Jump to content

Bathabile Dlamini

Go tswa ko Wikipedia
Bathabile Dlamini
Dlamini (wa bobedi go tswa kwa molemeng) o kopana le Manmohan Singh
tautona wa borataro wa lekgotla la basadi la African National Congress
In office
Phatwe a le malatsi a supa ngwaga wa 2015  Moranang 2022
DeputySisi Ntombela
Pele Ga GagweAngie Motshekga
Morago Ga GagweSisisi Tolashe
Tona wa botautona wa basadi
In office
Tlhakole a le masome a mabedi le bsoupa ngwaga wa 2018  Motsheganong a le masome mabedi le borobabongwe ngwaga wa 2019
PresidentCyril Ramaphosa
Pele Ga GagweSusan Shabangu
Morago Ga GagweMaite Nkoana-Mashabane
Tona wa ditlhabololo
In office
Ngwanatsele a rogwa ngwaga wa 2010  Tlhakole a le masome mabedi le bosupa ngwaga wa 2018
PresidentJacob Zuma Cyril Ramaphosa
Pele Ga GagweEdna Molewa
Morago Ga GagweSusan Shabangu
Ka Ga Ena
O tsetsweBathabile Olive Dlamini
Lweste a le lesome ngwaga wa 1962
Nquthu Natale Aforika Borwa
Moagi Wamo Aforika Borwa
MokgatlhoAfrican National Congress
Alma materUniversity of Zululand

Bathabile Dlamini (o o tshotsweng ka Lwetse a le lesome ngwaga wa 1962) ke mopolotiki wa kwa Aforika Borwa o e neng e le tautona wa lekgotla la bomme la African National Congress (ANC) go tswa ka 2015 go tsena 2022. Pele e ne e le tona wa basadi mo ofising ya ga tautona go tswa ka 2018 go tsena 2019, le tona wa ditlhabololo go tswa ka 2010 go tsena 2018.

Ke mmaboipelego ka katiso, Dlamini o tlhatlogile maemo mo sepolotiking ka lekgotla la basadi la ANC, kwa a neng a le mokwaledi mogolo go tswa ka 1998 go tsena 2004. Ka 2006, o ne a lebisiwa molato wa go tsietsa palamente mo matlhabisa ditlhong a Travelgate. Pele o ne a tlhophilwe mo komiting ya ANC ka 2007 a nna moema nokeng o o buang ka tshosologo wa ga tautona wa pele Jacob Zuma, o a nenga mo thapile mo matoneng a gagwe. Le ntswa a berekile e le tona wa basadi ka nakwana ka fa tlase ga ga motlhatlhami wa ga Zuma, tautona Cyril Ramaphosa, o ne a ntshiwa mo go nneng tona morago ga ditlhopho tsa Motsheganong 2019 a ithola marapo go tswa mo palamenteng kgwedi e e latelang.

Fa a le tona wa ditlhabololo, Dlamini e ne e le tshoso e rweleng mo mathateng a dithuso tsa madi a 2017 a a neng a batla go koafatsa lekgotla la South African Social Security Agency le tsamaiso ya tlhokomelo batho. Kgotlatshekelo ya molaomotheo le ditlhotlhomiso tsa semmuso tsa maitshwaro a gagwe di ne tsa supa fa go nna ithokomolosa dilo ga gagwe go nnile le seabe mo mathateng ao. Ka Moranang 2022, o ne a lebisiwa molato gape wa go sa bue boammaruri mme a ikanne ka nako ya ditlhotlhomiso. Kgwedi yone eo, o ne a ntshiwa mo maemong a tautona wa lekgotla la bomme la ANC fa ANC e phatlalatsa baeteledipele ba lekgotla leo ka mabaka a gore ba fetile dingwaga tsa bone tse tlhano. Molato wa gagwe wa go tlhoka go bua nnete mo maikanong, o ne wa mo thibela go emela ditlhopho tsa bone tsa setlha sa dingwaga tse tlhano mo komiting ya ANC.

Botshelo jwa a le mmotlana le tiro

[fetola | Fetola Motswedi]

Bathabile Olive Dlamini o tshotswe ka Lwetse a le lesome ngwaga wa 1962 kwa Nquthu kwa e neng e le kgaolo ya Natale ka nako eo, gompieno e le bontlha jwa KwaZulu-Natal.[1] O goletse kwa Matshensikazi, gaufi le Nkandla[1], le kwa Imbali, motsana o o kwa ntle ga Pietermaritzburg.[2] Ka ngwaga wa 1983, e ne e le leloko la Imbali Youth Organisation fa e simololwa, e le lekgotla le le amanang le United Democratic Front. O nnile leloko la bokopano jwa baithuti jwa South African National Students Congress, e le lekgotla le lengwe le le tsamaelanang le Congress ka 1985.[3] Ka ngwaga wa 1989, o ne a aloga kwa University of Zululand ka Bachelor of Arts ya Social Work.[3] Go tswa ka 1999 go tsena 1993, o ne a bereka e le mmaboipelego kwa lekgotleng le e seng la puso la batho ba batshelang ka bogole le le bidiwang Pietermaritzburg Cripples Association.[4]

