Bank Windhoek

Go tswa ko Wikipedia
Bank Windhoek
TypePrivate
IndustryFinancial Services
Founded1982
HeadquartersWindhoek, Namibia
Key people
Koos Brandt, Chairman
James Hill, Managing Director[1]
ProductsLoans, Checking, Savings, Investments, Debit Cards
RevenueTempolete:Profit Aftertax: US$36.7 million (2010)
Total assetsUS$2.08+ billion (2010)
Number of employees
1,200+ (2010)
WebsiteHomepage

Bank Windhoek Limited , e e itsegeng ka leina la polokelo ya Windhoek , ke polokelo ya madi ya kgwebo mo Namibia. Ke ngwe ya tse di botlhano tse di letleletsweng go direla mo lefatsheng leo ke {0) polokelo ya madi ya lefatshe la Namibia, balaodi bagolo ba molao wa go go boloka madi.[2]

Tshedimosetso[fetola | Fetola Motswedi]

Polokelo ya madi ya Windhoek ke baabi ba dithuso tsa madi ba batona mo lefatsheng la Namibia. Tempolete:Asof, polokelo eo ke yone ya bobedi e tona mo lefatsheng la Namibia , e e itebagantseng le go tlhomamisa dithoto, tse di ka lopang US$2.08 billion.[3] Polokelo e e fa batho dithuso ka mefutla ka go farologana, go ya kwa dikgwebong tse di potlana go ya kwa go tse di kgolwane (SMEs) gape le tsone dikgwebo tse ditona tota. Dithuso di akaretsa dipolokelo tsa dikgwebo, dipolokelo tsa dikgwebo tse ditona, dipapadisanyo tsa madi, dithuso tsa kadimo ya madi and le gone go aba madi mo makgotlaneng, le tse dingwe fela jalo.[4]

Mong Wa Yone[fetola | Fetola Motswedi]

Polokelo ya Windhoekke bontlha bongwe jo bo feletseng jwa Bank Windhoek Holdings Limited (BWHL). BWHLka boyone ke bontlha bongwe le yone jwa Capricorn Investment Holdings (CIH),e e atswang selekanyo sa 73% mo BWHL. Capricorn ke kompone e tona e e nang le dikatso tse di nametsang mo mafatsheng a mararo a a mo kgaolong ya Borwa jwa Aferika ebong: Botswana, Namibia le Zambia.

Ka Phukwi ngwaga wa 2010, Polokelo ya Namibia (BON), batlhami ba melao ya go boloka madi ba ne ba ikgatlholosa kopo ya ba lekgotla la dipolokelo tsa madi la Aferika Borwa ya Absa Group go tsaya selekanyo sa 70% tsa go kopanela dipeeletso mo Capricorn Investment Holdings. BON ba ne ba tlhalosa gore 0}Absa e ne e ka nna ya amogela kitsiso ya go letlelelwa ka melawana ya bone.[5]

Palo ya dipolokelo tsa bontlha bongwe jwa CIH e kwadilwe fa tlase.

Go Lomagana Ga Mokgatlho[fetola | Fetola Motswedi]

Capricorn Investment Holdings e na le maloko a mangwe a a dirang le madi ka bogotlhe kgotsa a mo go one karolo ya one e dirang le tsa madi, go akaretsa :[6]

