Jump to content

Ayanda Dlodlo

Go tswa ko Wikipedia
Ayanda Dlodlo
Tona wa ditirelo tsa setshaba le tsamaiso
In office
Phatwe a le malatsi a matlhano ngwaga wa 2021  Moranang a le malatsi a mane ngwaga wa 2022
Pele Ga GagweSenzo Mchunu (a tshwareletse)
Morago Ga GagweThulas Nxesi
Tona wa tshireletso ya setshaba
In office
Motsheganong a le masome mararo ngwaga wa 2019  Phatwe a le malatsi a matlhano ngwaga wa 2021
Pele Ga GagweDipuo Letsatsi-Duba
Tona wa tsa selegae
In office
Phalane a le lesome le bosupa ngwaga wa 2017  Tlhakole a le masome mabedi le borobabobedi ngwbaga wa 2018
Pele Ga GagweHlengiwe Mkhize
Morago Ga GagweMalusi Gigaba
Tona wa ditlhaeletsanyo
In office
Mopitlo a le masome mararo le motso ngwaga wa 2017  Phalane a le lesome le bosupa ngwaga wa 2017
Pele Ga GagweFaith Muthambi
Morago Ga GagweMmamoloko Kubayi-Ngubane
Ka Ga Ena
O tsetsweMotsheganong a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 1963
Aforika Borwa
MokgatlhoAfrican National Congress

Ayanda Dlodlo (o o tshotsweng ka Motsheganong a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 1963) ke mopolotiki le tona wa pele wa Aforika Borwa. Ke leloko la pele la Umkhonto we Siswe, o nnile mopalamente wa African National Congress (ANC) ka 2009. Morago, o ne a thapiwa go nna tona wa ditlhaeletsanyo (ka 2017), tona wa tsa magae (2017 go tsena 2018), tona wa ditirelo tsa setshaba le tsamaiso ya tsone (2018 go tsena 2019, 2021 go tsena 2022), le tona wa tshireletso setshaba (2019 go tsena 2021).

Dlodo o itsege ka go a ne a eteletse pele lephata la tshireletso setshaba ka nako ya diphuduego tsa 2021 kwa Aforika Borwa, o sale a nna leloko la komiti ya ANC ka 2007. Ka Moranang 2022, o ne a ithola marapo mo pusong go okamela World Bank.

Botshelo jwa a le mmotlana

[fetola | Fetola Motswedi]

Dlodlo o tsholetswe kwa ntlong ya ga nkukuagwe kwa Soweto, Gauteng kwa Aforika Borwa, o na le motsalwa le ene a le mongwe.[1] Mmaagwe e ne e le moithuti wa booki, fa raagwe ene a ne a ithutela Bachelor of Science;[1] morago o ne a aloga ka degree ya thuto a nna mogokgo wa sekolo.[2] Fa Dlodlo a sale mmotlana, lolwapa lwa gagwe lo ne lwa fudugela kwa lefatsheng le le mabapi la Swaziland (kwa e leng Eswatini gompieno)[3], e le go tshaba go leka go tila tsamaiso ya puso ya tlhaolele kwa Aforika Borwa le bogolo jang thuto ya batho bantsho.[2] O tsene sekolo se se ikemetseng kwa Swaziland go fitlhelela fa a le lekgarejwana, batsadi ba gagwe ba tlhalana, ene le mmaagwe ba boela Johannesburg. Moragonyana ka 1980, Dlodlo - o ka nako eo a neng a le dingwaga di le lesome le bosupa o ne a tsaya tshwetso ya go tswa mo Aforika borwa gape go nna leloko la Umkhonto we Sizwe (MK), lekgotla le le dirisang dibetsa la African National Congress (ANC) le le neng le le kgatlhanong le puso ya tlhaolele.[1][2]

O katiseditswe sesole ke MK kwa Angola, morago a katisediwa matlhale a sesole kwa Soviet Union.[2] Tiro ya gagwe le MK e ne e akaretsa go etelela pele lekalana le le neng le itebagantse le go loga maano a go tila dintwa ga sesole sa MK go kgabaganya molelwane wa Swaziland go tsena mo Natal.[4] Ka ngwaga wa 1990, o ne a tlhophiwa moeteledipele wa lekalana la banana la ANC kwa England le Northern Ireland; o ne a le kwa moseja go tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa London Institute of Shipping.[5] O ne a aloga ka setlankana sa go okamela dipalamo le go romela dithoto kwa mafatsheng ka 1990, le diploma ya go okamela dikgwebo ka 2017, le di masters tsa tsamaiso ya dikgwebo ka 2020.[6]

