Jump to content

Beatrice Mtetwa

Go tswa ko Wikipedia
Beatrice Mtetwa
Mtetwa ka 2014
Tsalo1957
Alma materUniversity of Botswana and Swaziland
TiroMmueledi
O itsegi kaTiro ya ditshwanelo tsa setho
O fetheletseSeetsele sa International Press Freedom (ka 2005) Seetsele sa ditshwanelo tsa setho sa Ludovic-Trarieux (ka 2009)

Beatrice Mtetwa (o o tshotsweng ka ngwaga wa 1957) ke mmueledi wa kwa Zimbabwe o o itsegeng ka go sireletsa babega dikgang le kgololesego ya bone. Pampiri ya dikgang ya The New York Times e mo supile ka 2008 fa e le mmueledi wa ditshwanelo tsa batho wa tlhatlhwa.[1]

Tsa ka fa molaong

[fetola | Fetola Motswedi]

A tsholetswe kwa Swaziland,[2] Mtetwa o alogile ka LLB go tswa kwa University of Botswana and Swaziland ka 1981 a fetsa dingwaga tse pedi tse di latelang a bereka e le mosekisi kwa Swaziland.[3] Ka ngwaga wa 1983, o ne a fudugela kwa Zimbabwe, kwa a neng a tswelela ka go bereka e le mosekisi go fitlhelela ka 1989.[3] Ngwaga o o, o ne a simolola go bereka a le nosi, a simolola go itebaganya le molao wa ditshwanelo tsa setho.[3] Mo nngweng ya ditsheko tsa gagwe tse di itsegeng thata, o ne a atlega mo go nneng kgatlhanong le bontlha jwa molao wa makgotla a a ikemetseng mo gotsa boithaopo o o neng o letla tona wa puso marapo a go phatlhalatsa kgotsa go thapa maloko a masha a makgotla a e seng a puso.[3] O ne a nna kgatlhanong gape le maduo a dikgaolo di le masome a mararo le bosupa a ditlhopho tsa palamente tsa 2000.[3] Mo setshwantshong sa PBS, Mtetwa o tlhalosa fa maikaelelo a gagwe a go lwela ditshwanelo e se ka go bo go na le kgalaletso kgotsa tuelo ebile e se go leka go nyatsa puso..."ke go dira ka gore ke tiro e e tlhokang go diriwa."[4]

Mtetwa o lemogiwa thata ka go sireletsa babega dikgang ba ba tshwerweng, mo gae le mo mafatsheng ka bophara.[5] Ka ngwaga wa 2003, o ne a fenya tsheko e e neng e thibela go lelekwa ga mmega dikgang wa Guardian Andrew Meldrum, a tsisa se fa pele ga basireletsi kwa maemelong a difofane kwa Harare metsotso fela pele ga sefofane se Meldrum a neng a le mogo sone se emelela.[6] O ne a fenya gape go gololwa ga babega dikgang ba ba neng ba tshwerwe Toby Harnden le Julian Simmonds go tswa kwa pampiring ya dikgang ya Lontone ya Sunday Telegraph, ba ba neng ba tshwerwe fa ba gasa ditlhopho tsa palamente tsa Moranang ba lebisiwa molato wa go bereka kwa ntle ga tetla ya puso.[5] Ka Moranang ngwaga wa 2008, o ne a kgona go golola mmega dikgang wa New York Times ebong Barry Bearak, o a neng a tshwaretswe molato o o tshwanang.[1] O bueletse gape babega dikgang ba le bantsi ba mo gae ba ba neng ba tshwerwe pele ga ditlhopho tsa botautona tsa 2008.[7] Mtetwa ke mookamedi gape o o mo lekgotleng la bakaedi la Econet.

Mtetwa le Tawanda Nyambirai ba tlhamile ofisi ya bobueledi ya Mtetwa & Nyambirai Legal Practitioners ka 2006, e e itlhomileng kwa pele mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng kwa Zimbabwe. Ditso tsa ga Mtetwa le Nyambirai di supagala ka ditsheko tsa tlhwatlhwa mo dikarolong tse di farologaneng tsa molao. Ka Econet Wireless e le kompone ya ditlhaeletsanyo e tona kwa Zimbabwe ebile e le nngwe ya bareki ba bone ba batona, leina la Econet le tlhagelela gantsi mo ditshekong tseo. Ditsheko tse di akaretsa ya Econet Wireless kgatlhanong le Trustco Mobile, le Derdale kgatlhanong le Econet Wireless e janong e leng ka fa tlase ga kgotlatshekelo mo molaomotheong wa Zimbabwe wa 2013.