  • Namibia Namibia
  • Bank Windhoek Holdings Limited - e nang le dishere tsa dipesente dile masome ale supa le boraro
  • Bank Windhoek Limited - e nang le dishere tsa dipesente dile masome ale supa le boraro (73%)
  • BW finance Limited - e nang le dishere tsa dipesente dile masome ale supa le boraro (73%)
  • Welwitschia Nammic Insurance Brokers Limited -e nang le dishere tsa dipesente dile masome a matlhano le borataro le sephatlo sa bosupa (56.7%)
  • Namib Bou Limited -e nang le dishere dile dipesente tsa masome ale supa le boraro
  • Santam Namibia Limited -e nang le dishere tsa dipesente dile lesome le borobabobedi le boraro (18.3%)
  • Sanlam Namibia Holdings Limited - e nang le dishere tsa dipesente dile masome a mabedi le bongwe le sephatlho(21.5%)
  • Nammic Financial Services Holdings - e nang le dishere tsa dipesente dile lekgolo
  • GH Group Employee Share Trust - e nang le dishere tsa dipesente dile lesome le borataro le bone (16.4%)
  • Botswana Botswana
  • Capricorn Investment Holdings (Botswana) Limited - e nang le dikatso tsa dipesente dile masome a borobabongwe le bone (94.9%)
  • Bank Gaborone Limited - e le yone e nang le dikatso tsa dipesente dile masome a borobabongwe le bone (94.9%)
  • Ellwood Insurance Brokers limited - e nang le dishere tsa dipesente dile masome a borobabongwe le bone tsa dipesente (94.9%)
  • SmartSwitch Botswana Limited - e nang le dishere dile masome a mane le bosupa le sephatlho. (47.5%)
  • Capricorn Asset Management Limited - e nang le dishere dile masome ale supa le botlhano gammogo le bobedi tsa dipesente (75.2%)
  • Capricorn Capital Limited - e nang le dishere tsa dipesente dile lekgolo
  • Cyan ES Limited - e nang le dishere tsa dipesente dile lekgolo
  • Zambia Zambia
  • Cavmont Capital Holdings Zambia Plc. - e nang le dishere tsa dipesente dile masome a mane le bone le botlhano(44.5%)
  • Cavmont Capital Bank - e nang le dishere tsa dipesente dile masome a mane le bone le botlhano(44.5%)

Kgolagano ya makalana[fetola | Fetola Motswedi]

Tempolete:Asof, Polokelo ya madi ya Windhoek e tshegeditse kgolagano ya makalana a dipolokelo tsa madi a le masome a matlhano go kgabaganya Namibia. Mme se se tladiwa ke mafelo a kgolagano ya tiriso ya go tsaya madi ka karanta yo polokelo a le masome a boferabobedi le borataro a ATMs. [7]

Balaodi[fetola | Fetola Motswedi]

Balaodi ba polokelo madi ya Windhoek go simolola ka Seetebosigo ngwaga wa 2010 ke: [8]

  1. Koos Brandt - modulasitulo
  2. Johan Swanepoel - mothusa modula setulo
  3. James Hill - Mokaedi mogolo
  4. Brian Black - Mokaedi
  5. Frans du Toit - Mokaedi
  6. Eric Knouwds - Mokaedi
  7. Gida Nakazibwe-Sekandi - Mokaedi
  8. Hellmut von Ludwiger - Mokwaledi wa Kompone

O ka tsibogela[fetola | Fetola Motswedi]

  • Itsholelo ya Namibia
  • Polokelo madi ya Gaborone
  • Maina a Dibanka tsa Namibia

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Board of Directors of Bank Windhoek" (PDF). Archived from the original (PDF) on 2011-07-22. Retrieved 2011-07-22.
  2. "List of Licensed Commercial Banks in Namibia". Archived from the original on 2010-05-24. Retrieved 2012-01-17.
  3. Polokelo ya Windhoek e tsaya maemo a bobedi
  4. "Thulaganyo ya dilo tsa polokelo ya Windhoek" (PDF). Archived from the original (PDF) on 2011-07-22. Retrieved 2011-07-22.
  5. Kopo ya ba Absa e ikgatlholosiwa
  6. "ikaego ya setlhopa sa Capricorn Investment Holdings" (PDF). Archived from the original (PDF) on 2011-07-22. Retrieved 2011-07-22.
  7. "kgolagano ya makalana a dipolokelo tsa Windhoek" (PDF). Archived from the original (PDF) on 2011-07-22. Retrieved 2011-07-22.
  8. "Baokamedi ba polokelo ya Windhoek" (PDF). Archived from the original (PDF) on 2011-07-22. Retrieved 2011-07-22.