Baleka Mbete
| Baleka Mbete | |
|---|---|
Mbete ka 2016 | |
| Mothusa tautona wa botlhano wa lefatshe la Aforika Borwa | |
| In office Lwetse a le masome mabedi le botlhano ngwaga wa 2008 – Motsheganong a le malatsi a robabongwe ngwaga wa 2009 | |
| President | Kgalema Motlanthe |
| Pele Ga Gagwe | Phumzile Mlambo-Ngcuka |
| Morago Ga Gagwe | Kgalema Motlanthe |
| Motsamaisa dipuisano tsa palamente wa bobedi le wa botlhano | |
| In office Motsheganong a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2014 – Motsheganong a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2019 | |
| President | Jacob Zuma |
| Pele Ga Gagwe | Max Sisulu |
| Morago Ga Gagwe | Thandi Modise |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Lwetse a le masome mabedi le bone ngwaga wa 1949 Clermont Durban Natale Union of South Africa |
| Mokgatlho | African National Congress |
| Mo/Bakapelo | Nape Khomo (ba nyalane ka 2016) Keorapetse Kgositsile (ba nyalane ka 1978; ba tlhalana ka 1992) |
| Thuto | Inanda Seminary School Lovedale Teachers College |
Baleka Mbete (o o tshotsweng ka Lwetse a le masome mabedi le bone ngwaga wa 1949) ke mopolotiki wa kwa Aforika Borwa o e neng e le mothusa tautona wa Aforika Borwa go tswa ka Lwetse 2008 go tsena Motsheganong 2009. O kile gape a nna motsamaisa dipuisano tsa palamente ya Aforika Borwa ditlha di le pedi di tlhomagane go tswa ka 2004 go tsena 2008 le go tswa ka 2014 go tsena 2019. O berekile gape e le mothusa motsamaisa dipuisano tsa palamente ka 1996 le 2004.[1] Ke leloko la African National Congress (ANC), o tlhophilwe e le lantlha ka 1994 a ithola marapo ka 2019.
A tsholetswe kwa KwaZulu-Natal, Mbete ke morutabana ka thuto le molweladitshwanelo wa pele kgatlhanong le puso ya tlhaolele, ka letsholo la Black Consciousness Movement. Ka dingwaga tsa 1976 go tsena 1990, o ne a na le ANC fa e tshabile kwa ntle ga Aforika Borwa; ka nako eo e ne e le molweladitshwanelo wa ngwao ka poko, gape e le moeteledipele wa Medu Art Ensemble. Fa a boela Aforika Borwa, o ne a emela ANC kwa dipuisanong tsa go fedisa puso ya tlhaolele, o nnile le seabe se segolo mo go ntshafadiweng ga lekgotla la bomme ba ANC, a bereka e le mokwaledi-mogolo go tswa ka 1991 go tsena 1993.
Mbete o ne a tlhophilwe mo palamenteng ya ntlha morago ga puso ya tlhaolele ka ditlhopho tsa 1994, a nna mo mannong ao go fitlhelela ka 2019, fa go sa balelelwe go ikhutsa ga 2009 go tsena 2014. Go tlhatloga ga gagwe mo go simologile ka 1996, fa a ne a tlhophilwe mothusa motsamaisa dipuisano tsa palamente, a tswelela ka palamente ya puso ya batho ka batho ya boraro, fa a ne a tlhatlhama Frene Ginwala e le motsamaisa dipuisano wa bobedi. Ka ngwaga wa bofelo wa palamente ya boraro, o ne a tlhatloga maemo go nna mothusa tautona ka tswakanyo e e neng e bakilwe ke go ithola marapo ga ga tautona Thabo Mbeki ka Lwetse 2008; o nnike mo maemong ao ka nakwana ya motlhatlhami wa ga Thabo Mbeki, tautona Kgalema Motlanthe.
Le ntswa a ne a gana go boela palamenteng morago ga ditlhopho tsa 2009,Mbete o ne a boa ka Motsheganong 2014, a boela ofising ya gagwe ya pele e le motsamaisa dipuisano tsa palamente. O ne a tswa mo maemong ao gape morago ga ditlhopho tsa 2019, le ntswa a ne a tswelela a le matlhagatlhaga mo lekgotleng la ANC la bomme.