Ofisi ya ga Mtetwa e nnile le seabe mo ditshekong tsa tlhwatlhwa tsa ditshwanelo tsa setho, ebile e nnile mosola thata mo go gololeng molwela ditshwanelo Jestina Mukoko - o a neng a tshwerwe a beilwe a le nosi a bogisiwa sebaka sa kgwedi ka ngwaga wa 2008. Mtetwa o ne a tswelela ka go buelela ditsheko tse di neng tsa sala morago, di akaretsa go sekisa ba ba neng ba tshwere Mukoko. Mo dingwageng, ofisi ya ga Mtetwa le Nyambirai e godile go nna e e kgonang go tshwara ditsheko tsotlhe tsa molao kwa Zimbabwe.[8]

Go tshwarwa, ditlhaselo le matshosetsi

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2003, Mtetwa o ne a tshwarwa ka magatwe a gore o dirile molato wa go kgweetsa a nole nnotagi. Kwa ofising ya sepodisi, go bolelwa fa a ne a iteilwe gape a kgamilwe pele ga a gololwa dioura di le tharo morago, a sa lebisiwa molato ope. Le ntswa a ne a sa kgone go bua malatsi a le mabedi morago ga tlhaselo eo, o ne a boa mo letsatsing la boraro ka faele ya bosupi jwa botsogo go pega mapodisi a a neng a mo tlhasetse molato.[5] Go bolelwa fa mapodisi a ne a tlhasela Mtetwa gape ka 2007, a mmetsa ene le babereki ka ene ba le bararo ka dithupa tsa raba ka nako ya mogwanto kgatlhanong lepogiso ya babueledi ba kwa Zimbabwe.[7][9]

Mo puisanong le komiti e e sireletsa babueledi, Mtetwa o ne a tlhalosa tsela ya gagwe ya go tila ditlhaselo:

"Ke akanya gore ke lebagana le kotsi pele ga e diragala. Ke nna ke netefatsa gore fa gongwe ke bidiwa gare ga bosigo, ke netefatsa gore go na le babegadikgang ba le bantsi, go gatisa se se tla a diragalang koo. Fa go na le mo go kapang ditiragalo batho ga ba batle go dira se ba neng ba ka se dira. Ka jalo ke dumela gore ke nnile lesego, ebile ga ke a amogela ditlhaselo tse dintsi jaaka motho a ka solofela, kgotsa jaaka basireletsi ba bangwe ba ditshwanelo ba itemogetse."[5]

Ka Mopitlo a le lesome le bosupa ngwaga wa 2013, Mtetwa o ne a tshwarwa a le mo tirong. O ne a na le motho o a neng a le mmueledi wa gagwe fa mapodisi ba dira dipatlisiso kwa lolwapeng lwa gagwe. Mtetwa o ne a tshwarwa fa a sena go kopa gore ba supe teseletso ya go dira patlisiso eo le dilo tse ba setseng ba di ntshitse. Mogala wa gagwe wa lotheka, o o neng o tshwere dipuisano tsa gagwe le moreki wa gagwe, o ne wa tsewa. O ne a lebisiwa molato wa go thibela molao go diragadiwa go ya ka molao wa tlolo molao wa kgaolo ya lekgolo, masome a robabobedi le bone.

Sepodisi sa Zimbabwe se ne sa gana katlholo ya kgotlatshekelo e e neng e re Mtetwa a gololwe, sa tswelela se mo tshwere ka ntlha ya go thibela tiragatso molao. Morago ga beke mo kgolelegelong, Mtetwa o ne a gololwa ka Mosupologo a le masome mabedi le botlhano kgwedi ya Mopitlo ngwaga wa 2013 morago ga gore molaodi wa kgotlatshekelo a ganetse tshwetso ya kgotlatshekelo e potlana ya gore a tshwarwe ebile a seka a letlelelwa go emela tsheko kwa ntle.