Ka nako eo go tswa ka 1991, Dlamini e ne e le bontlha jwa boeteledipele jwa nakwana jwa kgaolo jwa lekgotla la bomme (ANCWL) ba ANC kwa Natal Midlands. ANC e ne e sa tswa go fedisediwa kiletso ke puso ya tlhaolele, baeteledipele ba nakwana ba fiwa tiro ya go aga sesha makgotla a ANCWL mo Aforika Borwa.[3] O ne a tlhophilwe pele e le mokwaledi wa kgaolo wa ANCWL kwa Natal Midlands ka 1992, a nna mo maemong ao go fitlhelela ka Morule 1993, fa a tlhophiwa mothusa mokwaledi mogolo wa ANCWL ya lefatshe,[3] a bereka ka fa tlase ga ga mokwaledi-mogolo Nosiviwe Mapisa-Nqakula.[5]

Tiro ya gagwe mo palamenteng

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ditlhopho tsa ntlha tsa Aforika Borwa morago ga puso ya tlhaolele ka 1994, Dlamini o ne a tlhophilwe e le leloko la palamente ya Aforika Borwa . Gareng ga nako eo go tsena 2004, o berekile mo dikomiting tsa ditirelo tsa go aga motho sesha le ditlhabololo.[4] Ka nako eo o ne a bereka gape e le mokwaledi mogolo wa lekgotla la ANCWL, maemo a a nnileng mo go one go tswa ka 1998 go tsena 2008.[3][4][6]

Travelgate

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2005, Dlamini e ne e le mongwe wa mapolotiki a a amegang mo mathateng a Travelgate, a a neng a akaretsa go dirisa botlhaswa di vouchera tsa mesepele ya mapalamente.[7] Lekgotla la moatlhodi mogolo le ne la re Dlamini o dirisitse divouchara tsa mosepele wa mapalamente tsa mesepele ka difofane, go duelela boroko, go firisa dikoloi le tse dingwe.[8] Ngwaga o o latelang, ka Phalane 2006, o ne a ipona molato mo tsietsong e e amanang le madi a selekanyo sa diranta di le dikete di le makgolo a mabedi, masome a matlhano le bone,[8] a atlholwa dikete tsa diranta di le lekgolo le masome a mabedi kgotsa dingwaga di le lesome mo kgolegelong, di le tlhano di seegetswe kwa thoko.[9] O ne a duela madi.[9]

Maemo a phathi

[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga katlholo ya gagwe, Dlamini o ne a tswelela a nna mo maemong a gagwe e le mokwaledi mogolo wa ANCWL, a ne a tlhophilwe labobedi mo setlheng sa dingwaga tse tlhano ka 2003.[10] O ne a tsaya karolo mo go tlhamiweng ga letsholo la bomme la tswelelopele (Progressive Women's Movement of South Africa), le le tlhamilweng ka 2006.[3] Kwa ANC, Dlamini e ne e le moema nokeng o o nonofileng wa ga mothusa tautona wa ANC Jacob Zuma,[11] fa baeteledipele ba bangwe ba ANCWL, e e neng e eteletswe pele ke Nosiviwe Mapisa-Nqakula ka nako eo ba ne ba sa mo rate. Zuma o ne a felela a tlhatlhama Thabo Mbeki e le tautona wa ANC kwa bokopanong jwa masome matlhano le bobedi ka Morule 2007. E ntse e le kwa bokopanong joo, Dlamini o ne a tlhophiwa mo setlheng sa dingwaga tse tlhano go ya komiting ya ANC, o ne abereka gape mo komiting ya boremelelo.[1]

Fa a fetsa setlha sa gagwe e le mokwaledi mogolo wa ANCWL, Dlamini o ne a emela go tlhatlhama Mapisa-Nqakula e le tautona wa ANCWL, mme ka Phukwi 2008 o ne a fenngwa ka tlhopho ya ga Angie Motshekga.[12] Le fa go ntse jalo, Dlamini o ne a tlhophiwa go nna mmereki wa nako e e tletseng mo komiting ya ANCWL.[1] Ka 2008, o ne a bereka e le mmereki o o tletseng wa ANC e le morulaganyi wa kgaolo mo ofising ya ga tautona o a neng a sa tswa go tlhophiwa Zuma.[3]