E le leloko la ANC fa e sale ka 1976, Mbete o berekile e le modulasetilo wa phathi go tswa ka Morule 2007 go tsena Morule 2017 ka nako ya botautona jwa ga Jacob Zuma. E ne e le leloko la komiti ya ANC go tswa ka 1994 go tsena 2022.
Botshelo jwa a le mmotlana le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Mbete o tshotswe ka Lwetse a le masome mabedi le bone ngwaga wa 1949 mo lolwapeng loora Hlubi [2]kwa Clermont, motsana o o kwa Durban kwa e neng e le kgaolo ya Natal pele.[3] O godile a nna le nkukuagwe kwa Transvaal bokone, kwa a tseneng sekolo se se potlana teng.[3] Ka ngwaga wa 1958,[4]lolwapa lwa gagwe lo ne lwa fudugela kwa kgaolong ya Kapa gore rraagwe a kgone go bereka e le motlhokomedi wa motlobo wa dibuka kwa Fort Hare University. Morago o ne a latlhegelwa ke tiro ka gore o ne a amana le phathi ya South African Communist.[3] Mmaagwe e ne e le mooki, e ne e le ngwana wa bobedi ebile e le ene wa mosetsana wa ntlha mo lolwapeng lwa bone.[5]
Morago ga go aloga ka matric go tswa kwa Inanda Seminary ka 1968,[6] Mbete o ne a ikwadisa kwa Eshowe Training College kwa Eshowe - morago ga a sena go kobiwa kwa Eshowe kwa sekolong sa ithutelo borutabana kwa Lovedale kwa Alice.[3] O ne a lekana go ruta bana ka 1973 a boela Durban go ruta kwa sekolong se segolwane kwa KwaMashu.[4][6]
Go lwela ditshwanelo kgatlhanong le puso ya tlhaolele
[fetola | Fetola Motswedi]Fa a ruta kwa Natal, Mbete o ne a ikamanya le letsholo la Black Consciousness Movement, le ka nako eo le neng le le mo taolong mo kgaratlhong ya puso ya tlhaolele. Ka dingwaga tsa 1976 di simologa, Mbete le kgaitsadie ba ne ba tshwarelwa go lwela ditshwanelo tsa sepolotiki.[3] Fa a gololwa, o ne a tshaba, a tlogela Aforika Borwa go ya Swaziland ka Moranang a le lesome ngwaga wa 1976.[3][4]
Go tshaba: 1976 go tsena 1990
[fetola | Fetola Motswedi]Fa a tshabile, Mbele o ne a nna leloko la African National Congress (ANC), e e neng e le kgatlhanong le puso ya tlhaolele. O rutile gape kwa sekolong se segolwane kwa Mbabane,Swaziland go fitlhelela ka 1977, fa a fudugela kwa Dar es Salaam, Tanzania.[6] Kwa Dar es Salaam, o ne a dira tiro ya gagwe ya ANC ka botswapelo, a nna leloko la lephata la phathi la phatlhalatso mafoko - o ne a bereka mo Radio Freedom le lekalana la yone la bomme, lephata le le neng la fetolwa go nna lekgotla la ANC la bomme. Mbete e ne e le mokwaledi wa kgaolo wa lekgotla la bomme kwa Tanzania go tswa ka 1978 go tsena 1981.[6]
Go tswa ka 1981 go tsena 1983, e ne e le o o dirang botsalano jwa ANC le makgotla a mangwe kwa Nairobi, Kenya,[6] kwa monna wa gagwe a neng a berekela teng.[3] Morago o ne a bereka kwa Gaborone,Botswana (go tswa ka 1983 go tsena 1987); Harare,Zimbabwe (1986 go tsena 1987); le Lusaka,Zambia (1987 go tsena 1990).[6] Fa godimo ga tiro ya gagwe mo lekgotleng la bomme, o ne a na le seabe mo go lweleng ditshwanelo tsa ngwao le thuto, di akaretsa fa a le moeteledipele wa Medu Art Ensemble;[3] e ne e le mmoki o o gatisitseng, a kwala a dirisa leina la gagwe la lonyalo, Baleka Kgositsile.[7]
Phetogo: 1990 go tsena 1994
