Jump to content

Banka ya Bank of Baroda

Go tswa ko Wikipedia
Bank of Baroda Ltd.
TypePublic
ISINTempolete:ISIN
Industry
Founded1908 Edit this on Wikidata
FounderSayajirao Gaekwad III
Headquarters,
India[1]
Number of locations
8,400+ Branches
10,000+ ATMs & CRs (September 2025)
Area served
India & Worldwide
Key people
  • Debadatta Chand
    (MD & CEO)[2]
Products
RevenueIncrease Tempolete:INRConvert[3] (2023)
Increase Tempolete:INRConvert[3]
Increase Tempolete:INRConvert[3] (2023)
Total assetsIncrease Tempolete:INRConvert[3] (2023)
Total equityIncrease Tempolete:INRconvert[3] (2023)
OwnerGovernment of India (63.97%)
Number of employees
75,008[4] (2026)
Websitebankofbaroda.bank.in
FootnotesTempolete:\referencesTempolete:Break[5][6]

Bank ya Baroda (BOB kgotsa BoB) ke banka ya lekala la puso ya India e e nang le ntlokgolo kwa Vadodara, Gujarat. Ke banka ya bobedi e kgolo mo India morago ga State Bank of India. Go ya ka dipalotsa ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le botlhano ya, e mo maemong a bo makgolo a mane le masome a matlhano le botlhano mo lenaaneng la Forbes Global 2000.[7][8][9]

Maharajah wa Baroda, Sayajirao Gaekwad III, o ne a tlhoma banka ka kgwedi ya Phukwi e le masome a mabedi,ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le borobabobedi kwa porofenseng ya Baroda, kwa Gujarat.[10] Mmuso wa India o ne wa dira gore Banka ya Baroda e nne ya bosetšhaba, mmogo le dibanka tse dingwe tse lesome le boraro tsa kgwebo tsa India, ka di lesome le borobabongwe tsa kgwedi ya Phukwi ,ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le borobabongwe mme banka e ne ya tlhophiwa jaaka kgwebo e e dirang poelo ya lephata la puso (PSU).

Ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le borobabobedi, Sayajirao Gaekwad III, o ne a tlhoma Bank of Baroda (BoB),[11] le ba bangwe ba ba neng ba le mo madirelong jaaka Sampatrao Gaekwad, Ralph Whitenack, Vithaldas Thakersey, Lallubhai Samaldas, Tulsidas Kilachand le NM Chokshi.[12]Dingwaga di le pedi moragonyana, BoB e ne ya tlhoma lekala la yone la ntlha kwa Ahmedabad. Banka e ne ya gola mo ;efatsheng go fitlha morago ga Ntwa ya Lefatshe II. Go tswa foo ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a matlhano le boraro, e ne ya kgabaganya Lewatle la India go ya go direla Baindia ba kwa Kenya le Baindia ba kwa Uganda ka go tlhoma lekala kwa Mombasa le kwa Kampala. Mo ngwageng o o latelang, e ne ya bula lekala la bobedi kwa Kenya, kwa Nairobi, mme ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a matlhano le borataro , e ne ya bula lekala kwa Tanzania kwa Dar-es-Salaam. Go tswa foo, ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a matlhano le bosupa, BoB o ne a tsaya kgato e tona go ya kwa moseja ka go tlhoma lekala kwa Lontone. Lontone e ne e le boremelelo jwa British Commonwealth e bile e le boremelelo jo bo botlhokwa thata jwa tsa madi mo lefatsheng lotlhe. Ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a matlhano le borobabobedi, BoB e ne ya reka Hind Bank (Calcutta; est. 1943), e e neng ya nna go rekwa ga ntlha ga mo gae ga BoB.

Ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le bongwe, BoB e ne ya reka New Citizen Bank of India. Go kopanngwa gono go ne ga thusa gore e oketse lekala la yone kwa Maharashtra. BoB gape e ne ya bula lekala kwa Fiji. Mo ngwageng o o latelang, e ne ya bula lekala kwa Mauritius.

Ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le boraro, BoB e ne ya reka Surat Banking Corporation kwa Surat, Gujarat. Mo ngwageng o o latelang, BoB e ne ya reka dibanka tse pedi: Umbergaon People's Bank kwa borwa jwa Gujarat le Tamil Nadu Central Bank kwa Tamil Nadu state.

Ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le botlhano, BoB e ne ya bula lekala kwa Guyana. Mo go one ngwaga oo, BoB e ne ya latlhegelwa ke lekala la yone kwa Narayanganj (East Pakistan) ka ntlha ya Ntwa ya Indo-Pakistani ya ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le botlhano. Ga go itsege sentle gore BoB o ne a bula lekala leo leng. Ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le bosupa, e ne ya latlhegelwa ke makala a yone a le mabedi fa puso ya Tanzania e ne ya dira gore makala a le mararo a BoB a kwa Dar es Salaam, Mwanga le Moshi a nne a bosetšhaba, mme a fetisetsa ditiro tsa one kwa National Banking Corporation ya puso ya Tanzania.

Ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa le bobedi , BoB e ne ya reka ditiro tsa Bank of India kwa Uganda. Dingwaga di le pedi moragonyana, BoB e ne ya bula lekala lengwe le lengwe kwa Dubai le Abu Dhabi.

Kwa India, ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa le botlhano, BoB e ne ya reka bontsi jwa dišere le taolo ya botsamaisi jwa Bareilly Corporation Bank (e e tlhomilweng ka 1954) le Nainital Bank (e e tlhomilweng ka 1922), ka bobedi kwa Uttar Pradesh le Uttarakhand, ka go latelana. Fa e sa le ka nako eo, Nainital Bank e ne ya atolosediwa kwa Uttarakhand, Uttar Pradesh, Haryana, Rajasthan le kwa Delhi. Gone jaanong, BoB e na le diperesente di le 99 tsa dishere tsa Nainital Bank.

Ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le borobabongwe, puso ya India e ne ya dira gore dibanka tse ditona di le lesome le bone di nne tsa setšhaba, go akaretsa le BoB. BoB e ne ya tsenya ditiro tsa yone mo Uganda jaaka 51% ya lekalana, le puso e nang le karolo e e setseng.

Koketsego ya boditšhabatšhaba e ne ya tswelela ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa le borataro ka go bulwa ga lekala kwa Oman le le lengwe kwa Brussels. Lekala la kwa Brussels le ne le diretswe dikompone tsa kwa India tse di tswang kwa Mumbai (Bombay) tse di neng di dira tiro ya go sega diteemane le ya go dira dibenyane tse di neng di dira kgwebo kwa Antwerp, e leng lefelo le legolo la go sega diteemane.

Dingwaga di le pedi moragonyana, BoB o ne a bula lekala kwa New York le le lengwe kwa Seychelles. Go tswa foo ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa le borobabongwe, BoB e ne ya bula lekala kwa Nassau, kwa Bahamas.

  1. "Contact Us". Bank of Baroda. Retrieved 4 October 2025.
  2. "Govt appoints Debadatta Chand as Managing Director of Bank of Baroda". Business Today Desk. https://www.businesstoday.in/industry/banks/story/govt-appoints-debadatta-chand-as-managing-director-of-bank-of-baroda-379405-2023-04-29.
  3. 1 2 3 4 5 "Balance Sheet 31.03.2024". bankofbaroda.bank.in (28 October 2024).
  4. "Bank of Baroda: Overview". Global Data. Retrieved 2026-06-04.
  5. "Annual Report 2020-21" (PDF). Archived (PDF) from the original on 22 December 2021. Retrieved 10 January 2022.
  6. "Subsidiaries & Joint Ventures". bankofbaroda.bank.in. Bank of Baroda. Retrieved 17 November 2023.
  7. "Bank of Baroda". Forbes. Retrieved 3 April 2015
  8. "Resilience to help Bank of Baroda stay a step ahead of peers". Economictimes. 30 July 2010. Archived from the original on 19 August 2014. Retrieved 28 April 2012.
  9. "Bank of Baroda becomes second public sector lender to hit ₹1 lakh crore market cap". Business Insider. Retrieved 20 June 2023.
  10. "About us - The Heritage". Bank of Baroda. Retrieved 27 March 2013.
  11. "Bank of Baroda Foundation Day". bankofbaroda.com. Retrieved 9 April 2024.
  12. "The Heroes". Bank of Baroda. Retrieved 13 September 2013.