Jump to content

Bela bajaria

Go tswa ko Wikipedia

Bela Bajaria (o tshotswe ka ngwaga wa 1970 kwa London Borough of Brent [1]) ke mosadi wa kgwebo wa Moindia-Amerika wa kwa Borithane le motsamaisi wa media.[2] O ne a tsenela Netflix ka ngwaga wa 2016 go okamela di series tse di sa kwalwang le tse di kwadilweng. [3]Bajaria e ntse e le motlhankedi mogolo wa diteng go tloga ka kgwedi ya Ferikgong ngwaga wa 2024.[4][5]

Botshelo le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Bajaria o belegetswe kwa Lontone, Engelane, ke batsadi ba ba tswang kwa Gujarati mme o feditse nako ya gagwe kwa Lontone le Zambia.[6] Ka dingwaga tsa bo 1970, fa Bajaria a ne a le dingwaga di le 4, batsadi ba gagwe ba ne ba fuduga go tswa kwa Lontone go ya kwa West Coast ya United States le morwarraagwe go ya go batlisisa ka ditshono tsa kgwebo. Le fa go ntse jalo, batsadi ba gagwe ba ne ba nna nako e telele go feta e ba neng ba letleletswe go nna ka yone mme ba nna bajaki ba ba seng kafa molaong, mme seo sa dira gore a godisiwe ke rremogolo le mmemogolo wa gagwe go fitlha ba kgona go nna mo nageng eo ka molao.[7] Fa a sena go ya go nna le batsadi ba gagwe kwa United States ka ngwaga wa 1978, o ne a ikwadisa kwa dikolong tsa puso tsa Los Angeles. Fa a ne a le mo dingwageng tsa bolesome, o ne a kwadisiwa kwa Torrance High School le kwa Rolling Hills High School fa a ntse a dira jaaka motlhokomedi wa madi.[7]

Fa Bajaria a sena go aloga kwa sekolong se segolwane, tsala nngwe ya gagwe e ne ya mo kgothaletsa gore a tsenele dikgaisano tsa bontle. Morago ga moo o ne a fenya kgaisano ya Miss LA India, Miss India USA, mme kwa bofelong a nna Miss India Worldwide 1991.[6] Bajaria o alogile kwa California State University, Long Beach ka ngwaga wa 1995 ka Bachelor of Arts degree ya tlhaeletsano go tswa kwa College of Liberal Arts.[8]

Fa a sena go aloga kwa yunibesithing, Bajaria o ne a amogela tiro kwa CBS ka ngwaga wa 1996 jaaka mothusi mo lefapheng la dibaesekopo le mananeo a mannye. Jaaka mothusi wa gagwe, o ne a bala dikwalo tsotlhe mme a fetsa diura tse dintsi kwa laeboraring ya dikhasete tsa bidio ya CBS a ithuta difilimi tsa bogologolo.[6] O ne a tlogela CBS ka bonako go ya go nna mo maemong a botsamaisi kwa Warner Bros. Television Studios mme a boa ka ngwaga wa 1997 jaaka mokaedi. Morago ga go tsamaya ka kgwedi ya Hirikhong ka ngwaga wa 2002 ga CBS Movies le Miniseries senior vice president Sunta Izzicupo, yo a neng a dira ka fa tlase ga gagwe go tloga ka bo1990, Bajaria o ne a tlhatlosediwa go nna motlatsa Tautona mme morago a nna motlatsa moporesidente wa lefapha.[8] Fa difilimi tsa thelebišene di ne di simolola go fokotsega, o ne a kopa go fudugela kwa setudiong sa CBS go dira dipontsho tsa thelebišene. [6] O ne a tsenela Universal Television jaaka motlatsa Tautona wa khuduthamaga ka ngwaga wa 2011 [9] mme ka bonako morago ga moo a nna Tautona wa studio.[10]

Bajaria o ne a tsenela Netflix ka ngwaga wa 2016 jaaka tlhogo ya diteng tse di sa kwalwang le tse di kwadilweng.[11] Mo go one ngwaga oo, o ne a bewa mo maemong a bo 43 mo lenaaneng la Fortune la Basadi ba ba Maatla go Gaisa. [12]Ka ngwaga wa 2019, o ne a simolola go etelela pele metseletsele yotlhe ya dipuo tsa selegae. [13]Ka ngwaga wa 2020, o ne a tlhatlosediwa mo maemong a go nna tlhogo ya lefatshe ya thelebišene ya Netflix. [14]