Ka Ngwanatsele a le masome mabedi le borataro ngwaga wa 2013, makaseterata Rumbidzai Mugwagwa o ne a re Mtetwa ga a na tsheko e a tshwanetseng go e arabela. Makaseterata Mugwagwa o ne a re ga go na bosupi jo bo sepuang fa Mtetwa a iditse mapodisi go dira ditiro tsa bone.[10]

Temogo mo lefatsheng ka bophara

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2005, o ne a fenya seetsele sa mafatshefatshe sa kgololesego ya babega dikgang sa komiti e e sireletsang babega dikgang.[5] Motswedi wa seetsele o ne o re "mo lefatsheng le molao o dirisiwang e le sebetsa kgatlhanong le babega dikgang ba ba ikemetseng, Mtetwa o bueletse babega dikgang a bo a lwela kgololesego ya bobega dikgang, tse tsotlhe di mmaya mo kotsing."[5] O fentse gape seetsele sa segopotso sa ga Burton Benjamin ka 2008, sa setlhopha seo.[7]

Mtetwa o amogetse gape dietsele di le mmalwa go tswa mo makgotleng a molao. Ka ngwaga wa 2009, lekgotla la ditshwanelo tsa setho la kwa Yuropa la European Bar Human Rights Institute le mo atswile ka seetsele sa mafatshefatshe sa Ludovic-Trarieux (seetsele se se neelwang babueledi ke babueledi) se ngwaga le ngwaga se neelwang mmueledi o mo tirong ya gagwe a supileng ka tiro kgotsa ka go sokola, tshireletso ya ditshwanelo tsa setho.[11] Mtetwa o fentse gape seetsele sa 2010 sa mafatshefatshe sa ditshwanelo tsa setho sa American Bar Association.[3] Ka ngwaga wa 2011 o ne a atsweiwa ka seetsele sa Inamori Ethics ke sekolo se segolwane sa ithutelo ditiro sa Case Western Reserve kwa US.[12] Ka ngwaga wa 2014, o ne a amogela seetsele sa mafatshefatshe sa bomme ba ba pelokgale.[13]

Sekolo se segolwane sa ithutelo ditiro sa St. Francis Xavier, se se kwa Nova Scotia, ke sone sa ntlha go ipelela dikatlgeo tse dintsi tsa ga Mtetwa ka go mo atswa ka seetsele sa tlotla ka Motsheganong 2013.

Ka Morule 2013, Mtetwa o ne a atswiwa ka Doctor of Laws ya tlotla ke sekolo sa ithutelo ditiro sa Bath kwa United Kingdom ka ntlha ya tiro e a e dirileng.[14]

Ka Moranang 2016, Mtetwa o ne a atswaiwa ka LLD ya tlotla ke sekolo sa ithutelo ditiro sa Rhodes kwa Aforika Borwa ba lemoga dikatlego tsa gagwe mo go rotloetseng le go sireletsa ditshwanelo tsa batho kwa Zimbabwe.

  1. 1 2 Barry Bearak (2008). "In Zimbabwe Jail: A Reporter's Ordeal". The New York Times. Retrieved 24 April 2026
  2. "2011 Inamori Ethics Prize, Recipient, (2012) "Beatrice Mtetwa"" (PDF). The International Journal of Ethical Leadership. 1 (1). 2012 – via Case Western Reserve University.
  3. 1 2 3 4 5 6 "Mtetwa Wins 2010 International Human Rights Award". American Bar Association Section of Litigation. 2010. Archived from the original on 20 September 2016. Retrieved 24 April 2026
  4. "'Zimbabwe: Shadows and Lies'". PBS Frontline. 2004. Retrieved 24 April 2026
  5. 1 2 3 4 5 6 "IPFA 2005 - Beatrice Mtetwa". Committee to Protect Journalists. 2005. Archived from the original on 3 June 2011. Retrieved 2 June 2011.
  6. "Zimbabwe's feisty freedom fighter". BBC News. 18 October 2005. Retrieved 27 April 2026
  7. 1 2 3 "CPJ to honor five international journalists". Committee to Protect Journalists. 16 September 2008. Archived from the original on 3 June 2011. Retrieved 27 April 2026
  8. "Mtetwa and Nyambirai Law Firm". mandn.co.zw. Retrieved 2026-04-27
  9. "Zimbabwe police assault lawyers". BBC News. 8 March 2007. Retrieved 27 April 2026
  10. Magistrate Acquits Top Zimbabwe Human Rights Lawyer". VOA. 26 November 2013. Retrieved 2026-04-27
  11. "PRIX INTERNATIONAL DES DROITS DE L'HOMME LUDOVIC TRARIEUX". www.ludovictrarieux.org. Retrieved 2026-04-27
  12. "Past Recipients". Case Western Reserve University. Archived from the original on 8 February 2012. Retrieved 27 April 2026
  13. "US Honors International Women of Courage". Voice of America. 4 March 2014. Retrieved 27 April 2026
  14. "Honorary graduates, 2010 to present". www.bath.ac.uk. Archived from the original on 2018-02-17. Retrieved 2026-04-27