Tiro ya gagwe e le tona

[fetola | Fetola Motswedi]
Bathabile a amogela tonakgolo wa India Manmohan Singh kwa Waterkloof Air Force Base ka Phalane a le lesome le bosupa ngwaga wa 2011

Lephata la ditlhabololo: 2009 go tsena 2018

[fetola | Fetola Motswedi]

Dlamini o ne a tlhophiwa gape kwa palamenteng ka dilthopho tsa 2009, tse kwa go tsone Zuma a neng a tlhophiwa go nna tautona wa Aforika Borwa.[13] Ka Motsheganong a le lesome le motso ngwaga wa 2009, Zuma o ne a mo tlhoma mothusa tona wa ditlhabololo ka fa tlase ga ga tona Edna Molewa. O berekile e le mothusa tona go fitlhelela ka Phalane a le masome mararo le motso ngwaga wa 2010,[4] fa Zuma a tswakanya matona a gagwe, kwa Dlamini a neng a tlhatlhama Molewa e le tona wa ditlhabololo.[14]

Dlamini o ne a nna mo maemong ao sebaka sotlhe sa botautona jwa ga Zuma, a iponela tiro gape mo matoneng a gagwe a bobedi morago ga ditlhopho tsa 2014. Fa a le tona, e ne e le modulasetilo wa dikomiti tsa matona tsa kgokgontsho ya bong, go lwantsha go dirisa ditagi botlhaswa, le kgodiso ya bana.[1] Ka nako ya gagwe, komiti ya kgokgontsho ya bong e ne ya tlhama lekalana la Gender-Based Violence Command Centre,e le lekalana le le kgonang go lelediwa nako nngwe le nngwe bosigo le motshegare le gakolola le go sidila batswasetlhabelo ba kgokgontsho maikutlo.[1]

Ditshenyegelo tsa matona

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Seetebosigo 2016, phathi ya kganetso ya Democratic Alliance (DA) e ne ya kgala Dlamini go bo a ne a re baamogedi ba dithuso tsa madi ba tshwanetse go kgona go itshidisa ka dituelo tsa diranata di le makgolo a supa, masome a matlhano le boraro ka kgwedi, ba supa fa ene a dirisitse diranta di le dikete di le lesome le motso go nna kwa hoteleng kwa Umhlanga ka nako e khutshwane.[15] Morago ngwaga one oo, pampiri ya Sunday Times e ne ya bega gore lephata la ditlhabololo le dirisitse sedikadike mo koloing ya bo tona ya ga Dlamini, ya BMW 740i, le sedikadike se sengwe mo go rekeleng mothusi wa gagwe, Hendrietta Bogopane-Zulu Jeep Grand Cherokee; tse tsotlhe di feta seelo sa dikoloi tsa semmuso.[16]

Ka Motsheganong 2017, fa a botsolosiwa ke komiti ya palamente ya madi a setshaba, Dlamini o ne a dumalana gore lekgotla la South African Social Security Agency (SASSA) le duetse go tswa mo mading a lone go thapela bana ba gagwe batho ba tshireletso, go ya ka ene e le ka ntlha ya gore bana ba gagwe ba mo diphatseng.[17] Ka 2018, motlhatlhami wa ga Dlamini e le tona wa ditlhabololo, Susan Shabangu, o ne a bega fa SASSA e dirisitse didikadike di le pedi mo ditirelong tseo tsa tshireletso mo ngwageng wa madi wa 2014/2015, le gore lephata le tsaya dikgato tsa go busa madi a a dirisitsweng.[18]

Mathata a dithuso tsa madi

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 2014, kgotlatshekelo ya molaomotheo wa Aforika Borwa e ne ya atlhola gore SASSA e dirisitse ditsela tse di sa tshwanelang tsa go dira dikopo tsa ditirelo fa ba rulaganya konteraka le kompone e e ikemetseng ya Cash Paymaster Services, e e neng e thapetswe go anamisa dithuso tsa Aforika Borwa tsa madi (ka nako eo e le dibilione di le lesome ka kgwedi). Kgotlatshekelo e ne ya re konteraka ya Cash Paymaster Services ga e a siama, ya laola SASSA go simolola tsamaiso ya dikopo tsa ditirelo.[19] Fa tsamaiso e simololwa gape, SASSA e ne ya atolosa ditirelo tsa Cash Paymasters Services go fitlhelela Moranang a rogwa ngwaga wa 2017, mme ba tsaya tshwetso ya gore fa konteraka e fela, e tlaa duela dithuso tseo ka bo yone.[20]Le fa go ntse jalo, ka Mopitlo a le fa gare, SASSA e ne e sa rulaganya go anamisa dithuso tsa madi ebile e sa batla modiredi o mongwe, se se baka letshogo, le le tlhokomologilweng ke Dlamini, o e neng e le motshwareledi wa sepolotiki wa SASSA, gore dithuso tsa madi ga di na go duelwa ka Moranang, se se bakela ba ba ikaegileng ka ltsone ba ka nna didikadike di le lesome le bosupa mathata.[20][21] Mathata a a ne a tokafadiwa ka Mopitlo a le lesome le bosupa, fa kgotlatshekelo e tsibogela kopo ya Black Sash (e e tsentseng Corruption Watch, le poso ya Aforika Borwa, le ba bangwe)e bo e laela SASSA go oketsa konteraka ya Cash Paymaster Services ka ngwaga o mongwe.[22]

