Ben Amathila
| Motlotlegi Ben Amathila | |
|---|---|
| Tona wa tsa kgaso le phatlalatso mo lephateng la tsa maranyane | |
| In office 1993–2000 | |
| President | Sam Nujoma |
| Pele Ga Gagwe | Hidipo Hamutenya |
| Morago Ga Gagwe | Theo-Ben Gurirab |
| Tona wa lephata la kgwebo le madirelo | |
| President | Sam Nujoma |
| Morago Ga Gagwe | Hidipo Hamutenya |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | 1938 Walvis Bay |
| Mosetshaba wa | Namibian |
| Mokgatlho | SWAPO |
| Mo/Bakapelo | Libertina Amathila |
| Tiro | Mopolotiki |
Ben Amathila (o o tshotsweng ka kgwedi ya Phalane e rogwa, ngwaga wa 1938 kwa Walvis Bay),[1] ke mopolotiki o o ithotseng marapo ka bogosi wa Namibia. Amathila o berekile mo pusong ya Namibia le SWAPO go tswa ka nako ya lefatshe leo le tsaya boipuso ka 1990 go fitlha a ithola marapo ka bogodi ka Moranang ngwaga wa 2007.
Go tswa ka ngwaga wa 1990 go tsena 1993 o berekile e le tona wa tsa kgwebo le madirelo. Ka ngwaga wa 1993 o ne a fudusediwa kwa lephateng la kgaso le phatlalatso ese ka thato ya gagwe, a bereka mo lephateng leo go fitlhelela ka ngwaga wa 2000. Ka 2000, tautona Sam Nujoma o ne a mo rola marapo mo palamenteng ya gagwe. O ne a tswelela a nna mo setilong sa gagwe sa bopalamente go fitlhelela a ithola marapo ka ngwaga wa 2007, a supa fa a dira se ka ntlha ya matshwenyego mo phathing ya gagwe. Mo mafatshefatsheng, Amathila ke leloko la palamente ya Aforika o o kopaneng.[2]
Amathila o ne a tlhophiwa gape mo komiting ya legare ya SWAPO kwa bokopanong jwa ngwaga le ngwaga jwa phathi eo ka Phatwe ngwaga wa 2002, a nna mo maemong a borobabobedi ka ditalama di le makgolo a mararo, masome a marataro le borobabongwe,[3] o ne a tlhophiwa gape mo komiting eo kwa bokopanong jwa 2007.[4] Ke leloko la sennela ruri la komiti ya legare ya SWAPO le Polit Bureau.
Ntwa ya Namibia ya boipuso
[fetola | Fetola Motswedi]Amathila o simolotse go lwela boipuso jwa lefatshe la Namibia ka 1959 ka phathi e e neng e le teng pele ga SWAPO ya Ovamboland People's Organization. O ne a thusa go batla kemo nokeng ya SWAPO go tswa ka 1959 go fitlhelela a tshaba ka 1966. O ne a nna le seabe mo go rulaganyeng bokopano jwa SWAPO kwa Tanga, Tanzania ka ngwaga wa 1969. Moragonyana, Amathila o ne a nna moemedi wa SWAPO kwa Scandinavia, a nna gape mokwaledi wa yone wa itsholelo kwa Lusaka kwa e neng e le Luanda ka nako eo.
Ditso tsa thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Amathila o tsene skolo kwa Augustineum Training College, kwa Okahandja go tswa ka 1954 go tsena 1958); a ya go tsweledisa kwa Rhenish Missionary School, kwa Tsumeb ka 1954.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Amathila Ben". Parliament of Namibia. Retrieved 03 October 2025
- ↑ Hopwood, Graham (2007). "Who's Who, entry for Ben Amathila". Guide to Namibian Politics. Namibia Institute for Democracy. Archived from the original on 11 June 2011. Retrieved 03 October 2025
- ↑ "The ruling party's new Central Committee", The Namibian, August 27, 2002.
- ↑ Christof Maletsky, "Swapo big names dropped", The Namibian, December 3, 2007.