Barbara Creecy
Barbara Dallas Creecy (o o tshotsweng ka Seetebosigo a le lesome le bosupa ngwaga wa 1958) ke mopolotiki wa kwa Aforika Borwa le molweladitshwanelo wa pele kgatlhanong le puso ya tlhaolele o e neng e le tona wa dipalamo fa e sale ka Phukwi 2024. E ne e le tona wa tikologo, dikgwa le go tshwara ditlhaphi ka 2019 go tsena 2024. Ke leloko la komiti kgolo ya African National Congress (ANC).
A goletse kwa Johannesburg, Creecy o nnile leloko la ANC ka 1979, a le matlhagatlhaga mo United Democratic Front. Ka dingwaga tsa 1994 go tsena 2019, o ne a bereka mo ofising ya peo molao ya kgaolo ya Gauteng, gape e le leloko la khansele ya metshameko, itloso bodutu, botaki le ngwao go tswa ka (2004 go tsena 2009), la thuto (ka 2009 go tsena 2014) le la madi (go tswa ka 2014 go tsena 2019). O nnile mopalamente wa Aforika Borwa ka ditlhopho tsa Motsheganong 2019, morago a tlhophiwa go nna tona ke tautona Cyril Ramaphosa.
Botshelo jwa a le mmotlana le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]A tshotswe ka Seetebosigo a le lesome le bosupa ngwaga wa 1958[1], Creecy o goletse kwa Johannesburg.[2] Rraagwe ke ramatlotlo o o goletseng kwa United Kingdom, a tlhokafala Creecy a le dingwaga di robabobedi[3][4]. E ne e le leloko la pathi ya Communist gape a le kgatlhanong le ntwa ya bobedi ya mafatshe; mmaagwe, e ne e le morwadie bobedi jo bo neng bo le maloko a magotla a babereki, ba ba neng ba na le seabe mo polotiking[3].
Morago ga go aloga ka matric kwa Roedean School kwa Parktown, Johannesburg, Creecy o ne a ya go tsena sekolo se segolwane sa ithutelo ditiro sa University of the Witwatersrand ka thuso ya madi, a simolotse ka 1976.[3][5] O ne a aloga ka Honours degree ya political Science, morago a fetsa Master's degree ya molao wa setshaba kwa University of London.[6]
Go lwela ditshwanelo kgatlhanong le puso ya tlhaolele
[fetola | Fetola Motswedi]Creecy o ne a nna le seabe mo letsholong le le kgatlhanong le puso ya tlhaolele fa e le moithuti wa polotiki, o ne a nna leloko la African National Congress (ANC) ka nako e e neng e ileditswe fa a dira ngwaga wa bofelo wa sekolo ka 1979, morago ga go tsenelela bokopano kwa Roma University kwa Lesotho.[3] O ne a tswelela ka go tsaya karolo mo go lweleng ditshwanelo fa a bereka le mmueledi wa ditshwanelo tsa setho Priscilla Jana, e ne e le leloko la United Democratic Front (UDF) fa e tlhamiwa ka 1983.[3]
Morago o ne a bereka le UDF, pele e le leloko la Civic Desk le e le mmereki wa lekgotla le le ikemetseng le le neng le e fa makgotla thuto le kemo nokeng. O ne a na le seabe mo tirisanong mmogo ya UDF le Congress of South African Trade Unions ka fa tlase ga lekgotla la Mass Democratic Movement.[2][3] O berekile le ANC, a bega ka didirisiwa tsa yone kwa Botswana. O ne a tshabile ka nakwana a fetsa dikgwedi tse pedi kwa Soviet Union.[3]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Final Candidate Lists for 2024 National and Provincial Elections: National Candidates" (PDF). Electoral Commission of South Africa. 10 April 2024. Retrieved 15 December 2025
- 1 2 "MEC Profile: Ms Barbara Creecy". Government of Gauteng. Archived from the original on 11 May 2017. Retrieved 15 December 2025
- 1 2 3 4 5 6 7 Segar, Sue (22 November 2019). "Environmental impact". Noseweek. Retrieved 15 December 2025
- ↑ "Behind the Politics: Creecy on student activism, juggling career and family life". EWN. 8 August 2019. Archived from the original on 24 April 2022. Retrieved 15 December 2025
- ↑ "Barbara Creecy: 'You can make a difference if you want to'". The Mail & Guardian. 6 November 2020. Retrieved 15 December 2025
- ↑ "Barbara Creecy, Ms". South African Government. Retrieved 15 December 2025