Ka nako ya mathata a. tautona Zuma o ne a femela Dlamini, a itlhokomolosa ba ba reng a mo kobe are ka fa a dirileng ka teng mo kgangnyeng eo go ka se sekasekiwe go fitlhelela seelo sa Moranang a rogwa se wela.[23] Le fa go ntse jalo, Dlamini o ne a kgalelwa go tlhoka go tsaya kgato epe mo dikgweding le dingwaga pele ga konteraka e fela, le ka fa a neng a tshwara babega dikgang ka teng ka nako ya mathata ao.[24] O ne a supa fa a sa tsaya kgato epe pele ka pele ga Phalane 2016 o ne a sa itse fa SASSA e sa ipaakanyetsa go diragatsa neelano e e neng e dumalanwe.[25]Mo katlholong ya Mopitlo a le lesome le bosupa, e kwadilwe ke moatlhodi Johan Froneman ka tumalano ya baatlhodi botlhe, kgotlatshekelo e ne ya inola Dlamini go re o na le seabe mo go bakeng mathata ao, ya fetsa ka gore ene e le tona o o nang le maikarabelo a SASSA, o na le maikarebelo a mathata ao otlhe.[22][26] Fa a gatelela se se builweng ke moatlhodi Mogoeng Mogoeng ka dingangisano,[27] Froneman o ne a kwala gore ga gona sesupo sa gore Dlamini o kile a supa kgatlhego epe mo tswelelopeleng ya SASSA go fitlhelela 2016 a ya fifing.[22] Moitseanape wa molaomotheo Pierre de Vos o ne a re katlholo e e kgala mopalamente ka tsela e a e sikeng a e bone.[28]

Kgotlatshekelo ya molaomotheo e ne ya thapa moatlhodi Bernard Ngoepe go tlhotlhomisa seabe sa ga Dlamini le maitsholo mo mathateng ao.[29] ka Motsheganong 2018 ka nako e Dlamini a neng a sule mo maemong a lephata la ditlhabololo, Ngoepe o ne a begela kgotlatshekelo gore maitsholo a ga Dlamini fa e le tona e ne e le a a botlhaswa ebile a itlhokomolositse dilo tse dintsi.[30] Ka Lwetse ngwaga oo, go ya ka pego ya ga Ngoepe, kgotlatshekelo e ne ya atlhola ka tumalano ya bongwefela jwa pelo gore ntlha eo ya maikarabelo a ga Dlamini mo mathateng a dithuso tsa madi ke ka ntlha ya gagwe, ka a ne a itlhokomolositse dilo. O ne a atlholwa a bo a laelwa go duela 20% wa madi a a lopilweng mo tshekong e e neng e tsisitswe pele ke Black Sash.[31] Tlhotlhomiso ya ga Ngoepe le tse kgotlatshekelo e di boneng le tsone di ne tsa baka gore a atlholelwe go sa bue boammaruri a le mo maikanong.

Go tlhoka go nna teng

[fetola | Fetola Motswedi]
Dlamini kwa New Dehli le molekane wa gagwe wa kwa India, Krishna Tirath ka Phatwe a le masome mabedi le boraro ngwaga wa 2012

Ka nako a mathata a dithuso tsa madi le morago, Dlamini o ne a kgalelwa go tlhoka go nna teng mo dikopanong tsa palamente le dikomiti tse di sekasekang kgang e ke mapalamente a mangwe, a akaretsa le a ANC.[32][33] Ka 2016 o ne a nna teng sentle mme ka Firikgong go tsena Motsheganong 2017 ene le mothusi wa gagwe ba ne ba seo kwa dikopanong di le thataro tsa dikomiti di ferabongwe kwa ba neng ba solofetswe go nna teng.[34] Dlamini o ne a retelelwa ke go nna teng kwa bokopanong jwa komiti ya madi a setshaba ka 2017, bokopano jo bo neng bo lebelela go dira ga SASSA le mananeno a go neelana, morago o ne a retelelwa ke go nna teng kwa dikopanong tse pedi tsa maphata a gagwe tsa madi a 2017/2018.[35]

