Bandy Kiki
Bandy Kiki (February 20, 1991) ke blogger wa Cameroon, LGBT activist le serial entrepreneur yo o nnang kwa U.K.[1] [2] Ke ene motlhami wa Kinnaka's Blog, webosaete e e buang Seesimane e e nang le phitlhelelo e e kwa godimo kwa Cameroon ya dikgang le boitlosobodutu. [3][4] Ke motho yo o nang le dikganetsano ka ntlha ya maikutlo a gagwe a sepolotiki le kgaratlho ya LGBT, mme o biditswe "The Most Hated Anglophone On Social Media in Cameroon".[ 5]
Tiro ya gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Kiki o simolotse tiro ya gagwe ya go nna blogger kwa UK, mo blog ya letsatsi le letsatsi ya Kinnaka's Blog le Kinnaka's TV, e e simolotseng ka 2015.[5] [6] Blog ya gagwe ke e nngwe ya tse di etelwang thata ke batho ba ba buang Seesimane ba Cameroon. [7] Ka 2016, o ne a kwalwa mo gare ga ba 50 ba ba nang le tlhotlheletso ba bašwa ba Cameroon ba ba kwa tlase ga dingwaga di le 40 ke Avance Media, CELBMD Africa le balekane ba yone. Kiki o ne a tlhongwa jaaka Best Cameroonian Media CAMEEA ka 2015 mme a fenya "Best 2016 Blogger" go tswa Diaspora Entertainment Awards. [9] Kiki ke mmueledi wa Rainbow Equality Hub, NGO e e tshegetsang batho ba LGBT kwa Cameroon.Ka 2017, o ne a tlhophiwa go nna Mo-Blogger yo o gaisang wa ngwaga wa Afrika ke AWA. Mo potsolotsong ya Motsheganong 2017, Kiki o ne a itsise gore o tla thusa Irène Major ka Gay in Africa Foundation. O ne gape a fa Humen Online makasine wa basodoma wa kwa Hungary, o o leng teng le ka puo ya Se-Hungary.
Dikganetsano le ditlhaselo
[fetola | Fetola Motswedi]O ne a tshwaiwa diphoso ka ntlha ya molaetsa wa gagwe wa kganetsano mo blog ya gagwe morago ga ditshupetso tse di tsweletseng tsa Cameroon tsa 2016-2017. O ne a sotliwa thata mo inthaneteng, go akaretsa le go anamisiwa ga magatwe a a sa tshegediwang a a reng Kiki o na le mogare wa HIV le gore ke motlhankedi wa puso ya Cameroon yo o lekang go senya mathata a a tsweletseng pele. Kiki o ne a ganetsa ditatofatso tseo.Kiki o ne a tshwaiwa phoso ka go nna mosodoma le go tshegetsa ditshwanelo tsa LGBT kwa Cameroon.[1] Mo sekaing se sengwe, motlhami wa difilimi Agbor Gilbert Ebot o boletse gore '... Fa ke go tshwara ka go go isa kwa Cameroon, ke ya go go 'thupa' sentle sentle gore di demon tsa lesbianism di ye go komotlela mmele wa gago...ke ya go rulaganya go go fa belle"... O ne a tshosediwa ka loso.[ 7]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] "Cameroon: Gay blogger no get any regret". BBC News Pidgin. 18 November 2017. Retrieved 6 March 2018.
[2] Cee, Cee (5 October 2017). "Cameroonian Blogger Bandy Kiki Takes LGBTQ Activism To The Next Level Despite Threats From Her Community". Ear Hustle 411. Archived from the original on 8 October 2017. Retrieved 27 January 2018.
[3] Marchant, Apai-Ketuya (9 November 2017). "I'm African and a Lesbian: Get over it". Artefact. Retrieved 6 March 2018.
[4] Ngomba, Joan (14 October 2017). "Kinnaka's Blog CEO Bandy Kiki is engaged: 4 things to know about her girlfriend". Dcoded TV. Retrieved 7 March 2018.
[5] "Is Bandy Kiki (of Kinnaka's Blog) The Most Hated Anglophone On Social Media in Cameroon?". 9 February 2017. Archived from the original on 20 June 2018. Retrieved 6 March 2018.
[6] Ngomba, Joan (14 October 2017). "Kinnaka's Blog founder, Bandy Kiki comes out as gay". Dcoded TV. Retrieved 7 March 2018.
[7] Cee, Cee (13 February 2017). "Cameroonian Blogger, Bandy Kiki Wrongly Labelled 'Aids Patient' Due To Her Stand On Ongoing Political Unrest In Southern Cameroon". Ear Hustle 411. Archived from the original on 14 February 2017. Retrieved 7 March 2018.