Bethanie, Namibia
Bethanie ke motse kwa kgaolong ya Karas kwa borwa jwa Namibia.[1] Ke lengwe lefelo le legologolo thata mo lefatsheng leo.[2] Le na le banni ba le dikete pedi, makgolo a mararo, masome a supa le bobedi ka ngwaga wa 2023.
Popego
[fetola | Fetola Motswedi]Motse wa Bathanie o kwa tseleng ya C14 gareng ga Goageb le Walvis Bay, dikhilomithara di le lekgolo kwa bophirima jwa Keetmanshoop.
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Lefelo le le dikologileng Bethanie pele e ne e le la Red Nation, morafe wa BaNama. Ka lekgolo la dingwaga di le lesome le borobabobedi, morafe wa !Aman, o o ka fa tlase ga batho ba Orlam, o ne wa tsaya tshwanelo ya boagedi koo.[3] Fa barongwa ba simolola go tsamaela kwa bokone go tswa kwa koloneng ya Kapa mo lekgolong la dingwaga di le lesome le borobabongwe, ba ne ba dira mafelo a borongwa mo tseleng. London Missionary Society e ne ya tlhama toropo, mme ka ntlha ya go tlhaela ga barongwa le botsalano jo ba neng ba na le bone le London Rhenish Missionary Society ka nako e o, ba ne ba romela morongwa wa lotso lwa Jeremane.

Moruti Heinrich Schmelen o gorogile la 1814 e le morongwa wa Kailkhauan le moeteledipele wa bone Amraal Lambert.[4] Kago ya Schemelenhaus e ne ya agiwa ngwaga one oo, e supiwa fa e le yone kago e kgologolo kwa Namibia. Ke segopotso sa lefatshe fa e sale ngwaga wa 1952, ebile e bereka jaaka lefelo la mabolokelo ditso le lebotlana. Morago go ne ga lemogiwa gore kereke le ntlo ya moruti kwa Warmbad, tse di sentsweng ka ngwaga wa 1811, di ne di le dikgologolo go gaisa Schmelenhaus,[5] le gore go nonotsha Khauxa!nas go tsile pele ga dikago tsotlhe tsa ma Yuropa.[6] Schmelen o simolotse kago ya kereke e e neng e le mo matlotleng fa James Alexander a etela motse o o ka 1837.[7]

Ka 1822, Schmelen o ne a tswa kwa Bethanie[8] morago ga go lapisiwa ke tiro ya gagwe ya borongwa mo merafeng ya mo gae, e e neng e gana dikopo tsa gagwe tsa gore ba tsene kereke[9] le ka ntlha ya kgotlhang gareng ga morafe wa ga Amraal Lambert wa Orlam le morafe o mongwe wa BaNama o o neng o nna koo. Loruo le batho ba ne ba bolawa, dikago tsa tshubiwa ka molelo. Go ya ka James Edward Alexander, Schmelen o ne a lekile mme a reteletswe ke go itsa batho go reka ditlhobolo le marumo ka dikgomo, a bona dikgotlhang di sena phelelo.[10]
Kereke ya ntlha e agilwe ka 1859, e santse e le teng gompieno.

Ka ngwaga wa 1883, Bethanie e ne e le lefelo la thekiso ya lefatshe ya ditso kwa ntlong ya kgosi ya BaNama Josef Frederick II.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Vedder, Heinrich (1997). Das alte Südwestafrika. Südwestafrikas Geschichte bis zum Tode Mahareros 1890 [The old South West Africa. South West Africa's history until Maharero's death 1890] (in German) (7th ed.). Windhoek: Namibia Scientific Society. ISBN 0-949995-33-9.
- ↑ Tonchi, Victor L; Lindeke, William A; Grotpeter, John J (2012). Historical Dictionary of Namibia. Historical Dictionaries of Africa, African historical dictionaries (2 ed.). Scarecrow Press. ISBN 9780810879904.
- ↑ Dedering, Tilman (1997). Hate the old and follow the new: Khoekhoe and missionaries in early nineteenth-century Namibia. Vol. 2 (Missionsgeschichtliches Archiv ed.). Franz Steiner Verlag. ISBN 978-3-515-06872-7. Retrieved 06 October 2025.
- ↑ Dierks, Klaus. "Biographies of Namibian Personalities, L". Retrieved 06 October 2025.
- ↑ Dierks, Klaus. "Warmbad becomes [sic] two hundred years". Retrieved 06 October 2025.
- ↑ Vogt, Andreas (2007). "Die ältesten Kirchen in Namibia (Teil 1)" [The oldest churches in Namibia, part 1]. Afrikanischer Heimatkalender 2007 (in German). Deutsche Evangelisch-Lutherische Kirche in Namibia (DELK).
- ↑ Alexander, James Edward (1967) [1838]. Expedition of discovery into the interior of Africa : Through the Hitherto Undescribed Countries of the Great Namaquas, Boschmans, and Hill Damaras, Performed under the Auspices of Her Majesty's Government and the Royal Geographic Society. Africana Collectanea. Vol. 1. C. Struik, Cape Town. Retrieved 06 October 2025.
- ↑ Dedering 1997, p. 59–61.
- ↑ "Bethanie, a village in Namibia". The cardboard box travel shop. Archived from the original on 19 January 2013. Retrieved 06 October 2025.
- ↑ Alexander 1967, pp. 183–185.