Betty Chepkemoi
Betty Chepkemoi (o tshotswe ka kgwedi ya Moranang e tlhola ga raro,ngwaga wa 2000) ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya yo o itsegeng ka mabelo a tsela. O tsenela dikgaisano tsa dikilometara di le lesome go ya go marathone. O ne a amogelwa ke boditšhabatšhaba morago ga go fenya Vienna City Marathon ka 2025, a fitlhelela rekoto e e kwa godimo ya gagwe ka sebele. [1][2]
Botshelo jwa pele le kwa a goletseng teng
[fetola | Fetola Motswedi]Chepkemoi o tsholetswe kwa Narok County, Kenya. O ne a simolola go kgatlhegela go taboga a sa le monnye mme a simolola go ikatisa ka tlhoafalo a na le dingwaga di le lesome le bone fa a ne a le kwa sekolong sa se sebotana. O ne a rotloediwa ke baatlelete ba ba itsegeng ba kwa Kenya jaaka Janeth Jepkosgei, Mercy Cherono, le Hellen Obiri, mme a tsenela tiro ya go nna motshameki wa metshameko ya diatleletiki. [3]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Kwa tshimologong o ne a tsepamisitse mogopolo mo lobelong lwa dimetara di le 3000, Chepkemoi o ne a fetogela mo lobelong lwa tsela ka 2021. O ne a atlega go tswa kwa tshimologong ka go fetsa a le mo maemong a bobedi ka nako ya gagwe ya ntlha ya halofo ya marathone kwa Roma ⁇ Ostia Half Marathon ka nako ya 1:06:37, e e santseng e le rekoto ya gagwe e e gaisang ya sekgala seo.[4]
Ka ngwaga wa 2022, Chepkemoi o ne a tsenela dikgwedi di le robongwe tsa katiso ya sesole, e e neng ya kgaosetsa tiro ya gagwe ya metshameko ka nakwana. O ne a boela mo kgaisanong ka 2023 mme a simolola go taboga marathone ka November kwa Istanbul Marathon, a fetsa a le mo maemong a bone ka nako ya 2:34:52.[3][3]
Ka kgwedi ya Moranang e tlhola ga rataro ,ngwaga wa 2025, Chepkemoi o ne a fenya Vienna City Marathon ya bo42 ka 2:24:14, a tokafatsa rekoto ya gagwe ka metsotso e e fetang lesome. Lobelo lono lo ne lwa tshwarelwa mo maemong a a gwetlhang, ka dithemperetšha tse di ka nnang 2°C kwa tshimologong. Phenyo ya gagwe e ne ya dira gore batho ba kwa Kenya ba tsene mo podiamong, mme Rebecca Tanui le Catherine Cherotich ba ne ba fetsa mo maemong a bobedi le a boraro, ka go latelana.[5][6]
Ditiragalo tse di di gaisang tsotlhe
[fetola | Fetola Motswedi]Go tloga ka kgwedi ya Moranang,ngwaga wa 2025, rekoto ya ga Chepkemoi ke:
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "An ice cold surprise by Haftamu Abadi and Betty Chepkemoi in Vienna". Race News Service. Retrieved May 12, 2025.
- ↑ "Abadi and Chepkemoi Shine in Cold Vienna Marathon with Breakthrough Wins". Watch Athletics. Retrieved May 12, 2025.
- 1 2 3 "Victory in Vienna informs Kenyan Betty Chepkemoi's Olympic dream". Athletics Illustrated. April 7, 2025. Retrieved May 12, 2025.
- 1 2 "Course records for Rotich in Paris and Chepkemoi in Rome-Ostia". World Athletics. October 17, 2021. Retrieved May 12, 2025.
- 1 2 "An ice cold surprise by Haftamu Abadi and Betty Chepkemoi in Vienna". Race News Service. April 6, 2025. Retrieved May 12, 2025.
- ↑ "Vienna Marathon 2025: All results and times - complete list". Olympics.com. Retrieved May 12, 2025.
- ↑ "Chepkemoi Kibet, Betty - RRM Online Guide". Road Race Management. Retrieved May 12, 2025.