[fetola | Fetola Motswedi]Mbete o boetse Aforika Borwa morago ga go tshaba ka Seetebosigo 1990.[8] Mo dingwageng tse di latelang, e ne e le leloko la setlhopha sa ANC se se neng se le kwa dipuisanong tsa go fedisa puso ya tlhaolele.[9] Fa godimo ga foo, lekgotla la bomme la ANC le ne la ntshafadiwa ka Phatwe 1990, Mbete a bereka mo setlhopheng sa nakwana se se neng se okametse go ntshafadiwa ga lone.[6] Kwa bokopanong jwa ntlha jwa tlhopho jwa lekgotla leo ka Moranang 1991, bo tshwaretswe kwa Kimberley,[10] Mbete o ne a tlhophilwe go nna mokwaledi-mogolo wa lekgotla, a bereka ka fa tlase ga ga tautona Gertrude Shope.[11] O berekile setlha se le sengwe fela mo maemong ao: kwa bokopanong jwa tlhopho jwa bobedi ka Morule 1993, Nosiviwe Mapisa-Nqakula o ne a tlhophiwa go mo tlhatlhama.[12]
Tiro ya gagwe mo pusong
[fetola | Fetola Motswedi]Kwa dilthophong tsa Aforika Borwa tsa ntlha morago ga puso ya tlhaolele ka Moranang 1994,Mbete o ne a tlhophiwa go emela ANC kwa palamenteng - e le tshimologo ya sebaka sa masome a mabedi le botlhano a le mo palamenteng. [6]Fa godimo ga foo, kwa bokopanong jwa ANC jwa masome a mane le borobabongwe ka Morule 1994, o ne a tlhophiwa mo komiting e le lantlha; go ya ka dipalo tse di amogetsweng, o ne a le mo maemong a lesome le bosupa mo malokong a le masome a marataro a a neng a tlhophilwe mo komiting.[13]
Ka 1995,Mbete o ne a thapiwa e le modulasetilo wa mapalamente a ANC le e le leloko la setlhopha sa botautona sa komiti ya boammaruri le tirisanommogo.[6]
Mothusa motsamaisa dipuisano:1996 go tsena 2004
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Motsheganong 1996,[14] o ne a tlhatlosiwa maemo go thusa Frene Ginwala e le mothusa motsamaisa dipuisano; o ne a tlhatlhama Bhadra Ranchod, o a neng a thapilwe e le moemedi kwa mafatsheng a sele. Ka Seetebosigo a le lesome le bone ngwaga wa 1999, morago fa ditlhopho, o ne a tlhophiwa gape mo setlheng se se tletseng e le mothusa motsamaisa dipuisano; o ne a fentse ntlhopheng wa kganetso Dene Smuts wa Democratic Party, mo tlhophong e a neng a iponetse ditlhopho di le makgolo a mararo, masome a mabedi le boratari kgatlhanong le tsa ga Smuts tse di neng di le masome a mane le bosupa.[15]
Ka nako eo ka Moranang 1997, go ne ga lemosega fa Mbete a ne a neetswe teseletso ya go kgweetsa e e e sa ka fa molaong kwa go tlhatlhobiwang teng kwa Mpumalanga. Mbete o ne a inolwa are o na le ditiro tse dintsi go ka ema mo moleng go dira tlhatlhobo ya go kgweetsa, le ntswa morago a ne a latola fa a buile se.[5] Tiragalo e e ne ya baka tlhotlhomiso e e tseneletseng ya tshenyetso setshaba mo lephateng la mesepele kwa Mpumalanga le go kobiwa ga tona wa kgaolo,[16] le ntswa Mbete ene a ne a seka a lebisiwa molato ebile a gatelela gore o mo dipharagobeng tse ene a neng a sa di itse.[17][18][19]
Setlha sa ntlha e le motsamaisa dipuisano tsa palamente:2004 go tsena 2008
[fetola | Fetola Motswedi]Morago ga ditlhopho tsa 2004, ANC e ne ya itsise fa e tlaa tlhopha Mbete go tlhatlhama Frene Ginwala e le motsamaisa dipuisano tsa palamente. [20]O ne a tlhophiwa a sa ganediwe ke ope ka Moranang a le masome mabedi le boraro ngwaga wa 2004, Gwen Mahlangu e le mothusi wa gagwe.[21]
