Jump to content

Bantsijang

Go tswa ko Wikipedia

Information iconPego e, e nnyane. O ka thusa Wikipedia ka go e oketsa.

Ke leina sefane sa Batswana, ele Batlhaping ko Taung, Thaba Nchu, Mahikeng, jalo le jaalo, ba tla ba taboga ka ba ne ba katoga dintwa tsa maburu go tswa ko Thaba Nchu ko moding wa bona. Ba feta mme ba iphitlhela ba le mo Borolong mo Mafikeng (Madibe, Stadt le Magogwe) ele bana, dotlogolo, ditlogolwana le dokokomana tsaga Rre Gaotlowe le Mme Kgomotso ko Madibe, ngwana wa ntla wa bone ele Ausisi mme salwa morago ke Gaotlolwe a ngetse Matsitselele. Ke batho ba tumelo mo Modimong bontsi ba tsena kereke ya wesele mme bangwe lontone. Ke badibowa batho ba. Mongwe wa ditlogolo o o itsegeng ke Matthews Mooketsane Bantsijang.(1972- ). Ke Batlhaping ba ga Molehe o mpete Kokobolo. Ke tlhapi kgolo e ntsho e sa tshwarweng ke monna a sa bofa letheka la borokgwe. Senkga phokongola la pula, tlhware ya go bolawa ke mosadi banna ba e tshaba. Seila ntswa le motho, selatswa ke kgomo le phologolo tsa metsi. Yare Mosadi ha a le ratla la tlou ga a ralale motlhape wa kgomo tsa ga rraagwe ebile ga ore matlhaku a saka la gaabo. O irileng mokwepa o bolaile kgomo tsa Batlhaping a tsoga ka makuku banna a apaya motogo mme a o rwala ka tlhogo go ya kwa dikgomo diswetseng teng mme yare ya moloma ya wela mo motogong a kuwa mokgosi banna ba tla bataboga. Ba fitlhela a ipofile lotheka ka yone, are gaese Mosetsana ke mosadi ngwetsi ya Batlhaping bare ba moneela bogosi mme a bogana are o tshaba boloi.