Jump to content

Bakwadi ba Bašwa

Go tswa ko Wikipedia

Bakwadi ba Bašwa le Bakwaledi

[fetola | Fetola Motswedi]

Bakwadi ba bašwa ba fetola dibuka le go di anela ka ditsela tse di bontshang bopelokgale le go akanya thata go akaredikwa le dipoko. E re ka ba na le pono e ntšha, ba na le maitemogelo a botshelo, e bile ba kgona go dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki ka thelelo, bašwa ba gompieno ga se bakwadi ba isagwe fela ba a gatisa, ba a tshameka e bile ba a rotloetsa.[1] Dipolelo tsa bone di dira gore go nne le dikgang tse di masisi tse di jaaka go tlhaola batho, tshiamiso mo setšhabeng, go fetoga botsogo jwa tlhaloganyo le go tlosa bodutu, gantsi ba dirisa mekgwa e e kopanyang poko, tlhamane, dibuka tsa botshelo jwa gagwe le go nna le seabe mo go tsa loago.[2]

Ditsela tsa go Kwala

[fetola | Fetola Motswedi]

Diforamo tse di jaaka Wattpad, diblog, ditiragalo tsa mafoko a a buiwang le go gatisa ka bowena go dirile gore basha ba kgone go feta dikgoreletsi tsa setso le go fitlhelela bareetsi ka tlhamalalo. Bakwadi ba ba bašwa ba ke dikai tsa gore Aforika Borwa e dirisa le go kwala jaaka mokgwa wa go ganetsa le go itlhalosa. Go ka kwallwa dibuka tsa bana kana bagolo kgotsa ka sengwe le sengwe seo setlang mo kakanyong ya mokwadi.[3]

Tsedi Kwalwang

[fetola | Fetola Motswedi]

Kwantle ga bokgoni jwa bone, gantsi bakwadi ba bašwa ba na le bokgoni jo bo dirang gore ba kgatlhe balekane ba bone go ya ka dingwaga tsa bone. Ga ba kwale go ya ka kgopolo fela, mme ba kwala go ya ka boammaaruri jwa bone ka namana.[4] Ka go dira jalo, ba gwetlha dikakanyo tse di tlwaelegileng, ba bontsha dilo tse di farologaneng tse di diragalang, e bile ba tlhotlheletsa ba bangwe gore ba bone tsela e ba ikutlwang ka yone.[5] Mo kokomaneng nngwe le nngwe, dibuka di ne di ikaegile ka bopelokgale jwa bakwadi ba basha ba ba neng ba akanya ka lefatshe le lesha. Gompieno, ka didirisiwa le mafelo a a oketsegileng go feta pele, basha ga ba emele go bonwa ba kwala hisitori jaaka ba ka kwala ka bo Karabo Poppy Moletsane, Chaeli Mycroft,Mbuyisa Makhubo and Zulaikha Patel ba dira seno go tlhagisa hisetori ya Aforika Borwa.[6]

  1. https://iol.co.za/entertainment/books/2025-01-20-meet-the-trailblazing-young-writers-of-south-africa-on-instagram/
  2. https://witness.co.za/news/2021/08/09/ubuntu-sets-young-writers-on-their-way-20210808/
  3. https://risingsunnewspapers.co.za/306748/young-literary-stars-short-story-shines-in-south-african-anthology/
  4. https://www.goodthingsguy.com/people/meet-south-africas-youngest-published-author-6-year-old-atarah-govender/
  5. https://www.news24.com/life/south-africas-youngest-authors-20170830
  6. https://uneca.org/stories/young-writers-featured-in-collection-of-short-stories-on-sdgs