Dlodlo o ne a tswelela a le mo botshabing le ANC go fitlhelela ka 1994, fa puso ya tlhaolele e emisiwa semmuso. Fa boa, o ne a ithuta gore monnawe, ka nako ya fa a seo, o ne a bolawa ke makgotla a tshireletso a puso ya tlhaolele, le gore mmaagwe o garotswe pelo ke go tshwarwa le go bogisiwa.[2]

Tiro ya gagwe mo kgwebong

[fetola | Fetola Motswedi]

Tiro ya ga Dlodlo ya ntlha morago ga puso ya tlhaolele e ne e le kwa Portnet.[2] Mo ditirong tse di latelang mo mohameng o o ikemetseng, o ne a bereka kwa komponeng e e okametseng melelwane, le ya diporo, ga mmogo le dithomo tsa dikompone tsa melelwane kwa New York le New Jersey le melelwane e e amegang ya Britain. Ka 2014, o ne a re o nnile mookamedi mo dikomponeng di le masome a mararo le borataro mo nako ya gagwe ya pereko - a akaretsa kwa Rosschef Africa, Wired Cloud, le Women in Energy - le ntswa a ne are o ithotse marapo mo bontsing jwa maemo ao fa a tsena mo pusong.[7]

Dlodlo e ne e le mookamedi wa kompone e e neng e bidiwa VIP Consulting Engineers, ka nako e kompone e neng e na le ditumalano le puso kwa Ekurhuleni, Gauteng. Ka kompone e ne ya seka ya diragatsa tumalano ya yone, lekgotla le le tlhokometseng madi a setshaba le ne la tsenya kompone le baokamedi ba yone, ba akaretsa Dlodlo, mo lenaaneng la ba ba kolotang ebile ba ilediwa go dira dikgwebo le puso dingwaga di le tlhano go tswa ka Phukwi 2012 go tsena 2017.[8] Ka nako ya fa kiletso e e simologa ka 2012, Dlodlo o ne a bereka mo pusong a ithotse marapo mo komponeng eo.[8]

Tiro ya gagwe mo pusong

[fetola | Fetola Motswedi]

Dlodlo e ne e le mookamedi wa ditirelo tsa ditogamaano kwa Directorate of Special Operations, e e neng e itsege ka leina la Scorpions, e le lekgotla le le faphegileng mo lekalaneng la bookamedi jwa ditsheko, mme a ithola marapo ka 2004.[9] Morago ga go ithola marapo ga gagwe, o ne a tlhotlhomisiwa a bo a atlholelwa melato ya tsietso le bogodu tse di neng di amana le tiro ya gagwe kwa Scorpions ka 2003 le 2004; go ne go bolelwa fa a utsule madi go tswa mo letloleng la sephiri la NPA le gobo a okeditse tuelo ya mosedimosi ka dikete di le masome a mararo.[10][11] O ne a tshwarwa ka Phalane 2006, mme tsheko ya gagwe e ne ya tshololwa ka Motsheganong 2007; o ne a re o ne a solofetse seo, ka melato ya gagwe e ne e tshegisa.[12]

Dlodlo o ithotse marapo kwa Scorpions ka 2004 go berekela kwa pusong ya kgaolo ya Gauteng,[9] a nna moeteledipele wa lephata la tshireletsego kwa kgaolong.[8]

Botautona jwa ga Zuma (2007 go tsena 2018)

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka dingwaga tsa 2007 go tsena 2012, e ne e le mokwaledi-mogolo wa lekgotla la mabutswapele a sesole sa MK,a eme nokeng katlego ya letsholo la ga Jacob Zuma la go nna tautona wa ANC kwa bokopanong jwa Polokwane.[13] Kwa bokopanong, jo bo diragetseng ka Morule 2007, Dlodlo o ne a tlhophiwa mo komiting ya ANC.[5] Kanako eo gape, pele ga ditlhopho tsa 2009, tse Zuma a ne a tlhophiwa go nna tautona wa lefatshe, Dlodlo o ne a nna mopalamente wa ANC; ngwaga o o latelang, o ne a thapiwa e le mogakolodi wa palamente wa ga tautona Zuma.[8] Ka Motsheganong 2010, Dlodlo e ne e le mongwe wa maloko a mararo a komiti ya bogakolodi ya ANC a a neng a bona Julius Malema molato wa go tlola dintlha dingwe tsa molaomotheo wa ANC.[14] Ka 2010 gape, mokwalo go tswa kwa go Gayton McKenzie go ya Gold Fields o ne wa supa fa Dlodlo e le mongwe wa barotloetsi mo ofising ya ga Zuma ba ba ntseng nako e telele ba thusa Gold Fields go gwetlha Zuma mabapi le ditumalano tsa meepo; dikinolo dingwe go tswa mo mokwalong di ne tsa gatisiwa ke pampiti ya dikgang ya Mail & Guardian ka 2013.[15]

