Ben Ulenga

Ben Ulenga(o o tshotsweng ka leina la Benjamin Crispus Ulenga ka Seetebosigo a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 1952[1]) ke mopolotiki, moemedi kwa mafatsheng wa Namibia. Ka dingwaga tsa 1990, o berekile mo pusong ya SWAPO e le mothusa tona gape e le moemedi kwa mafatsheng, mme o ne a tlogela SWAPO ka 1998 a tlhama phathi ya kganetso ya Congress of Democrats ka 1999. E ne e le leloko la palamente ya Namibia go tswa ka 2000 go tsena 2015, a etelela pele phathi e go fitlhelela ka 2015.
Botshelo le Pereko
[fetola | Fetola Motswedi]Ulenga, o o tsholetsweng kwa Ontanga, kwa kgaolong ya Oshana[1] o ne a na le seabe se setona mo kgratlhong ya boipuso kgatlhanong le puso ya Aforika Borwa ya tlhaolele.[2] O ne a nna leloko la People's Liberation Army of Namibia ka 1974 mme morago a tshwarwa morago ga go gobadiwa mo ntweng a atlholelwa dingwaga di le lesome le botlhano mo kgolegelong, tse a di feditseng kwa Robben Island.[3] O ne a gololwa ka 1985.[1] Ka nako eo o ne a kopana le Rosa Namises. Ba ne ba na le bana ba babedi mmogo pele ga ba kgaogana ka 1988.[4]
Ulenga o tlhamile lekgotlha la babereki ba meepo la Namibia ka 1986.[5] Pele ga boipuso o ne a le leloko la SWAPO la palamente ya Ngwanatsele 1989 go tsena Mopitlo 1990.[6] Morago ga boipuso, e ne e le leloko la SWAPO la palamente go tswa ka 1990 go tsena 1996, e le mothusa tona wa tlholego,tshomarelo tikologo le bojanala go tswa ka 1991 go tsena 1995 pele ga a nna mothusa tona wa dikgaolo, selegae le matlo ka 1995.[7] Morago o ne a thapiwa e le moemedi wa Namibia kwa United Kingdom, mme ka Phatwe 1998 o ne a ithola marapo mo maemong ao go lwantsha maano a go fetola molaomotheo gore tautona Sam Nujoma a kgone go tsweledisa botautona e le seelo sa boraro; fa godimo ga foo, o ne a supa fa a sale itumelela go nna teng ga sesole sa Namibia lwa Democratic Republic of Congo ka nako ya ntwa ya selegae ya Congo. Pele o ne a rile o tlaa tswelela a le leloko la SWAPO,[8] mme o ne. a felela a tswa mo SWAPO a tlhama phathi ya kganetso ya Congress of Democrats ka Mopitlo 1999. E ne e le ntlhopheng wa phathi eo wa botautona ka ditlhopho tsa botautona tsa 1999, a nna mo maemong a bobedi a sala Nujoma morago ka tlhopho ya 10.5%.[9] O ne a tlhophiwa gape go ya palamenteng mo ditlhophong tsa bopalamente tsa 1999.[10]
Kwa bokopanong jwa ngwaga le ngwaga jwa CoD,Ulenga o ne a tlhophiwa gape go nna tautona wa CoD ka Phatwe a rogwa ngwaga wa 2004; o ne a tlhophiwa go nna ntlhopheng wa phathi mo ditlhophong tsa botautona tsa 2004.[11] Mo ditlhophong tse, o ne a nna mo maemong a bobedi ka 7.28% ya batlhophi, a le kwa morago ga ga ntlhopheng wa SWAPO Hifikepunye Pohamba.[12] Mo ditlhophong tsa bopalamente tsa nako eo, o ne a tlhophiwa mopalamente gape.[13]
Kwa bokopanong jo bo faphegileng jwa phathi jo bo neng bo tshwaretswe kwa Keetmanshoop ka Motsheganong 2008,[14][15] Ulenga o ne a tlhophiwa gape go nna tautona wa CoD; o ne a fenya Ignatius Shizwameni ka ditlhopho di le lesome le bone, Shixwameni o ne a ganetsa maduo mme a tswa kwa bokopanong a sa itumela, ene le sephatlo sa ba ba neng ba tseneletse bokopano. Shixwameni o ne a belaela fa a tsieditswe ebile are lekgamu la gagwe la CoD ke bontsi jwa phathi; lekgamu la gagwe le ne la isa kgang kwa kgotlatshekelong.[14] Ka Phukwi 2008, kgotlatshekelo e ne ya sekamela ka fa lekgamung la ga Shixwameni, e supa fa bokopano jwa Motsheganong 2007 bo tshwanetse go boelela. Ulenga o ne a amogela tshwetso.[15]
Mo ditlhophong tsa 2009, kemo nokeng ya ga Ulenga e ne ya wela tlase thata, a amogela ditlhopho di le dikete tlhano, makgolo a robabobedi, lesome le bobedi se se ne sa mmaya mo maemong a borobabongwe mo go bontlhopheng ba ba lesome le bobedi ba botautona. Se e ne e le ditlhopho di le dikete di le masome a matlhano kwa tlase ga tse a kileng a di amogela fa a nna wa bobedi morago ga ga Pohamba ka letsholo la 2004. ka mo go tshwanang, CoD e ne ya latlhegelwa ke ditilo di le nne mo go tse tlhano tsa palamente. Ulenga, le fa go ntse jalo, o ne a tlhophiwa gape.[16] Dilo di ne tsa ya masweng mo CoD mo ditlhophong tsa botautona le tsa palamente ka 2014 kwa phathi e neng ya retelelwa ke go fenya setilo le fa e le se le sengwe fela. Tatlhegelo e e ne ya salwa morago ke go ithola marapo ga ga Ulenga mo phathing e le tautona wa yone ka 2015. Ka 2017, Ulenga o ne a boela phathi ya SWAPO, dingwaga di le lesome le borobabobedi morago ga a sena go tlogela phathi eo.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 Profile of Ulenga on Namibian Parliament website
- ↑ Angula, Sonja. "Ulenga set for shock Swapo return - Windhoek Observer". Archived from the original on 3 January 2018. Retrieved 14 October 2025.
- ↑ Nolundi (18 September 2015). "Benjamin Ulenga". South African History Online. Retrieved 14 October 2025
- ↑ von Wietersheim, Erika (2001). "Namibia: Rosa Namises kämpft für Gerechtigkeit". Der Überblick (1): 85.
- ↑ "NUNW: Proud history, uncertain future". New Era. 30 April 2019.
- ↑ List of members of the Constituent Assembly, parliament.gov.na.
- ↑ "Spot the difference: Congress of Democrats" (PDF). www.nid.org.na/.
- ↑ "Namibia: Official quits over proposed Nujoma third term, country's role in Congo", SAPA news agency, 28 August 1998.
- ↑ Political Parties of the World (6th edition, 2005), ed. Bogdan Szajkowski, page 428.
- ↑ List of members of the National Assembly elected in 1999
- ↑ "Namibia's Congress of Democrats elects its 2004 presidential poll flagbearer", Nampa, 2 August 2004.
- ↑ "Election update 2004, Namibia", EISA report, number 3, 10 December 2004, page 9.
- ↑ List of members of the National Assembly elected in 2004
- 1 2 Weidlich, Brigitte (21 December 2007). "CoD's Ben Ulenga to sue 'rebel' MPs". The Namibian.
- 1 2 Kangueehi, Kuvee (21 July 2008). "Ulenga accepts court ruling". New Era.
- ↑ "Politics-Namibia: SWAPO wins", Inter Press Service, 6 December 2009.