa loapi.[8][9][10][11]

Melithafa o nnile le seabe gape mo project 90 by 2030 ya YouLead, e le lekgotla la Aforika Borwa le le itlamileng go fokotsa phefo e e sa siamang ka masome a robabongwe mo lekgolong ka ngwaga wa 2030.[12] O ne a thapilwe ke Ruby Sampson ka Mopitlo 2019 go nna bontlha jwa African Climate Alliance Youth Spokesteam, kwa a neng a fiwa tshono ya go dira dipuisano, go tsenelela dikopano le meletlo e mengwe ya seemo sa loapi. O bereka gape e le o o thapang babereki ba African Climate Alliance.[2]

Melithafa o buelela go akarediwa ga mantswe a a farologaneng mo go lweleng ditshwanelo tsa seemo sa loapi.

"Go botlhokwa gore batho ba ba humanegileng le batho ba mmala ba ye megwantong e ka gore ba babalelwa ke phetogo ya seemo sa loapi go gaisa. Go botlhokwa gore ba nne le lefoko, le gore lentswe la bone le dikopo tsa bone di reediwe -- Ayakha Melithafa.[7]

  1. Evans, Julia (13 November 2021). "COP26: Young South African climate activist gives the Global South a voice in Glasgow". Daily Maverick.
  2. 1 2 "#ChildrenVsClimateCrisis". childrenvsclimatecrisis.org. Retrieved 20 November 2025
  3. Sengupta, Somini (20 September 2019). "Meet 8 Youth Protest Leaders". The New York Times. ISSN 0362-4331.
  4. Feni, Masixole; Shoba, Sandisiwe; Postman, Zoë; Mbovane, Thamsanqa (20 September 2019). "South Africans come out in support of #ClimateStrike". GroundUp News.
  5. Singh, Maanvi; Oliver, Mark; Siddique, Haroon; Zhou, Naaman (21 September 2019). "Global climate strike: Greta Thunberg and school students lead climate crisis protest – as it happened". The Guardian. ISSN 0261-3077.
  6. Ishmail, Sukaina (7 January 2020). "From Eerste River to Davos for 17-year-old SA climate activist". IOL.
  7. 1 2 Knight, Tessa (25 September 2019). "OUR BURNING PLANET: Cape Town teen climate activist Ayakha Melithafa takes drought to the UN". Daily Maverick. Retrieved 20 November 2025
  8. "16 Young People File UN Human Rights Complaint on Climate Change". Earthjustice. 23 September 2019. Retrieved 20 November 2025
  9. "'We Want to Show Them We Are Serious': 16 Youth Activists File Suit Against Major Nations for Failing to Act on Climate Crisis". Common Dreams. Retrieved 20 November 2025
  10. Goldhill, Olivia (23 September 2019). "While global leaders messed around, Greta Thunberg and 15 kids got down to business". Quartz. Retrieved 20 November 2025
  11. Hausfeld (23 September 2019). "16 Young People File UN Human Rights Complaint on Climate Change". GlobeNewswire News Room (Press release). Retrieved 20 November 2025
  12. "About - Project 90 By 2030". Retrieved 20 November 2025