Ka Ngwanatsele 2010, Zuma o ne a thapa Dlodlo go nna mothusa tona wa ditirelo tsa setshaba le tsamaiso ya tsone,[16] maemo a a nnileng mo go one le morago ga go tlhophiwa gape ga ga Zuma ka 2014[17], a tswelela mo go one go fitlhelela ka Mopitlo 2017. Mo maemong ao o ne a emetse Aforika Borwa kwa Open Government Partnership,[18] a tswelela a dira jalo go tswa ka 2011 go tsena 2019. Mo tswakanyong ya maphakela a Mopitlo a le masome mararo le motso ngwaga wa 2017, Zuma o ne a thapa Dlodlo mo khuduthamageng ya gagwe ya bobedi, a mo dira tona wa ditlhaeletsanyo;[19] mo tswakanyong e nngwe ka Phalane a le lesome le bosupa ngwaga wa 2017, Dlodlo o ne a diriwa tona wa tsa magae, maemo a a nnileng mo go one mo setlheng sotlhe sa ga Zuma a le mo pusong.[20] Ka nako ya puso ya ga Zuma, Dlodlo o tlhophilwe gabedi mo komiting ya ANC - ka 2012 le ka 2017 - o ne a le modulasetilo wa komiti-potlana ya yone ya molao le puso ka 2015 go tsena 2017.[5]

Ka nako eo, o ne a amega mo mathateng a le mabedi a e seng a a kalo. Pele ka 2015, fa a le mothusa tona, Dlodlo o ne a ya boikhutsong bo go ngangilweng ka bone kwa hoteleng ya Oberoi kwa Dubai; morago go ne ga diragala, mo dipegong tsa metswedi ya dikgang tse di neng di remeletse mo go tse di tlhagileng tsa Gupta, gore loeto lo ne lo rulagantswe ke Sahara Computers, kompone ya lolwapa loora Gupta, ebile lo thusiwa ka madi ke Fana Hlongwane.[21][18] Mosupi Vytjie Mentor, o ne a akanyetsa mo mokwalong wa mo maranyaneng a Facebook, gore Dlodlo o amogetse loeto lwa mahala go ya Paris.[22] Morago ga dipego tse, ka 2017, Dlodlo o ne a dumalana gore o molato go bo a sa bua gore loeto lwa Dubai e ne e le mpho.[22] Pele ya ngongora ya mopalamente wa kganetso Phumzile van Damme, komiti ya palamente e ne ya lemoga fa Dlodlo a tlodile molao wa palamente ebile a tshwanetse go kgalemelwa. [21]Labobedi, gape ka 2017, Democratic Alliance, phathi e tona ya kganetso, e ne ya kgala Dlodlo go bo a dirisitse sedikadike sa madi a setshaba go reka dikoloi ta matona tse pedi, tsotlhe e le tsa modiro wa Audi.[23]

Botautona jwa ga Ramaphosa (2018 go tsena 2022)

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa Zuma a ithola marapo ka Tlhakole 2018, Dlodlo o ne a thapiwa e le tona wa ditirelo tsa sethsaba le tsamaiso ya tsone mo khuduthamageng ya ntlha ya motlhatlhamiwa gagwe, Cyril Ramaphosa, kwa a neng a filwe maikarabelo go aga sesha ditirelo tsa setshaba.[24][18] Le fa go ntse jalo, morago ga go tlhomamisiwa semmuso ga ga Ramaphosa mo setlheng sa gagwe sa ntlha sa botautona ka Motsheganong 2019, o ne a nna tona wa tshiereletso setshaba mo khuduthamageng ya gagwe ya bobedi.[25] O nnile mo maemong a ka nako ya diphuduego tsa 2021 kwa Aforika Borwa, mo go neng ga baka manganga a a tseneletseng a sepolotiki le setshaba ka go retelelwa ga makgotla a tshireletso. Dlodlo morago o ne a re go tshabetswe mo go ene.[26] Dibeke morago ga diphuduego, ka Phatwe a le malatsi a matlhano ngwaga wa 2021, Ramaphosa o ne a phatlalatsa lephata la tsiereletso ya setshaba, a mmusetsa kwa lephateng la ditirelo tsa setshaba le tsamaiso.[27] Le fa go ntse jalo, ka Moranang a simologa ngwaga wa 2022, Dlodlo o ne a ithola marapo mo khuduthamageng le palamente go nnamookamedi wa lekgotla la World Bank, ka maikarabelo a a faphegileng kwa Angola, Nigeria le Aforika Borwa.[6][28] O ne a re o ithotse marapo ka Phalane 2021, le ntswa Ramaphosa a itsisitse ka gone dikgwedi morago.[29][28]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Dlodlo o nyetswe, o na le ngwana wa mosimane a le nosi, Thabang Mnisi.[30]

