Bertha Gxowa
Bertha Gxowa | |
|---|---|
| Tsalo | 26 Ngwanatsele 1934 Germiston, Aforikaborwa |
| Leso | 19 Ngwanaitseele 2010 (dingwaga di le 75) Johannesburg, Aforika Borwa |
| Letso | Germiston |
| Tiro | Molwela ditshwanelo tsa basadi |
| Title | Bertha Gxowa |
| Mosadi | Cecil Mntukanti Gxowa |
| Bana | 5 |
Bertha Gxowa, OLS, (née Mashaba; 26 Ngwanatsele 1934 - 19 Ngwanatsele 2010) e ne e le molweladiphetogo kgatlhanong le tlhaolele le ditshwanelo tsa basadi le mokgatlho wa badiri mo Afrika Borwa.
Baekerafi
[fetola | Fetola Motswedi]Gxowa o tsholetswe kwa Gerimiston.[1]O ne a tsena sekolo se sebotlana sa Thokoza la ntlha mo lefelong leo pele a fetela kwa sekolong se segolwane sa Puso.O ne a romelwa kwa kholetšheng ya kgwebo, koo a neng a fetsa dithuto tsa gagwe tsa go kwala ka mokgwa o o mokhutshwane le go boloka dibuka.[kinolo ya tlhogela]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Gxowa o simolotse go dira jaaka mothusi wa ofisi kwa Mokgatlhong wa Badiri ba Diaparo wa Aforika Borwa kwa a neng a nna le dipuisano tsa dituelo le go kokoanya ditlankana tsa madirelo. Gxowa o ne a nna le seabe mo Liking ya Baša ya African National Congress (ANC) le Liki ya Basadi a sa ntse a le monnye.[2]O ne a baya monwana lantlha le ANC ka nako ya letsholo la thuto le le kgatlhanong le Bantu.[3]
Katlego
[fetola | Fetola Motswedi]Gxowa o ne a tsaya karolo mo Letsholong la Defiance ka 1952.[2]Gxowa e ne e le mongwe wa maloko a a simolotseng Mokgatlho wa Basadi ba Aforikaborwa (FEDSAW) .[3]Gape e ne e le mongwe wa barulaganyi ba Mogwanto wa Basadi mo Kagong ya Kopano ka 1956 o o neng o ipelaetsa kgatlhanong le go fetisiwa ga melao.[2] Gxowa, mmogo le Helen Joseph, ba ne ba tsamaya go ralala Aforika Borwa go ya go tsaya ditshaeno mo diphetišeneng di le 20 000 tse di neng tsa tlhagisiwa kwa mogwantong.[4]
O ne a feleletsa a latofaditswe ka boferefere ka 1956 mo Tshekong ya Boferefere mme a nna mo tshekong go fitlha ka 1959.[2]O ne a thibelwa ka fa tlase ga Suppression of Communism Act ka 1960.[1]
]Ka 1994, o simolotse go direla mo Palamenteng jaaka leloko la ANC. O ne a le leloko la Komiti ya Palamente ya Merero ya Selegae le ya Boitekanelo go fitlha ka 2004.[1]
Botshelo le loso
[fetola | Fetola Motswedi]Gxowa o ne a tlhokafala kwa bookelong kwa Johannesburg ka 19 Ngwanatsele 2010. Sepetlele sa kwa Gauteng se reeletswe ka ene. O ne a na le bana ba le batlhano mme o ne a nyetswe ke Cecil Mntukanti Gxowa, yo o neng a tlhokafetse pele ga gagwe. Lebitla la gagwe le ne la neelwa jaaka lefelo la ngwaoboswa ya porofense.[5]
Bona gape
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 "ANC Veteran, Bertha Gxowa, Dies". SA News. 19 November 2010. Archived from the original on 23 September 2016. Retrieved 22-11-25
- 1 2 3 4 "Passing of Bertha Gxowa". Nelson Mandela.org. 19 November 2010. Retrieved 22-11-25
- 1 2 "Bertha Gxowa (Mashaba)". South African History Online. 17 February 2011. Retrieved 22-11-25
- ↑ "Bertha Gxowa (Mashaba)". South African History Online. 17 February 2011. Retrieved 22-11-25
- ↑ "Bertha Gxowa's Grave Site Declared a Provincial Heritage Site". Germiston City News. 8 December 2014. Retrieved22-11-2025