Benny Hinn
Benny Hinn | |
|---|---|
| Tsalo | 3 December 1952 (age 72) Jaffa, Israel |
| Tiro | Televangelist, author, speaker |
| Mosadi | Suzanne Harthern
(m. 1979; div. 2010) (m. 2013; sep. 2024) |
| Bana | 4 |
| Maranyane | https://www.bennyhinn.org/ |
Toufik Benedictus ''Benny'' Hinn (yo o tsetsweng ka di 3 Tlhakole 1952) ke moreri wa setswantsho sa motshikinyego yo o tsalwang kwa iseraele, e leng mo Palestina-America-Canada, o itsege thata ka diphutlhego tsa gagwe tse di kgethegileng tsa ''Meletlo ya metholo''-diphuthego tsa tsosoloso kana dipuo tsa phodiso ka tumelo tse di tswarwang mo disetadiong tsa metse megolo, tse di tang di tshwarwa dikarolo tse dikgolo tsa lefatshe mo lenaneong la gagwe la sesupa ditswantsho, This Is Your Day
Polelo ya Botshelo
[fetola | Fetola Motswedi]Hinn o tshotswe kwa Jaffa, ka 1952, mo setsheng sa iseraele se se thamilweng bosheng go ba batsadi ba ba tshotsweng kwa Palestine ba ba neng ba na le setso sa Magerika, ba Palesteni le ba Armenia. O godisitswe mo sechabeng sa bo keresete ba bophirima mme a kolobediwa ke mopatriyaki wa jerusalema.
Go ile ka ngwaga wa 1967 fa ntwa ya Aforika le Iseraela (ntwa ya malatsi ale marataro), lelwapa la ga Hinn le ile la fuduga go ya Toronto, Ontario, Canadaka 1968 ko a ileng a tsenelela sekolo se segolwane sa Georges Vanier. Ga a fetsa sekolo. Mo dibukeng tsa gagwe, Hinn o tlhalosa ka phoso gore rre wa gagwe ene ele mayor wa Jaffa ka nako ha ne a tsalwa gape le gore ne ese motho wa batho a na le go konkobetsa fa a bua, le gore ne ele moithuti wa ntha mo dithutong.
Ka ngwaga wa 1972, o ne a bolela fa ele a nna mokeresete wa go tsalwa sesha. Hinn o kwadile gore ka di 21 Tlhakole 1973, o ne a tsamaya ka bese e e hirisitsweng go tswa Toronto go ya Pittsburgh go ya go tsenelela tirelo ya dikgakgamatso ya moefangedi Kathryn Kuhlman. Le fa ntse a ise a kopane le ene, o ne a ya di tirelong tsa gagwe tsa phodiso gantsi, mme o mo umaka jaaka mon gwe yo a mo tlhotlheleditseng mo botshelong jwa gagwe. Ka 1972 o ne a laletswa go ya go bua ka maitemogelo a gagwe a semoya kwa kerekeng ya Trinity Pentecostal Church kwa Oshawa, mme a bolela fa a fodisitswe bothata jwa gagwe jwa go konkobetsa.
Bodiredi
[fetola | Fetola Motswedi]Fa a sena go fudugela kwa United States, Hinn o ne a tsamaya go ya Orlando, Florida, kwa a ileng a thoma Orlando Christian Center ka 1983. Moragonyana, o ne a simolola go bolela fa Modimo a mo dirisa jaaka sekgala sa phodiso mme a simolola go tshwara diterelo tsa phogiso mo kerekeng ya gagwe. Ditirelo tse disha tsa dikgakgamatso di ne tsa simololwa go tswarelwa mo dipapetlaneng tse dikgolo le ditoropo tsotlhe mo United States le lefatshe ka bophara, tirelo ya gagwe ya ntlha go begwa mo sesupa ditshwantsho e ene ya tshwarelwa kwa Flint, Michigan, ka 1989. Ka 1990, o ne a simolola lenaneo le lesha la motlotlo la letsatsi le letsatsi le le bidiwang This Is Your Day, le e leng gore le ka nako tse le supa dikarolo tsa dipontsho tsa diterelo tsa ga Hinn tsa dikgakgamatso. Lenaneo le ne la simolola go bontshiwa mo Trinity Broadcasting Network ya ga Paul Crouch, yo o neng a tla a nna mongwe wa baatlhodi ba bothokwa le badirisiwa ba Hinn. Bodiredi jwa ga Hinn bo ne jwa simolola go gola ka pela go tswang foo, bo amogela pako le go tlhoka tirisano mmogo go tswa mo baeteleding jwa bokeresete. Ka 1999, o ne a tswa mo maemong a gagwe a boruti jwa Orlando Christian Center, a fudusetsa ntlokgolo ya botsamaiso ya bodiredi jwa gagwe kwa Grapevine, Texas, e e leng karolwana ya Fort Worth, fa ntse a tsweletse go tsamaisa This Is Your Day go tswa mo sesupa ditshwantsho kwa Orange Country, Carlifornia, kwa a nnang le ba lelwapa la gagwe. Kereke ya gagwe ya pele e ne ya bitswa leina le lesha la Faith World Church ka fa tlase ga botsamaisi jwa Clint Brown, yo o neng a kopanya kereke ya gagwe ya Orlando le ya ga Hinn.
