Jump to content

Beryl Sisulu

Go tswa ko Wikipedia
Beryl Sisulu
Sisulu ka Seetebosigo 2012
Tsalo
Beryl Rose Lockman

1948
Alma materUniversity of Natal
Political partyAfrican National Congress
MasikaWalter Sisulu (malomaagwe)

Beryl Rose Sisulu (o a neng a fana ka Lockman pele; o o tshotsweng ka 1948) ke moemedi wa Aforika Borwa kwa mafatsheng a sele le mmueledi o o berekang e le moemedi wa Aforika Borwa kwa Mexico, a thapilwe mo maemong ao ka 2023. Ke ngwana o o amogetsweng wa ga Albertina le Walter Sisulu.

Botshelo jwa a le mmotlana le pereko

[fetola | Fetola Motswedi]

Sisulu o tshotswe ka ngwaga wa 1948[1] kwa Soweto kwa e neng e le kgaolo ya Transvaal pele.[2] Morago ga gore mmaagwe ebong Rosabella Lockman (o a neng a fana ka Sisulu pele) a tlhokafale, ene le kgaitsadie Gerald, ba ne ba godisediwa kwa Soweto ke malomaabone, molweladitshwanelo gape e le mopolotiki Walter Sisulu, le mosadi wa gagwe Albertina Sisulu.[1][3] O tsene sekolo se segolwane kwa St Michael's School kwa Swaziland morago a ya go tsweledisa dithuto tsa gagwe tsa molao kwa University of Natal.[2]

Mo dingwageng tse di latelang, o ne a bereka kwa Black Sash e le mookamedi wa kgaolo wa KwaZulu-Natal; e le mmueledi a bereka kwa lephateng la tshiamiso.[2] O ne a nyetwe ke Leonard Simelane.[4]

Tiro ya boemedi kwa mafatsheng a sele

[fetola | Fetola Motswedi]

Sisulu ke moemedi wa Aforika Borwa kwa mafatsheng a sele. O ne a thapiwa e le moemedi kwa Norway ka 2009,[5] moemedi kwa Japan ka 2016,[6] moemedi kwa Australia ka 2017[6] le kwa Greece ka 2019.[7] Ka Phalane a le lesome le borobabobedi ngwaga wa 2023, o ne a itshupa e le moemedi wa Aforika Borwa kwa Mexico, Gautemala, El Salvador, Honduras, Nicaragua, Costa Rica le Panama.

  1. 1 2 Roberts, Gary E. (11 April 2023). The Palgrave Handbook of Servant Leadership. Springer Nature. p. 208. ISBN 978-3-031-01323-2.
  2. 1 2 3 HE Ms Beryl R. Sisulu". Australian Institute of International Affairs. Retrieved 03 December 2025
  3. "Albertina Sisulu's story". Life. 8 August 2006. Retrieved 03 December 2025
  4. Mandela, Nelson (13 August 2019). Prison Letters. Liveright Publishing. ISBN 978-1-63149-674-5.
  5. Adebajo, Adekeye (2012). The EU and Africa: From Eurafrique to Afro-Europa. Hurst & Company. p. 390. ISBN 978-1-84904-171-3.
  6. 1 2 "Zuma-linked spy to become ambassador". News24. 30 April 2017. Retrieved 03 December 2025
  7. "Deputy Minister of Foreign Affairs Terens Quick's meetings with Russian Ambassador Andrey M. Maslov and South African Ambassador Beryl Rose Sisulu". Ministry of Foreign Affairs. 17 May 2019. Retrieved 03 December 2025