Setlha sa ga Mbete e le motsamaisa dipuisano se ne sa diragala ka nako ya bothata jwa Travelgate, bo go neng go dirisiwa botlhaswa dipampitshana tsa madi a mesepele ke mapolotiki. Pampiri ya Mail & Guardian e ne ya re o ne a le ko pele mo tshenyong ya ANC eo.[22] O ne a supa fa a eme Tony Yengeni nokeng, mopolotiki o a neng a lebisitswe molato wa go tsietsa palamente ka 2003;[22] o ne a pata Yengeni go ya kgolegelong ya Pollsmoor ka 2006 fa a iponagatsa go tla go tlhatlhelwa.[23] Le fa go ntse jalo, Mbete o ne a re o itlamile go nonotsha palamente le dikomiti tsa yone, are o tsene mo lekgotleng le le reketlang.[24] Maiteko a gagwe a ne a baka kgotlhang le Zingile Dingani, mokwaledi wa palamente, o a neng a kopile go oketsa lephata la gagwe.[24][25]
a Firikgong 2006, Mbete o ne a pagama sefofane sa madi a dikete di le makgolo a mane, masome a supa le motso go tsenela go tlhomamisiwa ga ga Ellen Johnson Sirleaf e le tautona wa Liberia. Mopagami o a neng a le mo sefofaneng seo e ne e le mmereki wa gagwe fela.[26] Ferial Haffajee o ne a kgala tiriso eo ya madi a re ke go tshamekisa madi.[27]
Go tlhophiwa mo bodulasetilong jwa ANC
[fetola | Fetola Motswedi]Mbete o ne a tlhophiwa go emela maemo a boeteledipele a ANC ka bokopano jwa masome a matlhano le bobedi bo bo neng bo tshwaretswe kwa Polokwane ka Morule 2007. Pele o ne a tlhophetswe maemo a mothusa mokwaledi-mogolo, mme o ne a ikgogela morago mo letsholong leo fa a tlhophiwa a sa solofela go emela bodulasetilo jwa phathi ke motlhophi go tswa mo bokopanong;[28] Tokyo Sexwale o ne a tlhophilwe go emela bodulasetilo, mme o ne a itsise fa a tlaa ikgogela morago gore Mbete a nne mo maemong a a siameng, a rotloetsa go nonotsha bomme.[29]
Letsatsi le le latelang, ka Morule a le lesome le borobabobedi ngwaga wa 2007,Mbete o ne a fenya ditlhopho, a bona setlha sa dingwaga di le tlhano e le modulasetilo wa phathi. A tsamaisana le ntlhopheng wa botautona Jacob Zuma,[28] o ne a fenya Joel Ntshitenzhe - o a neng a tsamaisana le tautona o o tswang Thabo Mbeki, a amogela 61% wa tlhopho.[30]
Mothusa tautona: 2008 go tsena 2009
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Lwetse a le masome mabedi ngwaga wa 2008, ANC e ne ya itsise fa e kopile Mbeki go ithola marapo mo botautoneng jwa Aforika Borwa. O ne a isa kopo ya go ithola marapo kwa ofising ya ga Mbete letsatsi le le latelang.[31]
Go ne go belaelwa fa Mbete a tlaa tlhatlhama Mbeki go nna tautona, mo go neng go tlaa mo dira tautona wa ntlha wa mme mo ditsong tsa Aforika Borwa; le fa go ntse jalo, ANC e ne ya itsise fa Kgalema Motlanthe, mothusa tautona wa ANC, a tlaa tsaya maemo ao. Ka Lwetse a le masome mabedi le boraro , Mbete o ne itsisiwe ke SABC fa go na le kgonagalo ya gore a nne ntlhopheng wa mothusa tautona wa Aforika Borwa morago ga go ithola marapo ga ga Phumzile Mlambo-Ngcuka mo maemong ao.[32]
Ka Lwetse a le masome mabedi le botlhano ngwaga wa 2008, o ne a tlhophiwa ke Motlanthe go nna mothusa tautona.[33]
Go ikhutsa mo palamenteng: 2009 go tsena 2014
[fetola | Fetola Motswedi]Mo ditlhophong tse di latelang ka Moranang 2009, Mbete o ne a tlhophiwa gape mo setilong sa bopalamente, mme o ne a gana go tlhomamisiwa e le mopalamente ka Motsheganong a le malatsi a maratsro, le ntswa a ne a le teng ko tlhomamisong eo.[34] Tautona o mosha Jacob Zuma o ne a itsise fa Kgalema Motlanthe a tlaa mo tlhatlhama e le mothusa tautona, ANC e ne ya re o tlaa fudugela kwa Luthuli House go dira tiro ya phathi mo boemong jwa go boela palamenteng.[35] Mbete o ne a ganela gore tlhakatlhano ya go tlhomamisiwa ga gagwe e tlhagile ka ntlha ya gore o ne a solofetse gore o tlaa thapiwa gape e le mothusa tautona, are e sale e nna thulaganyo ya nakwana.[36]