Tautona wa lekgotla la basadi la ANC: 2015 go tsena 2022

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo mosong wa Phatwe a le malatsi a robabobedi ngwaga wa 2015,[1][36] kwa bokopanong jwa ANCWL kwa Pretoria, Dlamini o ne a tlhophiwa go nna tautona wa lekgotla la ANCWL.[6] o ne a fenya tona wa thuto go tswa kwamoding Angie Motshekga, o a neng a emetse dilthopho gape, ka dilthopho di le sekete, makgolo a matlhano, masome amararo le bosupa fa Motshekga a bone di le sekete le masome a robabobedi le bongwe.[37] Dlamini o ne a tlhophiwa gape go nna modulasetilo wa komiti ya ANC kwa bokopanong jwa masome a matlhano le boraro jwa ANC ka Morule 2012[3] le kwabokopanong jwa masome a matlhano le bone ka Morule 2017.[3]

Ka nako ya Dlamini e le tautona wa lekgotla, ANCWL e ne ya itsege ka go ema nokeng tautona o go neng go ngangisanwa ka ene Zuma.[38] Ka ngwaga wa 2016, Dlamini o ne a bolelela SABC gore maloko a ANC a a kwa godimo a tshwanetse go ngosela mo go buisaneng phatlalatsa ka go tsewa ga puso mo pusong ya ga Zuma, "ka rotlhe mo komiting ya ANC re na le tse re di fitlhileng ebile ga re batle go diupolola ka go tla nkga go sa bola".[39][40][41][42] Pele ga bokopanong jwa masome a matlhano le bone jwa ANC ka 2017, Dlamini o ne a ema letsholo la ga Zuma nokeng la go tlhopha Nkosazana Dlamini-Zuma go mo tlhatlhama, mme le ne la retela.[24][43]

Dlamini o ne a tswelela e le tautona wa ANCWL go fitlhelela ka 2022, le ntswa a ne a tlhophilwe setlha da dingwaga tse tlhano go ya ka molaomotheo wa lekgotla. Ka Moranang 2022,morago ga go sekisiwa ga ga Dlamini, komiti ya ANC e ne ya itsise fa e tlaa phatlalatsa baeteledipele ba ANCWL ka ba ne ba feditse ditlha tsa bone.[44] Go phatlaladiwa mo go ne ga fetsa ditlha tsa ga Dlamini le ba bangwe, mme boeteledipele jwa ANCWL jwa neelwa setlhopha se se tlhophilweng, pele ga go tlhophiwa baeteledipele ba basha; Dlamini o ne a seka a tlhophiwa mo setlhopheng seo.[45]

Dlamini o ne a leka go boela polotiki ka Phukwi 2023 fa lekgotla la bomme le tshwara bokopano jwa ntlha kwa ditlhopho fa e sale 2015. Ditoro tsa gagwe di ne tsa phirima fa go supiwa gore o amogetse ditlhopho di le potlana go feta tsa ba bangwe mo maemong a botautona jwa lekgotla leo, a le kwa morago thata ga ba a neng a phadisana le bone ebong Sisisi Tolashe le Thembeka Mchunu, ba ba neng ba amogetse ditlhopho di le sekete, makgolo a matlhano, masome a marataro le bone le makgolo a supa, masome a robabongwe le borataro ka tatelano.[46] Ka Phukwi a le masome mabedi le boraro ngwaga wa 2023, Tolashe o ne a itsisiwe fa e le ene tautona o mosha wa lekgotla la basadj, a fentse Mchunu le Dlamini ka seelo se setona; Dlamini o ne a iponetse ditlhopho tse dinnye go gaisa bontlhopheng ba bangwe, a fetsa ka ditlhopho di le lekgolo le masome a supa fa Mchunu le Tolashe ba amogetse sekete, masome a mararo le borobabobedi, le sekete, makgolo a supa, masome a mabedi le borobabongwe ka tatelano.[47]

Lephata la bomme: 2018 go tsena 2019

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Tlhakole ngwaga wa 2018, Zuma o ne a ithola marapo a botautona, motlhatlhami wa gagwe Cyril Ramaphosa a thapa Dlamini mo matoneng a gagwe e le tona wa bomme, se se raya gore tota ke tona wa botautona.[3] O nnile mo maemong ao go fitlhelela Motsheganong a le masome a mabedi le botlhano ngwaga wa 2019, fa morago ga ditlhopho tsa 2019, a ne a ntshiwa mo matoneng a ga Ramaphosa.[4] O ne a tlhophiwa gape kwa palamenteng, a le mo maemong a lesome le bone mo lenaaneng la ANC,[13] mme o ne a ithola marapo morago ga ditlhopho ka Seetebosigo 2019.[48]

