Basadi ba molao le ditlhabololo mo Aforika
Lekgotla la basadi ba molao le ditlhabolo mo Aforika ke lekgotla ebile ke mafaratlhatlha a a kopantseng basadi ba mafatshe a Aforika, le le senang dipoelo, ebile ese la puso, le le nang le makgotla a le makgolo a matlhano, batho ba le sekete le makgolo a mabedi, le aname le mafatshe a le masome a mabedi le bosupa.[1][2][3] Le ntswa lekgotla le le itsegeng ka bokhutshwane e le WiLDAF, le bereka mo dikgaolong tse di farologaneng, le itebagantse thata le tsa itsholeleo, setho, le dipharologano tsa ditso gareng ga dikgaolo le mafatshe.[4]
Lekgotla le le godile go tswa mo go la ditshwanelo tsa basadi jaaka ditshwanelo tsa setho, e le go tlhomamisa ditshwanelo tsa basadi eseng matlhoko fela.[4]
WiLDAF e ikaegile ka gore tekatekano le thatafatsa di botlhokwa mo setšhabeng se se itekanetseng, ba lebaganya maiteko a bone le tlhabololo le molao tse di amang basadi, go buelela basadi le go ba ruta.[5] Ba dumela gore thatafatsa basadi ka thuto, katiso, puisano le go ba fitlhelela ka tsa tlhabolo le molao go botlhokwa thata.[4] Fa godimo ga foo, ba bereka mo mafatsheng le mo dikgaolong go thusa go rulaganya, go tlhabolola le go aga dikamano tsa mafatshe gore ba kgone go nna le kemo nokeng. Lekgotla le le thusa gape fa go na le tlontlololo ya ditshwanelo tsa bomme, ka go dira gore go nne le ba ba tsibogang ka pele le go dira gore go nne le mafelo a bomme ba ba kgokgontshiwang mo maikutlong, mo mebeleng le mo tumelong (fa go ntse jaana ba ka fa mme wa go nna jalo boroko le go mo thusa go tsaya dikgato tsa semolao.)[2]
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Lekgotla la basadi ba molao le ditlhabololo mo Aforika le simolotswe ka ngwaga wa 1990, Tlhakole ka bokopano jwa kgaolo kwa Harare,Zimbabwe (ka setlhogo sa "Basadi, tshwanelo le tlhabololo: mafaratlhatlha a go thatafatsa mo Aforika)[6], e le maduo a go kopana ga bomme ba le barataro ba tla ka kakanyo ya lekgotla le le kopantseng mafatshe a Aforika morago ga go tsenelela bokopano jwa basadi jwa leatshe ka bophara jo bo neng bo tshwaretswe kwa Nairobi ka ngwaga wa 1985.[7] Bokopano jo bo ne bo na le seabe se segolo mo go tlhamiweng ga WiLDAF ka gore dikgang tse di amang ditshwanelo tsa bomme, di ne tsa nna setlhogo sa ngangisano mo basading ba Aforika ba ba neng ba tseneletse bokopano joo.
Kopano ya basadi ya lefatshe ka bophara ke gone kwa dikakanyo ka ditshwanelo tsa basadi le ditshwanelo tsa setho di nnileng setlhogo sa ngangisano teng.[4]
Ntlha e nngwe e e botlhokwa mo tshimologong ya WiLDAF ke kwa makgotla a ditshwanelo tsa setho a neng a gwetlha go lemogiwa semmuso ga ditshwanelo tsa basadi kwa bokopanong jwa United Nations jwa ditshwanelo tsa setho kwa Vienna ngwaga wa 1993.[4]
Bokopano jo bongwe jo bo tokafaditseng ditshwanelo tsa basadi go nna ditshwanelo tsa setho ke bokopano jwa bone jwa basadi jo bo neng bo tshwaretswe kwa Beijing ka ngwaga wa 1995, kwa letsholo le le neng la tlhalosiwa.[4] Mo godimo ga go nna setlhogo sa ngangisano ka ditshwanelo tsa basadi, bokopano jo bo ne jwa gwetlha ngangisano ka go thatafadiwa ka molao.[8]
Dikopano tse tsotlhe di ne di etleediwa ke ba lekgotla la basadi ba molao le ditlhabololo, ka thuso ya lekgotla la kwa United States le le bidiwang OEF International.[4] OEF International e dirile gore go nne le kgolo ya mafaratlhatlha a makgotla go kopanya maiteko le ditiro kwa magaeng go anamisa thuto le kitso ka ditshwanelo tsa basadi.[4] Go tlaleletsa WiLDAF, OEF International e ne ya ema nokeng tshimolodiso ya Bokopano jwa basadi kwa Asia, Molao le Tlabololo (APWLD) ga mmogo le Comitè de America Latina y El Caribe para la Defensa de los Derechos de la Mujer (CLADEM) kwa Latin America le Carribean.[4]
Popego
[fetola | Fetola Motswedi]Ofisikgolo ya WiLDAF e kwa Harare, Zimbabwe.[9] Jaaka lekgotla le le mo mafatsheng a mantsi, WiLDAF e na le diofisi tsa mafatshe le tsa mo gae mo dikgaolong dingwe; mo dikgaolong tse dingwe dikomiti tse di gakololang WiLDAF le baemedi ke tsone di dirang, mo boemong jwa diofisi kwa di seong teng.[9] Bokopano, thulaagnyo le go tsaya ditshwetso go simololwa kwa tlase kwa magaeng go tswelele go ya kwa godimo, mo mafatsheng, dikgaolo le lefatshe ka bophara.[4] Maloko le makgotla ba tsaya karolo mo dikgatong tse dintsi tsa go tsaya ditshwetso le bokopano. Ditlhotlhomiso le dipego di dirisiwa thata mo bokopanong. WiLDAF ba tshwara bokopano jo bogolo mo dingwageng di le mmalwa go rulaganya le go eteletsa pele tsa isago, go netefatsa le go oketsa maikaelelo a bone le go ipelela tse ba di kgonneng.[4]
