Jump to content

Betty G

Go tswa ko Wikipedia

Bruktawit Getahun, yo o itsegeng thata ka leina la gagwe la sethaleng Betty G, ke moopedi le mokwadi wa dipina wa Moethiopia.

O simolotse tiro ya gagwe ka go dirisana mmogo le diopedi tse di farologaneng, segolo thata, moopedi wa hip hop, jaaka Nhatty Man, Henok Mehari, Jonny Ragga, le Henok Abebe. Album ya gagwe ya ntlha ya 2015 Manew Fitsum le ya 2018 ya Wegegta e ne ya rekisiwa thata ka ngwaga wa 2016 le 2018.


Botshelo le tiro

[fetola | Fetola Motswedi]

Bruktwait Getahun o tsholetswe le go golela kwa Addis Ababa, Ethiopia. O ne a tsena sekolo se segolwane sa kwa Fora sa Lycée Guebre-Mariam. Moragonyana o ne a tsenela Kholetšhe ya Kgwebo ya Addis Ababa le Yunibesiti ya Sefora, Universite de L'IAE Politier, ka makwalo, a aloga ka 2009 ka dikirii e e kopaneng ya Taolo ya Ofisi le Taolo ya Kakaretso. Ka tiro ya mmino e e simolotseng ka boikokobetso mo malatsing a gagwe a sekolo se segolwane, maemo a ga Betty G gompieno a mmone a dira mmogo le bataki ba le mmalwa ba ba itsegeng ba Ethiopia go akaretsa Teddy Afro, Zeritu Kebede, Jhonny Raga le Natnael Ayalew (Nhatty Man). Mo Coke Studio Africa 2017, Betty G o ne a dira mmogo le setlhopha sa mmino sa Cameroon: X-Maleya jaaka se dirilwe ke Chopstix ya Nigeria. O opela ka Sefora, Seesimane le Se-Amharic. [1]

Ka 2018, Getahun o ne a golola alebamo ya gagwe ya bobedi e e neng ya amogelwa ke babadi e e nang le setlhogo sa Wegegta e e neng ya mo tlisetsa ditlhopho di le 6 tsa AFRIMA. Alebamo e ne e dirilwe ke Yamlu Molla yo o neng a tlhophiwa gape mo AFRIMA Award.[ 2]

O boletse fa a lekeletsa ka mefuta e mengwe ya mmino jaaka jazz, rock, le electronica.[ 3]

Betty G ke motshehetsi wa maemo a hodimo wa UNHCR mme o ile a etela dikampa tsa baphaphathehi ka hara Ethiopia a buella ditokelo tsa baphaphathehi, haholo basadi ba baphaphathehi. [4]

Betty G o ne a tlhophiwa go amogela sekgele sa Nobel Peace Prize 2019, sekgele sa Tonakgolo Abiy Ahmed mme a opela dipina tse pedi "Hagere" le "Sin Jalleda".

[1] "Coke Studio Africa – Artist – Betty G". www.coca-cola.co.ke. Retrieved 22 December 2019.

[2] "Betty G Won Album of The Year at Afrima Music Award". Addis Insight. 25 November 2018.

[3] Ilado, Lucy (6 September 2018). "AFRIMA 2018: East African acts show progress". Music in Africa.

[4] "UNHCR Ethiopia – Operational Update (October and November 2018)". relief web. 30 November 2018.