Go tlhoka go bua boammaruri a a fa maikano

[fetola | Fetola Motswedi]

Pego ya 2018 ya tlhotlhomiso ya ga Ngoepe ya mathata a dithuso tsa madi e ne e sula fa Dlamini a ne a sena boammaruri, ebile a itlhokomolositse tiro, ka nako ya mathata ao. Ngoepe o ne a begela kgotlatshekelo ya molaomotheo gore ka nako ya tlhotlhomiso, Dlamini o ne a tila ebile a buile mafoko a a fapaanang le bosupi jo bongwe. Basupi ba bangwe, le lokwalo lo lo neng lo kwadilwe ke Dlamini ka 2017, di ne di gatelela gore Dlamini o ne a nnile le seabe se setona mo go tlhameng makalana a mabedi a a neng a mmegela e le tona ebile a gatelela ditirelo tsa SASSA, e le nyenyafatso ya bokgoni jwa lekgotla leo. Dlamini o ne a latofatsa se, Ngoepe o ne a re go latofatsa ga gagwe ga go boammaruri ebile ke go ikakanya ene a le nosi.[29][49]

Ka katlholo ya yone ya 2018,kgotlatshekelo ya molaomotheo e ne ya dumalana le Ngoepe gore Dlamini o ntshitsw bosupi jo bo seng boammaruri fa a fa maikano, e ne ya dirisa le pego ya Ngoepe kwa moatlhoding mogolo, e e neng ya gakolola gore Dlamini a tlhotlhomisediwe go sa bua boammaruri mo maikanong.[31]Mopolotiki wa DA Bridget Masango o ne a isa ngongora ya semmuso kwa mosireletsing, a re Dlamini o ne a akeditse palamente ka Motsheganong 2019 fa a ba netefaletsa gore SASSA e tlaa kgona go duela dithuso tsa madi ka bo yone go tswa ka Moranang 2017; mosireletsi, Busisiwe Mkhwebane, o ne a bega ka 2019 gore o ka se tlhomamise se Masango a se buang sa gore tsholofetso ya Dlamini e tlodile molao.[50][51]

Le fa go ntse jalo, Dlamini o ne a atlholelwa go tlhoka go bua boammaruri a ikanne, o ne a tlhagelela lantlha kwa kgotlatshekelong ya Johannesburg ya mmakaseterata ka Lwetse a rogwa ngwaga wa 2021.[52][30][53] O ne a atlholelwa go tlhoka go bua boammaruri mo maikanong ka Mopitlo a robabobongwe ngwaga wa 2022.[54] Kgotlatshekelo e ne ya fitlhela e le gore o ne a fa bosupi jo bo seng nnete a itse ebile a dira jalo ka bomo, fa a re o ne a sa okamela ditlhopha tse pedi tsa pereko.[55] Fa kgotlatshekelo e rekegela katlholo ya ga Dlamini ya 2006 ya molato o mongwe o o amanang le go tlhoka boammaruri, e ne ya mo atlholela dingwaga di le nne mo kgolegelong, dingwaga di le pedi di seegetswe kwa thoko, kgotsa a dule dikete tsa diranta di le makgolo a mabedi, o ne a itlhophela go duela madi.[9]

Tsibogo ya ANC

[fetola | Fetola Motswedi]

Katlholo ya ga Dlamini e ne ya baka dingangisano mo potsong ya gore a molao wa kgato ka kgato wa ANC o tlhoka gore Dlamini a ithoke marapo e le tautona wa ANCWL.[56][57] Komiti ya ANC e ne ya tsaya tshwetso ya gore ga go tlhoke gore a ithole marapo, mme e ne ya itsise tshwetso eo fa e setse e rotse baeteledipele ba ANCWL botlhe marapo.[44] Le fa go ntse jalo, ka Morule 2022, komiti ya tlhopho ya ANC e modulasetilo wa yone e neng e le Kgalema Motlanthe o ne a itsise Dlamini gore ka gore o lebisitswe molato o o tlhoafetseng, ga a ka ke a emela boeteledipele bo pe kwa bokopanong jwa masome matlhano le botlhano.[58] Go fitlhelela ka nako eo, go ne go bonala fa Dlamini a ka tlhophiwa gape mo komiting - tsamaiso ya go tlhopha e ne e re o mo maemong a lesome le botlhano ka go ratega mo go bontlhopheng botlhe ba ba emetseng ditlhopho tsa maloko a robabobedi.[59] Mo kopong e e neng ya seka ya atlega ya go ikuela mo phathing gore tshwetso e boelwe morago, Dlamini o ne a re maikaelelo a gagwe ke go sekisa phathi gore ba boele morago tshwetso eo.[59]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Dlamini ke mme o o godisang bana a le nosi.[52]