Ka Morule 2009, pampiri ya dikgang ya Daily Maverick e ne ya ela tlhoko gore Mbete o dule mo seraleng sa setshaba sa polotiki ka mabaka a a sa itsagaleng.[34] Le fa go ntse jalo, o ne a fetsa setlha sa gagwe e le modulasetilo wa ANC, o ne a tlhophiwa mo setlheng sa bobedi mo ofising eo ka Lwetse a le lesome le borobabobedi ngwaga wa 2012, kwa bokopanong jwa ANC jwa masome a matlhano le boraro; o ne a fenya Thandi Modise ka 76% ya tlhopho.[37]
Setlha sa bobedi e le motsamaisa dipuisano: 2014 go tsena 2019
[fetola | Fetola Motswedi]Mbete o ne a boela mo mannong a ANC kwa palamenteng ka ditlhopho tsa 2014, phathi e ne ya mo tlhopha go boela kwa ofising ya gagwe ya pele ya motsamaisa dipuisano tsa palamente. Ka bokopano jwa ntlha jwa palamente ka Motsheganong a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2014, o ne a fenya ntlhopheng wa kganetso motlhofo, a amogela ditlhopho di le makgolo a mabedi, masome a marataro fa a tshwantshanngwa le di le masome a robabobedi le borobabobedi tsa ga Nosimo Balindlela wa Democratic Alliance.[38]
Dipelaelo tsa go gobelela
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Lwetse a le lesome ngwaga wa 2014, diphathi tsa kganetso di le ditlhano, di akaretsa Democratic Alliance le Economic Freedom Fighters, di ne tsa supa fa di ikaelela go supa fa di sena tshepho mo go Mbete, ba re o ka se bereke e le modulasetilo wa ANC le motsamaisa dipuisano tsa palamente. Ngangisano e e neng e tshwerwe kwa palamenteng ka Lwetse a le lesome le borataro e ne ya baka gore kopo eo e ganwe ka ditlhopho di le makgolo mabedi, masome a mararo le bone go lefela. Se e ne e le ka ntlha ya gore ba diphathi tsa kganetso ba ne ba tswa mo palamenteng fa ANC e leka go fetola tlhopho go e dira ya go nna le tshepho mo go Mbete.[39][40]
Mbete o kile a supiwa ka menwana, mo dingwageng tse supa, gote o a gobelela go itumedisa ANC le go dirisiwa le tautona Zuma.[41][42][43][44][45][46][47][48] Ka Mopitlo 2016, kgotlatshelelo ya molaomotheo e ne ya tshegetsa tsheko ya Economic Freedom Fighters kgatlhanong le motsamaisa dipuisano tsa palamente, gore palamente mo tlhokomelong ya ga Mbete e tlodile molaomotheo ka nyatsa go na le diragatsa pego ya Nkandla ya moatlhodimogolo.
Letsholo la botautona la ANC
[fetola | Fetola Motswedi]Pele ga bokopano jwa masome a matlhano le bone jwa ANC, jo go neng go ya go tlhophiwa motlhatlhami wa ga Zuma go nna tautona wa ANC, Mbete o ne a itshupa fa a lwela maemo ao ka Moranang 2016.[49][50] Lekgotla la bomme la ANC le ne la ema nokeng ntlhopheng o mongwe - Nkosazana Dlamini-Zuma, Mbete o ne a sa bonwe a ka etelela pele, mme o ne a tswelela ka go ipapatsa, ka sekao sa #BM17, go fitlhelela bokopano bo tshwarwa ka Morule 2017.[51][52] Bosigo jwa ntlha kwa bokopano,le fa go ntse jalo, Mbete o ne a ema nokeng Cyril Ramaphosa - mmaba o motona wa ga Dlamini-Zuma mo botautoneng.[53] Go ne ga begiwa gore o ne a ema Ramaphosa nokeng ka gore o ne a tlhabilwe ke ditlhong gore Zuma ga a ema nokeng letsholo la gagwe.[54]
