Jump to content

Berners Hotel

Go tswa ko Wikipedia

The London Edition ke hotele ya mabothobotho ya histori, eo pele e neng e tsejwa e le Berners Hotel, e fumanehang Berners Street Motseng wa Westminster, London.

Hotele ya Berners

Hotele ya Berners e ne ya agiwa ka 1908 - 10, e dirilwe ke John Slater, yo e neng e le motlhatlhobi wa lefelo la Berners Estate. [1]

hotele ya london

Ke kago e e beilweng mo lenaaneng la Grade II. Hotele e ne ya bidiwa Berners Hotel e ntšha e e neng e le ya Grand Metropolitan Hotels ka dingwaga tsa bo80 ba ba neng ba e tlhabolola ka botlalo mme ba e bula gape ka katlego ka 1980 Park Plaza Hotels & Resorts mme ya dira jaaka Berners Park Plaza Hotel ka dingwaga tsa bo1990, go fitlha e rekisetswa JJW Hotels and Resorts ka 2001 mme ya boela kwa leineng la yone la hisetori. Hotele e ne ya tswalwa ka ngwaga wa 2006 ka ntlha ya go baakanngwa, go go neng ga simololwa mme ga go a ka ga wediwa, morago ga fa kago e ne ya phutlhama ka kgwedi ya Phatwe 2010. [2]Berners Hotel e ne ya rekwa ke Marriott Hotels ka Ngwanatsele wa 2010, mme beng ba baša ba ne ba itsise gore e tla tlhabololwa le go bidiwa jaaka nngwe ya EDITION Hotels ya bone. [3] Hotele e ne ya bulwa gape jaaka The London Edition ka Lwetse 2013, ka diphaposi tsa teng tse di tlhamilweng ke Yabu Pushelberg.[4] Marriott o ne a rekisa hotele, mmogo le dihotele tse dingwe tse pedi tse di leng tsa koporasi ya Edition, go Abu Dhabi Investment Authority ka $815 million ka Ferikgong 2014, le fa Marriott e tsweletse go tsamaisa thoto.[5]

  1. Historic England. "The Berners Hotel (1357212)". National Heritage List for England. Retrieved 30 August 2017.
  2. "Building company sues former owner of Berners". 7 February 2011. Archived from the original on 30 November 2020. Retrieved 12 October 2020
  3. "Marriott Plans Edition London at Berners Hotel". 10 November 2010. Archived from the original on 12 October 2020. Retrieved 12 October 2020.
  4. Oseid, John. "The London Edition Hotel: Transforming Fitzrovia In Four Short Years". Forbes. Archived from the original on 17 August 2017. Retrieved 29 October 2019
  5. "Marriott International sells the London Edition". Archived from the original on 14 October 2020. Retrieved 12 October 2020.