  1. 1 2 3 4 5 6 7 "Minister Bathabile Dlamini Profile". Department of Social Development. 11 May 2009. Archived from the original on 4 May 2017. Retrieved 03 December 2025
  2. "Bathabile Dlamini is heartless, say former neighbours". IOL. 8 March 2017. Retrieved 03 December 2025
  3. 1 2 3 4 5 6 7 8 9 10 "Minister Bathabile Dlamini: Profile". The Presidency. Retrieved 03 December 2025
  4. 1 2 3 4 5 "Bathabile Olive Dlamini, Ms". South African Government. Retrieved 14 December 2022.
  5. 'For Freedom and Equality': Celebrating Women in South African History (PDF). South African History Online. 2011. p. 26.
  6. 1 2 Magcaba, Sbonokuhle (8 August 2015). "What you should know about new ANCWL leader, Bathabile Dlamini". eNCA. Archived from the original on 7 May 2017. Retrieved 03 December 2025
  7. "'We saved money through Travelgate payout'". IOL. 21 March 2009. Retrieved 03 December 2025
  8. 1 2 "Travelgate: 14 plead guilty". The Mail & Guardian. 16 October 2006. Retrieved 03 December 2025
  9. 1 2 3 Banda, Michelle (1 April 2022). "Bathabile Dlamini partially pays R200,000 fine to avoid prison for perjury". Daily Maverick. Retrieved 03 December 2025
  10. "United they stand?". The Mail & Guardian. 5 September 2003. Retrieved 03 December 2025
  11. "Mbeki's dream team". The Mail & Guardian. 7 November 2007. Retrieved 15 December 2022.
  12. "Women's League president elected". IOL. 6 July 2008. Retrieved 03 December 2025
  13. 1 2 "Bathabile Dlamini". People's Assembly. Retrieved 03 December 2025
  14. "Zuma announces cabinet reshuffle". IOL. 31 October 2010. Retrieved 03 December 2025
  15. "Minister who said South Africans can survive on R753, accused of R11,000 luxury hotel room splurge". Business Tech. 13 June 2016. Retrieved 03 December 2025
  16. Mokone, Thabo (10 May 2017). "Bathabile Dlamini scores new R1.3 million luxury sedan for herself". Sunday Times. Retrieved 03 December 2025
  17. Thamm, Marianne (17 May 2017). "Bathabile Dlamini admits Sassa paid for private security for her children". Daily Maverick. Retrieved 03 December 2025
  18. "Sassa wants to recoup R2m spent on security for Bathabile Dlamini's children". News24. 4 May 2018. Retrieved 03 December 2025
  19. "Cashing in on social grants". The Mail & Guardian. 22 May 2014. Retrieved 03 December 2025
  20. 1 2 Thamm, Marianne (14 November 2016). "SASSA social grants distribution doomsday and behind the scenes move to save 17-million grants". Daily Maverick. Retrieved 02 December 2025
  21. "Sassa crisis: South Africa's social security payments in chaos". BBC News. 14 March 2017. Retrieved 03 December 2025
  22. 1 2 3 "Constitutional Court orders CPS to carry on paying grants, rejects fee increase". GroundUp News. 17 March 2017. Retrieved 02 December 2025
  23. "Zuma stands by Bathabile Dlamini". Sowetan. 16 March 2017. Retrieved 03 December 2025
  24. 1 2 Munusamy, Ranjeni (6 March 2017). "Queen Con: Bathabile Dlamini, the face of the ANC's future". The Daily Maverick. Retrieved 03 December 2025
  25. "Social grants payment crisis – everything you need to know but were afraid to ask". The Mail & Guardian. 17 March 2017. Retrieved 03 December 2025
  26. Quintal, Genevieve (17 March 2017). "Dlamini responsible for social grants crisis, says Constitutional Court". Business Day. Retrieved 03 December 2025
  27. Chabalala, Jeanette; Raborife, Mpho (15 March 2017). "No explanation for Sassa, Dlamini's 'incompetence' - Mogoeng". News24. Retrieved 03 December 2025
  28. de Vos, Pierre (17 March 2017). "Sassa grant crisis: In this game of thrones, can Social Development Minister Bathabile Dlamini survive?". The Daily Maverick. Retrieved 03 December 2025
  29. 1 2 Thamm, Marianne (7 May 2018). "Bathabile Dlamini 'evasive', contradicted her own evidence, Judge Ngoepe finds". Daily Maverick. Retrieved 03 December 2025
  30. 1 2 "'Evasive' and 'reckless' Dlamini due back in court in perjury case". The Mail & Guardian. 30 September 2021. Retrieved 03 December 2025