Mbete o ne a seka a emela ditlhopho gape tsa bodulasetilo kwa bokopanong joo ebile a seka a tlhagelela mo pampiring ya tlhopho ya maemo ape a boeteledipele, mme o ne a tlhophiwa gape go ya komiting ya ANC.[55] Mo tshekatshekong ya Mail & Guardian, seriti sa ga Mbete se ne sa wela tlase morago ga letsholo le le retetseng la botautona.[56]
Go tlhatlhama le tse di diragetseng morago
[fetola | Fetola Motswedi]Pele ga ditlhopho tsa 2019, Mbete o ne a bolelela pampiri ya Sowetan gore ga a itse se se tlaa diragalang mo dikgweding tse di latelang.[57] Fa ditlhopho di tshwarwa ka Motsheganong a le.masome mabediz ANC e ne ya itsise fa e tlaa tlhopha Thandi Modise, moeteledipele o o tswang wa khansele ya dikgaolo, go tlhatlhama Mbete jaaka motsamaisa dipuisano tsa palamente.[58] Letsatsi le le latelang, ANC e ne ya tlhomamisa magatwe a gore Mbete o gogetse leina la gagwe kwa morago mo lenaaneng la phathi, se se raya gore o tlaa seke a boele manno a gagwe mo palamenteng.[59]
Ka Mopitlo 2022,Mbete o ne a bolela seromamowa sa 702 gore o feditse ka sepolotiki.[60] Le fa go ntse jalo, morago ga dikgwedi tse pedi, o ne a thapiwa go nna o o bitsang dikopano tsa lekgotla la bomme la ANC ka nakwana morago ga boeteledipele jwa lekgotla bo sena go rolwa marapo.ke komiti kgolo. Mo maemong a o o ne a etelela pele lekgotla, le mookamedi wa nakwana Maropene Ramokgopa, go fitlhelela go tlhophiwa setlhopha se sesha sa baeteledipele.[61][62] Kwa bokopanong jwa ANC jwa masome a matlhano le botlhano ka Morule 2022, o ne a seka tlhophiwa gape go ya komiting, a latlhegelwa ke maemo a gagwe e le lantlha fa e sale 1994.[63]
Dikgatlhego tsa kgwebo
[fetola | Fetola Motswedi]Kamano ya ga Mbete le dikgwebo go boditswe thata ka yone. Ene le mokwaledi wa kgaolo wa ANC kwa Kapa Bokone Dr K M Seimelo ba ne le diabe kwa Dyambu Holdings[64] E e nang le seabe mo go ageng porojeke e tona ya sepalamo sa setshaba sa Gautrain kwa Gauteng. Go bolelwa ga Dyambu Holdings e amana le mohumi Brett Kebble.[65] Ka 2010, o ne a amega mo rekiweng ka didikadike di le masome mabedi le botlhano ga Gold Fields go fitlhilwe ka gore ke theko ya BEE ke basekaseki ba US.[66]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Mbete o nyetswe ke Keorapetse Kgosietsile, mokwadi le mmoki o o tshabileng, ka 1978.[3] Ba ne ba tlhalana ka 1992,[4] a nyalwa gape ke Nape Khomo, mogwebi ka 2016.[2] O na le bana ba basimane ba le bararo le basetsana ba le babedi.[14]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Former Presiding Officers". Retrieved 12 December 2025
- 1 2 "Baleka Mbete's love story". City Press. 31 July 2022. Retrieved 12 December 2025
- 1 2 3 4 5 6 7 8 9 Hogg, Briana T. (31 January 2017). "The Role and Impact of Baleka Mbete-Kgositsile and Women in South Africa Politics". South African History Online. Retrieved 12 December 2025
- 1 2 3 4 Mathunjwa, Zimkhitha (8 August 2017). "Baleka Mbete: The Woman Behind The Speaker". HuffPost UK. Retrieved 12 December 2025
- 1 2 "'I did nothing to resign about'". The Mail & Guardian. 8 August 1997. Retrieved 12 December 2025
- 1 2 3 4 5 6 7 8 9 "Baleka Mbete, Ms". South African Government. Retrieved 12 December 2025
- ↑ Gilfillan, Lynda (1992). "Black Women Poets in Exile: The Weapon of Words". Tulsa Studies in Women's Literature. 11 (1): 79–93. doi:10.2307/463783. ISSN 0732-7730.
- ↑ "Baleka Mbete-Kgositsile", South African History online.
