Baswa mo Thekenolojing

Bašwa mo Thekenolojing
[fetola | Fetola Motswedi]Thekenoloji mo Aforika Borwa e gola e bile eteletse pele ke bašwa ba dingwgaga di tloga ka 16-29, ba dira ka natla go fetola thekenoloji ya khala mme ba e dira ya seshweng ka ditsela tse di farologaneng ba dirisa mafaratlhatlha a a farologaneng.
Ditsela tsa go fetola Thekenoloji
[fetola | Fetola Motswedi]Thulaganyo ya thekenoloji e dirwa ke bašwa le gape baithuti ba mophato wa 4 go ya go wa 12, ba itsiseng dikgopolo tsa thekenoloji ka diporojeke tse di dirwang ka diatla kwa dikolong.[1] Badiragatsi ba nna le seabe mo ditirong tsa setlhopha, ba dirisa didiriswa le kaelo go tswa mo baitsesaenseng le bagakolodi go rarabolola dikgwetlho tsa tiragatso le go bona gore ke eng seo ba ka se fetolang go dira thekenoloji e nne botoka. Thulaganyo eno e ikaeletse go rotloetsa kgatlhego mo ditirong tsa saense le thekenoloji le go rotloetsa batho go nna le mogopolo wa go dira dilo tse dintshwa.[2]
Tlhabololo ya Thekenoloji
[fetola | Fetola Motswedi]Bašwa ba Aforika Borwa ba dingwaga tse di magareng ga 16 le 29, ba nale maatla a go dirisa thekenoloji go tlisa diphetogo mo setšhabeng. Thulaganyo e, e tlhoma mafelo a setšhaba a mo go one basha ba ka ithutang ka data, thekenoloji le go nna le seabe mo setšhabeng.[3] Ka diforamo le ditiragalo, batsayakarolo ba tlhabolola dikgono tsa dijithale mme ba dirisana mmogo le dipuso tsa selegae le mekgatlho go rarabolola mathata a setšhaba.[4]
Ditholosu tsa Thekenoloji
[fetola | Fetola Motswedi]Ditlholosu kana di diriswa jaaka Inthanete,Microsoft, Facebook, Instagram, Twitter le Whatsapp di beeletsa mo tlhabololong ya bašwa ka e le lefelo leo ba kgonang go bona le go tla ka dikakanyo tsa tlhabololo. Department of Education e bong ba Lefapha la Thuto ba ka dira dibasari gore baswa ba kgone go ithutela ka saense le thekenoloji kwa dikolong go oketsa kitso, go ithuta le go bona ditiro.[5]
- ↑ https://www.unicef.org/innovation/stories/youth-leading-innovation-agenda
- ↑ https://www.itweb.co.za/article/sa-gears-up-for-youth-day-with-tech-focused-initiatives/j5alrMQAVxZMpYQk
- ↑ https://liquid.tech/empowering-south-africas-youth/
- ↑ https://www.weforum.org/stories/2025/01/foundations-empowering-youth-education-technology/
- ↑ https://www.weforum.org/stories/2025/01/foundations-empowering-youth-education-technology/