Jump to content

Batho Basweu mo Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Batho basweu ba selekanyo sa go tshwara 3% mo palong ya batho ba Botswana[1]

Botswana e nnile lefatshe la Tshireletso jwa Borithane ka ngwaga wa 1885 e bo e tsaya puso e le setshaba sa mafatshe ka selekanyo (Common wealth) ka ngwaga wa 1966. Batho basweu ba ba naleng boagedi mo Botswana, bogolo jang Maafrikans le palo potlana ya ba ba buang sekgoa , ba simolotse go goroga ka dingwaga tsa bo 1860 mme ba nna gaufi le masimo a fa molelwaneng wa Aforika Borwa. Palo ya batho basweu mo Botswana ga e ise e fete dikete tse tharo. Sekgowa se se buiwang ke Batswana mo gae se nale tshutshumetso ya diteme tsa batho ba kwa Aforika Borwa.[2]

Palo ya batho basweu mo Botswana e potlana fa e tshwantshanngwa le ya mafatshe a mabapi ka bangwe ba bone mo teng ele banni ba nakwana. Phetogo ya palo ya batho ke maduo a histori ya Botswana e kgethegileng ele tshireletso go na le kolone. Bontsi jwa Batswana ba eleng batho basweu ba ka sala morago motlhala wa ditso tsa bone go ya kwa batswakweng ba nako ya bokolone, ba ba gorogileng ka nako ya puso ya Borithane le fa bontsi jwa bone ele baagedi mo lefatshing la Botswana go na le British. Setlhopa sone sa batho ba, ke sa batho ba ba humileng bontsi ele bannga dikgwebo ebile di tsamaisiwa ke bone.[3]

Batho ba Yuropa ba ne ba simolola go fudugela kwa lefelong le gompieno eleng Botswana mo lekgolong la lesome le boroba bongwe la dingwaga, go simolola ka letso la maburu. Go fuduga ga Dorsland mo bofelong jwa lekgolo la lesome le bongwe le borobabongwe la dingwaga le tshimologo ya lekgolo la masome a mabedi la dingwaga go ne ga bona makgolo a malapa a maburu a tswa mo lefatsheng la Aforika Borwa go ya kwa Namibia wa gompieno ka tsela e ne e feta ka Botswana. Bontsi jwa malapa a ne nna , segolo jang kwa Ghanzi ele mo Kalahari Desert. Batho basweu mo Botswana bontsi ke ditlogolwana tsa maburu kgotsa Maafrikans , mme palo potlana ke diltogolwana tsa Borithane kgotsa ba Rhodesia.[4]

Mo go dimo ga moo, go nale setlhopa sa Baserbia mo Botswana, bontsi ele malwapa a batswakwa go tswa lefatshing la Yugoslavia ba ba tlileng tshimologo ya dingwaga tsa 1950. Go nale mokgatlho wa Serbian mo Gaborone, o o rulaganyangmediro ya setso e farologang. Ka ngwaga wa 2016, kago ya kereke ya ntlha ya Serbian Orthodox mo Botswana, ebong the St. Nicholas Church.[5]

Kereke ya St. Sava Serbian Orthodox Church e diragatsa mo Gaborone.[6]

Baepi ba basweu ba ne ba tla Botswana go epa gauta le diteemane[7]

Bechuanaland People's Party e ne ya lopa gore batho basweu botlhe ba tswe mo lefatshing la Botswana[8]

  1. "CIA - The World Factbook -- Botswana". CIA. Retrieved 2013-09-26
  2. Bolton, Kingsley; Kachru, Braj B. (2006). World Englishes: Critical Concepts in Linguistics. Taylor & Francis. ISBN 978-0-415-31508-1.
  3. McIntyre, Chris (2014-04-01). Botswana Safari Guide: Okavango Delta, Chobe, Northern Kalahari. Bradt Travel Guides. ISBN 978-1-84162-489-1.
  4. The Evolution of Modern Botswana, p. 250 by Louis A. Picard (1985)
  5. “Corner-Stone for a new Orthodox Church in Botswana.” Regular Session of the Holy Assembly of Bishops of the Serbian Orthodox Church Begins | Serbian Orthodox Church [Official Web Site], Serbian Orthodox Church, 25 Nov. 2016, www.spc.rs/eng/cornerstone_first_orthodox_church_botswana.In-text Citation
  6. "History of Serbs in Botswana" Saint Sava Botswana, Saint Sava Serbian Orthodox Church in Gaborone, Botswana.
  7. The History of Southern Africa. The Rosen Publishing Group. 15 January 2011. ISBN 978-1-61530-312-0.
  8. "Botswana".