- ↑ "Baleka Mbete". Our Constitution. 24 September 1949. Retrieved 12 December 2025
- ↑ Battersby, John (30 April 1991). "Winnie Mandela's Defeat In ANC Vote Is Hailed". Christian Science Monitor. ISSN 0882-7729. Retrieved 12 December 2025
- ↑ "Baleka Mbete: a JZ ally who wants a state capture probe". IOL. 22 October 2017. Retrieved 12 December 2025
- ↑ 'For Freedom and Equality': Celebrating Women in South African History (PDF). South African History Online. 2011. p. 26.
- ↑ "49th National Conference: National Executive Committee as elected at Conference". ANC. Retrieved 12 December 2025
- 1 2 Percival, Jenny (19 September 2008). "Baleka Mbete profile". The Guardian. ISSN 0261-3077. Retrieved 12 December 2025
- ↑ "Ginwala returns as Speaker". The Mail & Guardian. 14 June 1999. Retrieved 12 December 2025
- ↑ "'Fire MEC', says licence scam report". The Mail & Guardian. 23 May 1997. Retrieved 12 December 2025
- ↑ "Sacked MEC will fight licence probe". The Mail & Guardian. 26 May 1997. Retrieved 12 December 2025
- ↑ "Global Integrity – South Africa Timeline". Global Integrity. Archived from the original on 26 August 2007.
- ↑ "Up to their necks in sleaze..." The Mail & Guardian. 23 December 1997. Retrieved 12 December 2025
- ↑ Pressly, Donwald (22 April 2004). "Madam Speaker silenced". News24. Retrieved 12 December 2025
- ↑ "Mbete, Mahlangu elected to top posts". The Mail & Guardian. 23 April 2004. Retrieved 12 December 2025
- 1 2 "Why Mbete?". The Mail & Guardian. 2 October 2008. Retrieved 12 December 2025
- ↑ Jurgens, André; Ndivhuho Mafela and Philani Nombembe (27 August 2006). "Jailed Yengeni shows no remorse". The Times. Archived from the original on 23 November 2008. Retrieved 12 December 2025
- 1 2 "MPs seek new powers". The Mail & Guardian. 28 July 2006. Retrieved 12 December 2025
- ↑ "Goniwe hides in Parliament". The Mail & Guardian. 13 October 2006. Retrieved 12 December 2025
- ↑ Dawes, Nic (24 March 2006). "Now the speaker joins the jet set". Mail & Guardian. Retrieved 12 December 2025
- ↑ "Flights of fancy". The Mail & Guardian. 10 April 2006. Retrieved 12 December 2025
- 1 2 Booysen, Susan (2011), "Aluta continua, from Polokwane to Mangaung", The African National Congress and the Regeneration of Political Power, Wits University Press, pp. 33–84, ISBN 978-1-86814-542-3, JSTOR 10.18772/12011115423.5, retrieved 12 December 2025
- ↑ "ANC delegates start voting". News24. 18 December 2007. Archived from the original on 10 December 2021. Retrieved 12 December 2025
- ↑ "Results for the election of ANC officials". African National Congress. Archived from the original on 29 June 2008. Retrieved 12 December 2025
- ↑ "Mbeki resigns before the nation". The Mail & Guardian. 21 September 2008. Retrieved 12 December 2025
- ↑ "SABCnews.com - politics/government". www.sabcnews.com. Archived from the original on 5 October 2008. Retrieved 12 December 2025
- ↑ Allen, John (25 September 2008). "South Africa: New President Removes Health Minister". allAfrica.com. Retrieved 12 December 2025
- 1 2 Grootes, Stephen (7 December 2009). "The rise (and denied fall?) of Baleka Mbete". Daily Maverick. Retrieved 12 December 2025
- ↑ "Deputy President Baleka Mbete out of government". EWN. 8 May 2009. Retrieved 12 December 2025
- ↑ "Mbete denies she was chasing deputy president post". The Mail & Guardian. 12 May 2009. Retrieved 12 December 2025
- ↑ "Mangaung: The ANC's newly elected top six". The Mail & Guardian. 18 December 2012. Retrieved 12 December 2025
- ↑ "Baleka Mbete sworn in as speaker of the House". The Mail & Guardian. 21 May 2014. Retrieved 12 December 2025
- ↑ "Mbete motion defeated after opposition walkout". news24. 16 September 2014. Retrieved 12 December 2025
