Jump to content

Bakgatla -ba-ga- Kgafela

Go tswa ko Wikipedia
Banna ba kgabile Setswana

Morafe wa Bakgatla - ba - ga-Kgafela o nna kwa Kgaolong ya Bokone Bophirima kwa Aforika Borwa ka fa tlase ga taolo ya khansele ya selegae wa Moses Kotane mo tikilogong ya Sun City. Motsemogolo wa morafe e leng motse wa Moruleng, o dikilometara di le tharo fela go tswa kwa Kgorong ya Bakgatla kwa ntlheng ya Pilanesburg National Park.[1]

Ditso tsa Bakgatla

[fetola | Fetola Motswedi]
Pilannesburg

Bakgatla-ba-Kgafela ba ntse ba nna le go dira teng go tloga ka dingwaga tsa bo 1800,fa Kgosi Pilane a ne a tlhoma batho ba gagwe kwa Mmasodubule mo Nokeng ya Elands, mo lefolong le le itsegeng gompieno jaaka Pilanesburg. E na le metsana e le masome mararo le bobedi (32) e e anameng mo lefelong la selekanyo sa dieketara di le dikete dile lekgolo le masome a marataro (160 000) ,mo kgaolong ya Bojanala le khansele ya Selegae wa Moses Kotane . Gape e na le melelwane le kgaolo ya Limpopo , gotswa kwa ntlheng ya Thabazimbi , le Botswana kwa ntlheng ya Bokone Bophirima.[2]

  1. ↑ "Archive copy". Archived from the original on 2024-08-29. Retrieved 2024-08-29.{{cite web}}: CS1 maint: archived copy as title (link)
  2. ↑ "Archive copy". Archived from the original on 2024-08-29. Retrieved 2024-08-29.{{cite web}}: CS1 maint: archived copy as title (link)