  31. 1 2 "Bathabile Dlamini slapped with court costs, possible perjury probe". The Mail & Guardian. 27 September 2018. Retrieved 03 December 2025
  32. "These are the ministers who still haven't showed up to parliamentary meetings this year". BusinessTech. 23 July 2018. Retrieved 03 December 2025
  33. Mzekandaba, Simnikiwe (1 March 2017). "SASSA fails to get affairs in order". ITWeb Technology News. Retrieved 03 December 2925
  34. Makinana, Andisiwe (7 May 2017). "Bathabile bunks Parly meetings". City Press. Retrieved 03 December 2025
  35. Thamm, Marianne (28 February 2017). "Rogue minister on a suicide mission – Bathabile Dlamini undermines Parliament, again". Daily Maverick. Retrieved 03 December 2025
  36. "ANCWL votes for change, elects Dlamini as President". The Mail & Guardian. 8 August 2015. Retrieved 03 December 2025
  37. "Bathabile Dlamini elected ANCWL's new president". News24. 8 August 2015. Retrieved 03 December 2025
  38. "Bathabile Dlamini: Travelgate, 'Smallanyana Skeletons' – And Now Social Grants". HuffPost UK. 3 March 2017. Retrieved 03 December 2025
  39. "Dlamini's 'smallanyana skeletons' coming to haunt her - DA". News24. 10 March 2017. Retrieved 03 December 2025
  40. Mathope, Gosebo (8 June 2017). "Throwback Thursday: Bathabile Dlamini prepares us for 'smallanyana skeletons'". The Citizen. Retrieved 03 December 2025
  41. Pikoli, Zukiswa (15 March 2022). "Bathabile Dlamini's calamitous skeletons are finally bursting out of the closet". Daily Maverick. Retrieved 03 December 2025
  42. "Bathabile Dlamini's Comments That Have Caused An Uproar In The Last Two Years". HuffPost UK. 15 August 2017. Retrieved 03 December 2025
  43. Hartley, Ray (9 March 2017). "Why Bathabile Dlamini is untouchable". Business Day. Retrieved 3 December 2025
  44. 1 2 Sokutu, Brian (28 April 2022). "Step-aside rule: 'Fine' print saves Bathabile Dlamini's bacon". The Citizen. Retrieved 03 December 2025
  45. Makinana, Andisiwe (30 June 2022). "ANC appoints Baleka Mbete to lead women's league task team, excludes Bathabile Dlamini". Sowetan. Retrieved 03 December 2025
  46. Mahlati, Zintle. "Former ANCWL leader Bathabile Dlamini the least-nominated candidate for presidency by branches". News24. Retrieved 03 December 2025
  47. Mahlati, Zintle. "Sisisi Tolashe is the new president of the ANC Women's League". News24. Retrieved 03 December 2025
  48. "Bathabile Dlamini the latest to resign from Parliament". The Mail & Guardian. 11 June 2019. Retrieved 03 December 2025
  49. "Judge Ngoepe: Bathabile Dlamani 'evasive' during inquiry". The Mail & Guardian. 7 May 2018. Retrieved 03 December 2025
  50. "Busisiwe Mkhwebane clears Bathabile Dlamini of deliberately misleading parliament". Business Day. 2 October 2019. Retrieved 03 December 2025
  51. Davis, Rebecca (2 October 2019). "Public Protector cannot substantiate Bathabile Dlamini complaint — but slams IPID's McBride". Daily Maverick. Retrieved 03 December 2025
  52. 1 2 Chabalala, Jeanette (24 August 2021). "Former minister Bathabile Dlamini to be prosecuted for perjury". News24. Retrieved 03 December 2025
  53. Maphanga, Canny (21 September 2021). "Former social development minister Bathabile Dlamini in court for perjury". News24. Retrieved 03 December 2025
  54. Khumalo, Juniour (9 March 2022). "Bathabile Dlamini guilty of perjury, court rules". News24. Retrieved 03 December 2025
  55. "Court finds Bathabile Dlamini guilty of perjury". Business Day. 9 March 2022. Retrieved 03 December 2025
  56. "Bathabile Dlamini, Derek Hanekom, step-aside: The ANC fightback begins". The Mail & Guardian. 12 April 2022. Retrieved 03 December 2025
  57. "Bathabile Dlamini resists calls to step aside as ANC Women's League president". The Mail & Guardian. 21 February 2022. Retrieved 03 December 2025
  58. "Bathabile Dlamini barred from nominations as ANC NEC member". The Mail & Guardian. 8 December 2022. Retrieved 03 December 2025
  59. 1 2 Mbolekwa, Sisanda (14 December 2022). "Bathabile Dlamini's ANC NEC disqualification appeal denied". Sunday Times. Retrieved 03 December 2025