Benny Hinn ke mokwadi wa dibuka tse dintsi tsa Bokeresete. Lenaneo la gagwe la sesupa ditshwantsho la metsotso e le 30, This Is Your Day, ke lengwe la mananeo a Bokeresete a a lebilweng thata mo lefatsheng, le bontshiwa mo mananeong a farologaneng a sesupa ditshwantsho ya Bokeresete, go akaretsa Trinity Broadcasting Network, Daystar Television Network, Revelation TV, Grace TV, Vision TV, INSP Networks, and The God Channel.
Hinn o tsamaisa Miracle Crusades ka metlha- kopano tsa tsosoloso / phodiso ya tumelo e e tshwarelwang mo dipapetlaneng tsa metshameko mo ditoropong tse dikgolo mo lefatsheng ka bophara. Batho ba le diketekete tsa dimillion ba tsenelela Holy Spirit Miracle Crusades tsa gagwe ngwaga le ngwaga. Hinn o bolela fa a kile a bua le batho ba le bilione e le ngwe mo diphuthegong tsa gagwe, go akaretsa diphuthego tse gakgamatsang tse di neng di na le batho ba le 7.3 millione (mo dterelong di letharo) kwa India, tse di neng e le tirelo tse dikgolo go gaisa tsotlhe tsa phodiso. Evander Holyfield, yo a neng a begilwe a na le bothata mo pelong kwa karolong ya tshika e e ka fa molemeng, o ne a bolelela fa a fodisitswe ke Benny Hinn, a bolela gore Modimo one a mo dirisa, o ne a fodisiwa fa a utwa phefo e e bothitho e feta mo sehubeng sa gagwe fa Hinn a mo tshwara.
Tumedi
[fetola | Fetola Motswedi]Dithuto tsa ga Hinn ke tsa Bokeresete jwa moya (tse di dumelang mo dimpho tsa semowa) mme di simologa mo tumeding ya lefoko, e e gatelelang thata mo ditsholofetsong tsa madi.
Hinn gape o dumela mo bolengteng jwa ga keresete mo selalelong sa Morena.
Tirelo
[fetola | Fetola Motswedi]Bodiredi jwa ga Benny Hinn bo bolela fa bo tshegetsa mekgatlho ya barongwa e le 60 mo lefatsheng lotlhe le mafelo a tlhokomelo ya masea a a senang batsadi, e bolela gape fa e fa bana ba ba fetang 100,000 dijo le mafelo a boroko ngwaga le ngwaga, gape e tshegetsa bana ba le 45,000 letsatsi le letsatsi ka ntha ya meneelo ya bathusi ba yone.
Ka ngwaga wa 2005, bodiredi jwa ga Benny Hinn bo ne ba ntshetsa thuso ya $100,00 ya dilo tsa namolo go thusa batho baba neng ba amilwe ke morwalela wa Katrina, le $250,000 go thusa matsapa a pholoso morago ga kgogololo e kgolo ya metsi ka ngwaga wa 2007.
Kganetso le Dikgotlhang
[fetola | Fetola Motswedi]Dikgang dingwe di ne tsa belaela gore a Hinn o ne a na le bothata jwa go konkobetsa.
Ka Mopitlwe 1993, Inside Edition e ne ya begela ka ntlo ya ga Hinn e e neng ele $685,000 kwa Orlando le koloi ya gagwe ya Mercedes-Benz, le fa a kile a bolela gore o tshela botshelo jo bo bonolo. Modiri mongwe wa Inside Edition o ne a itira yo o fodisitsweng mo bolwetseng jwa cerebral palsy mo go bontshitsweng mo mananeong a ga Hinn a twaelesego.