Maikaelelo le Maikemisetso
[fetola | Fetola Motswedi]WiLDAF e tswa mo mokgatlhong wa ditshwanelo tsa basadi ke ditshwanelo tsa setho, o o gatelelalng gore ditshwanelo di tshwaentse go lwelwa, go tlhomamisiwa le go bewa leitlho go na le go kwalwa e le matlhoko. E emisa le go ikaega ka maikaelelo le maitlamo a a fitlhetsweng mo go bueleleng basadi ga pele.[10] Fa godimo ga foo, ditshwanelo tsa setho ga se tsa borre fela, ka jalo makgotla a tshwanetse go lebelela kgetholo la pelegi le bong ga mmogo le go bogisiwa, tse basadi ba ditlhokang. lekgotla le le ne le buelela basadi mo dintlheng tsotlhe, diakaretsa go baya leitlho dikgang tsa bobedi gore e nne molao wa lolwapa. [4]
Tlhabololo
[fetola | Fetola Motswedi]Mo maikaelelong a bone a tlhabololo, WiLDAF e rotloetsa basadi go batla kitso le go ithatafatsa ka go nna le ditlamelo jaaka itsholeleo, botsogo le tsa setšhaba.[4] Se se dirwa ka ditiragalo tse dintsi tsa ikatiso le bokopano. Go botlhokwa go bereka le tse dingwe.
Go gwetlha
[fetola | Fetola Motswedi]Go gwetlha ke tiro e e botlhokwa ya lekgotla la WilDAF mo go tokafaditsweng ebile go thatafadiwa ke ditumalano le mafatshe a mangwe, tumalano e nngwe e le ya bokopano jwa go emisa kgetholo tsa mefuta yotlhe kgatlhanong le basadi, e e fetisitsweng ka ngwaga wa 1980. [4]
Malatsi a a lesome le borataro kgatlhanong le kgokgontsho ya bong
[fetola | Fetola Motswedi]Malatsi a a lesome le borataro kgatlhanong le kgokgontsho ya bong ke tiragalo e e amogetsweng ke ba WiLDAF e le motseletselel wa malatsi a marataro fa gare ga letsatsi la mafatshefatshe la go fedisa kgokgontsho ya basadi ka Ngwanatsele a le masome mabedi le botlhano, le letsatsi la mafatshefatshe la ditshwanelo tsa setho ka Morule a le malatsi a a lesome.[10] Tiragalo e ya ngwaga le ngwaga e na le matsholo, dithuto tse kgaolo nngwe le nngwe e ka dirulaganyang ka bongwe ka bongwe go ya matlhoko a bone a mo gae.[4] Ditiragalo di itebagantse le go ruta le go rotloetsa tsiboso ka go amanya ditiragalo mo kgaolong.
Ghana
[fetola | Fetola Motswedi]Fa e sale ka ngwaga wa 2007, lekgotla la basadi ba molao le ditlhabolo mo Aforika, ofisi e e kwa Ghana e ntse e ikopantse le lekgotla la Crossroads International go ruta le go tsibosa batho ka molao wa banna le basadi.[11] Fa godimo ga moo, ba ema nokeng basadi ba ba itemogetseng kgokgontsho ka lenaneo la bone la go nna le thuso ya molao.[11]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Women in Law and Development - West Africa".
- 1 2 "Courants de Femmes".
- ↑ "Women in Law and Development - West Africa, History". Women in Law and Development in Africa - History.
- 1 2 3 4 5 6 7 8 9 10 11 12 13 14 15 Hodgson, Dorothy L (Summer 2002). "Women's rights as human rights: Women in law and development in Africa (WiLDAF)". Africa Today. 49 (2): 2–26. doi:10.2979/AFT.2002.49.2.2. Retrieved 18 June 2025.
- ↑ Butegwa, Florence (1992). "Women in Law and Development in Africa (WILDAF)". Agenda: Empowering Women for Gender Equity (14): 74–76. JSTOR 4548001.
- ↑ "Women in Law and Development in Africa"
- ↑ Müller, Christine (2015-07-31). Local Knowledge and Gender in Ghana. Bielefeld. ISBN 9783839403785.
- ↑ Manuh, Takyiwaa; Akua Anyidoho, Nana (July 2015). "'To Beijing and Back': Reflections on the Influence of the Beijing Conference on Popular Notions of Women's Empowerment in Ghana". IDS Bulletin. 46 (4): 19–27. doi:10.1111/1759-5436.12152.
- 1 2 Butegwa, Florence (1–4 August 1995)."The Human Rights of Women in Conflict Situations in Africa: A Key Concern for WiLDAF".UNIFEM-AFWIC Conference on women in conflict situations in Africa, Addis Ababa, Ehtiopia: 1–4. Retrieved 18 June 2025
{{cite journal}}: Cite journal requires|journal=(help) - 1 2 Kelly, Liz (1 December 2005). "Inside Outsiders: Mainstreaming Violence Against Women into Human Right Discourse and Practice". International Feminist Journal of Politics. 7 (4). doi:10.1080/14616740500284391. S2CID 143985481.
- 1 2 "Crossroads International, Speaking up and speaking out: Access to Justice for all".