- ↑ "Opposition unites to say Baleka Mbete must go". Times Live. 10 September 2014. Retrieved 12 December 2025
- ↑ Ferreira, Emsie (14 November 2014). "Mbete vows to protect Parliament". IOL. Retrieved 12 December 2025
- ↑ Stone, Setumo (17 February 2015). "Mbete's incendiary remarks reveals bias and paranoia". The Dispatch. Archived from the original on 22 March 2016. Retrieved 12 December 2025
- ↑ Makhanya, Mondli (14 February 2016). "Baleka Mbete, a crime scene cleaner". CityPress. Retrieved 12 December 2025
- ↑ SAPA (22 March 2015). "Parliament denies accusations of bias". IOL. Retrieved 12 December 2025
- ↑ Zuma, President Jacob; GCIS, Speaker of Parliament Baleka Mbete Picture. "Mbete shielded president from R4bn jet issue". Retrieved 12 December 2025
- ↑ Ackroyd, Bianca. "WATCH: 'Step Aside Mbete' Demands Opposition". www.enca.com. Retrieved 12 December 2025
- ↑ de Vos, Pierre (18 March 2015). "The World According to Baleka: Making up rules for Parliament". www.dailymaverick.co.za. Retrieved 12 December 2025
- ↑ Makinana, Andisiwe (17 September 2014). "Baleka Mbete's parly position brings the House down". The M&G Online. Retrieved 12 December 2025
- ↑ Feni, Lulamile; Sikho Ntshobane (11 April 2016). "Baleka Mbete: I've been asked to lead the ANC". Business Day. Retrieved 12 December 2025
- ↑ Munusamy, Ranjeni (19 April 2016). "Baleka Mbete: Madam Speaker, Madam President?". Daily Maverick. Retrieved 12 December 2025
- ↑ Goba, Neo (17 January 2017). "Baleka Mbete says her bid for ANC's presidency is 'not formally on the table yet'". Business Day. Retrieved 12 December 2025
- ↑ "ANC presidential race wide open". The Mail & Guardian. 1 September 2017. Retrieved 12 December 2025
- ↑ Herman, Paul (16 December 2007). "Baleka Mbete endorses Cyril Ramaphosa for ANC president". News24. Retrieved 12 December 2025
- ↑ "Point of order, Madam Speaker!". The Mail & Guardian. 8 February 2019. Retrieved 12 December 2025
- ↑ "Here is the ANC's new NEC". Citypress. 21 December 2017. Archived from the original on 7 December 2021. Retrieved 12 December 2025
- ↑ "Where are all the (ex)president's men and women?". The Mail & Guardian. 16 July 2021. Retrieved 12 December 2025
- ↑ Makinana, Andisiwe (30 January 2019). "Speaker of parliament Baleka Mbete anxious about her future". Sowetan. Retrieved 12 December 2025
- ↑ Makinana, Andisiwe (20 May 2019). "Thandi Modise to replace Baleka Mbete as National Assembly speaker". Daily Dispatch. Retrieved 12 December 2025
- ↑ "Baleka Mbete and Malusi Gigaba decline parliamentary seats". Sunday Times. 21 May 2019. Retrieved 12 December 2025
- ↑ "Baleka Mbete: I am done with with[sic] politics, young people must lead". 702. 10 March 2022. Retrieved 12 December 2025
- ↑ Khumalo, Juniour (12 July 2022). "'It was not about what I preferred, but the task at hand': Mbete on taking up ANCWL convener post". News24. Retrieved 12 December 2025
- ↑ Khumalo, Juniour; Qaanitah Hunter (21 June 2022). "Ramaphosa advisor touted to lead tentative ANC Women's League structure alongside Baleka Mbete". News24. Retrieved 12 December 2025
- ↑ Sadike, Mashudu (22 December 2022). "Scores of senior ANC leaders including Pravin Gordhan, Derek Hanekom, Joel Netshitenzhe, Tito Mboweni booted out". IOL. Retrieved 12 December 2025
- ↑ Mudzuli, Kennedy (27 November 2006). ""Gravy train" elite slated". The Citizen. Retrieved 12 December 2025
- ↑ wa ka Ngobeni, Wisani; Dominic Mahlangu and Dumisane Lubisi (6 March 2007). "A finger in all the right pies". Sunday Times. Archived from the original on 25 November 2008. Retrieved 12 December 2025
- ↑ McKune, Craig (6 September 2013). "Investigators: 'Gold Fields bribed Mbete'". Mail & Guardian. Retrieved 12 December 2025