  1. 1 2 3 "Minister Ayanda Dlodlo: The Ministry for the Public Service and Administration's new champion for change". BBQ. 2 August 2018. Archived from the original on 16 June 2019. Retrieved 11 December 2025
  2. 1 2 3 4 5 6 "Home and Away – Ayanda Dlodlo". News24. 4 February 2012. Archived from the original on 16 June 2019. Retrieved 11 December 2025
  3. "Swaziland king renames country 'the Kingdom of eSwatini'". 19 April 2018. Retrieved 11 December 2025.
  4. "Women of MK will not be forgotten". Sunday Tribune. 26 August 2018. Retrieved 11 December 2025
  5. 1 2 3 "Ayanda Dlodlo". Government of South Africa. Retrieved 11 December 2025
  6. 1 2 "Ayanda Dlodlo Executive Director EDS25". World Bank. Retrieved 11 December 2025
  7. "19 Cabinet members still have private business interests". News24. 27 July 2014. Archived from the original on 16 June 2019. Retrieved 11 December 2025
  8. 1 2 3 4 "Dlodlo blacklisted". News24. 9 December 2012. Retrieved 11 December 2025
  9. 1 2 "Former Scorpions bosses appear in court". Independent Online. 13 October 2006. Retrieved 11 December 2025
  10. Maughan, Karyn (28 November 2006). "Case against former top Scorpion 'sensitive'". Independent Online. Retrieved 11 December 2025
  11. "Scorpions stung in ongoing fraud probe". Independent Online. 14 October 2006. Retrieved 11 December 2025
  12. "Court clears former Scorpions head". The Mail & Guardian. 4 May 2007. Retrieved 11 December 2025.
  13. "Delegates urged: Don't sell votes". News24. 14 December 2007. Retrieved 11 December 2025
  14. "Full statement of the ANC hearing on Malema". News24. 12 May 2010. Retrieved 11 December 2025
  15. "Gold Fields 'graft' shaft went deeper". The Mail & Guardian. 20 September 2013. Retrieved 11 December 2025
  16. "Zuma mends fences with axed Nyanda". News24. 26 November 2010. Retrieved 11 December 2025
  17. "Jacob Zuma's Cabinet: Who's in". News24. 25 May 2014. Retrieved 11 December 2025
  18. 1 2 3 Merten, Marianne (10 October 2018). "Ayanda Dlodlo: In the trenches of public service and administration – and reconfiguration of government". Daily Maverick. Retrieved 11 December 2025
  19. "Pravin Gordhan, Derek Hanekom among the axed". News24. 31 March 2017. Retrieved 11 December 2025
  20. Cowan, Kyle (17 October 2017). "Zuma announces cabinet reshuffle". Sunday Times. Retrieved 11 December 2025
  21. 1 2 "Dlodlo found in breach of MPs' ethics code after Dubai hotel stay". The Mail & Guardian. 12 March 2019. Retrieved 11 December 2025
  22. 1 2 "I did not declare Dubai trip, admits Ayanda Dlodlo". Fin24. 8 June 2017. Retrieved 11 December 2025
  23. "R1.5m of public money spent on cars for deputy minister Ayanda Dlodlo". Business Day. 9 March 2017. Retrieved 11 December 2025
  24. "Undeterred, Dlodlo forges ahead". The Mail & Guardian. 17 August 2018. Retrieved 11 December 2025
  25. Karrim, Azarrah (3 June 2019). "Ayanda Dlodlo – a new ministry and forgotten controversies". News24. Retrieved 11 December 2025
  26. Omarjee, Hajra (7 April 2022). "I am being unfairly blamed for the July 2021 riots, says Ayanda Dlodlo". Business Day. Retrieved 11 December 2025
  27. "Ramaphosa's cabinet reshuffle – who's in, who's out?". News24. 5 August 2021. Retrieved 11 December 2025
  28. 1 2 Felix, Jason (4 April 2022). "Ramaphosa appoints Nxesi as acting Public Service Minister as Dlodlo heads to World Bank". News24. Retrieved 11 December 2025
  29. Qukula, Qama (8 April 2022). "Dlodlo 'deeply hurt' as she was 'scapegoated' for July unrest - report". EWN. Retrieved 11 December 2025
  30. "Bafana's Pienaar denies assault charge". News24. 5 July 2012. Archived from the original on 16 June 2019. Retrieved 11 December 2025