Jump to content

Bergmann Hotel

Go tswa ko Wikipedia

Hotele ya Bergmann ke hotele ya hisitori e e mo Mmileng wa boraro wa 434 kwa Juneau, kwa Alaska. E kwadilwe mo Rejisetareng ya Bosetšhaba

Bergmann Hotel
The Bergmann Hotel, seen here in better times, on May 11, 2011
General information
Location434 3rd Street, Juneau, Alaska
Coordinates58°18′10″N 134°24′22″W / 58.30278°N 134.40611°W / 58.30278; -134.40611Coordinates: 58°18′10″N 134°24′22″W / 58.30278°N 134.40611°W / 58.30278; -134.40611
OpeningDecember 16, 1913

ya Mafelo a Hisitori.

Marie Bergmann le Hisitori ya Pele ya Hotele

[fetola | Fetola Motswedi]

Hotele eno e ne ya agiwa ke Marie E. Bergmann go thusa badiri ba meepo ba lefelo leo. Go ya ka bayokerafi ya setsha le Mohumagatsana Bergmann e e neng e tlhokometswe ke Kwadiso ya Bosetšhaba ya Mafelo a Hisitori, Mohumagatsana Bergmann o ne a nna mo kgaolong ya Juneau ka 1896, morago ga loso lwa monna wa gagwe kwa Seattle.

Mmulatsela kwa Alaska pele ga puso, Bergmann e ne e le leina le le tlhomameng mo kgwebong ya dihotele tsa Juneau ka nako eo. Marie Bergmann o ne a simolola botshelo jwa gagwe jwa tiro kwa Juneau ka go bereka mo intasetering ya dihotele mmogo le booki. Kwa tshimologong Mohumagatsana Bergmann o ne a akantse ka hotele e kgolwane, e e maphatsiphatsi—mme ka ntlha ya go se na babeeletsi ba bangwe le madi o ne a patelesega go fokotsa dithulaganyo tsa gagwe. Go bulwa ga hotele eno ka Sedimonthole 16, 1913. Marie Bergmann o ne a tlhokafala ka 1918 ka ntlha ya go dutla madi mo bobokong.[1] [2]

Kago eno e ne ya kwadisiwa mo Rejisetareng ya Bosetšhaba ya Mafelo a Hisitori ka 1978.[3]

Seabe sa segompieno

[fetola | Fetola Motswedi]

Le fa kago eno e ne e kwadilwe mo lenaaneng la hotele, e ne e dirisiwa thata jaaka matlo a badiri ba meepo, mme bontsi jwa batho ba ba neng ba nna mo go yone ba ne ba hira diphaposi ka beke kgotsa ka kgwedi. Diphaposi tsa kwa Bergmann di ne di sena dikhitšhi, le fa gone tsotlhe di ne di na le disinki. Go ne ga abelanwa matlwana a boithomelo, shawara le botlhatswetso. Go na le matlwana a boithomelo a le mararo le dishawara di le tharo mo boalong bongwe le bongwe. Dikago tsa botlhatswetso le tsa maekeroweibe di mo boalong bongwe le bongwe. Hotele e ntse e le ya ga Camilla Barrett le James M. Barrett esq. (go fitlha ka 2017 ka ntlha ya mabaka a botsogo).[4]

  1. Plenda, Melanie (November 1, 2001). "Landmark Bergmann Hotel, restaurant get new owners". Juneau Empire. Archived from the original on September 17, 2012. Retrieved September 24, 2011.
  2. "NRHP nomination for Bergmann Hotel". National Park Service. Retrieved May 17, 2017
  3. "National Register Information System". National Register of Historic Places. National Park Service. July 9, 2010.
  4. Plenda, Melanie (November 1, 2001). "Landmark Bergmann Hotel, restaurant get new owners". Juneau Empire. Archived from the original on September 17, 2012. Retrieved September 24, 2011.