Ka ngwaga wa 2021 le gape ka ngwaga wa 2022, Bajaria o ne a bidiwa mongwe wa "makapotene" a a kwa godimo a intaseteri ya boitlosobodutu jwa legae mo kgatisong ya ngwaga le ngwaga ya Media Play News Women in Home Entertainment.[15] Ka kgwedi ya Sedimonthole ka ngwaga wa 2022, o ne a bidiwa mo go The Hollywood Reporter's Women in Entertainment Power 100.[16]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Bajaria le monna wa gagwe, mokwadi-motlhami Doug Prochilo, ba na le bana ba le bararo mmogo: barwadi ba babedi le morwa a le mongwe.[17]

Ka kgwedi ya Motsheganong a thola bonne( 4), ka ngwaga wa 2021, Chicago Red Stars ya National Women's Soccer League e ne ya itsise gore Bajaria o ne a tsenela setlhopha sa beng ba setlhopha sa kgwele ya dinao sa basadi.[18][19][20][21]

  1. Find My Past website
  2. Brown, Mick (January 21, 2023). "The British woman who decides what the world is watching on TV". The Telegraph. Retrieved January 21, 2023.
  3. "Bela Bajaria Joins Netflix as VP Content". THR. October 5, 2016. Retrieved March 1, 2023
  4. "Reed Hastings Shifts To Executive Chairman Role At Netflix; Greg Peters New Co-CEO, Bela Bajaria & Scott Stuber Get New Titles". Deadline. January 19, 2023. Retrieved February 14, 2023.
  5. Goldberg, Lesley (February 1, 2024). "Vince McMahon Is "Gone" and More Takeaways From Netflix's Press Day". The Hollywood Reporter. Retrieved February 1, 2024.
  6. 1 2 3 4 James, Meg (May 22, 2016). "How I Made It: Universal TV President Bela Bajaria embraces East and West". Los Angeles Times. Archived from the original on May 22, 2016. Retrieved March 20, 2021.
  7. 1 2 Low, Elaine (2020). "Inside Netflix's Quest to Become a Global TV Giant". Variety. Retrieved March 20, 2021
  8. 1 2 Tsering, Lisa (August 25, 2011). "Bela Bajaria named EVP of Universal Media". The Times of India. Retrieved March 20, 2021
  9. Rose, Lacey (August 1, 2011). "Bela Bajaria to Head Universal Media Studios". hollywoodreporter.com. Retrieved March 20, 2021
  10. Golberg, Leslie (September 10, 2013). "Universal TV's Bela Bajaria Set as New HRTS President". hollywoodreporter.com. Retrieved March 20, 2021
  11. "Former Miss India USA Bela Bajaria will decide what world will watch on Netflix". The Indian Express. September 9, 2020. Retrieved March 20, 2021.
  12. "Bela Bajaria". fortune.com. Retrieved March 20, 2021.
  13. "Bela Bajaria to Lead Netflix's International Non-English TV Originals". Variety. March 6, 2019. Retrieved March 1, 2023.
  14. Syme, Rachel (January 9, 2023). "How Much Netflix Can the World Absorb?". The New Yorker. Retrieved January 22, 2022
  15. "Women in Home Entertainment 2022: Meet the Captains and See What They Have to Say". Media Play News. October 24, 2022. Retrieved August 22, 2023.
  16. "The Hollywood Reporter's 2022 Women in Entertainment Power 100". The Hollywood Reporter. December 7, 2022. Retrieved December 7, 2022.
  17. Wilson Hunt, Stacey (December 12, 2014). "Why Universal TV Exec Bela Bajaria's Daughters Won't Follow in Her Hollywood Footsteps". hollywoodreporter.com. Retrieved March 20, 2021
  18. "Chicago Red Stars Announce Expanded Ownership Group" (Press release). Chicago Red Stars. May 4, 2021. Archived from the original on August 24, 2022. Retrieved August 24, 2022
  19. "Ownership Group". Chicago Red Stars. Archived from the original on August 11, 2022. Retrieved August 24, 2022.
  20. Watkins, Claire (May 4, 2021). "Red Stars see new investment as opportunity to change pro sports lexicon – Equalizer Soccer". The Equalizer. Retrieved August 24, 2022.
  21. "Luminaries buy into Red Stars". Chicago Sun-Times. May 5, 2021. p. 44