Jump to content

Bheki Cele

Go tswa ko Wikipedia

Bekokwakhe "Bheki" Hamilton Cele (o tshotswe ka di 22 Moranang 1952).Ke tona ya pele ya Sepodisi sa Aforikaborwa go tloga ka Tlhakole 2018 go fitlha ka di 17 Seetebosigo 2024. E ne e le Mokhomišenara wa Bosetšhaba wa Tirelo ya Sepodisi sa Aforikaborwa dingwaga di le pedi, go fitlhela a latofadiwa ka Diphalane 2011 le go tlosiwa ka Seetebosigo 2012.Gape o kile a nna Motlatsatona wa Temothuo, Dikgwa le Ditlhapi, mo Lekgotleng la Khuduthamaga la KwaZulu-Natal, le mo Lekgotleng la Peomolao la Porofense ya KwaZulu-Natal . Ke leloko la Komitikhuduthamaga ya Bosetšhaba ya African National Congress, mme o ne a golegilwe kwa Robben Island ka nako ya tlhaolele.[1]

Ditshupiso

[fetola | Fetola Motswedi]

Matlhabisa ditlhong a bonweenwee a mapodisi

[fetola | Fetola Motswedi]


Ka Phukwi 2025, Cele o ne a amega mo matlhabisaditlhong a bonweenwee a mapodisi a a neng a ama Vusumuzi Matlala yo ga jaana a leng kwa kgolegelong. Dipegelo di latofatsa gore fa re na le tona ya sepodisi, Cele o ne a nna mo ntlong ya manobonobo malatsi ale mmalwa fela pele ga khamphani ya ga Matlala e newa thentara ya ditirelo tsa boitekanelo ya SAPS ya diranta di le dimilione di le 360.[2] [3]

Leina la ga Bheki Cele le okeditswe mo maineng a le supa a a kwa godimo a a tlileng go neela bosupi kwa palamenteng ka nakwana kgatlhanong le ditatofatso tsa ga Mkhwanazi. Cele o simolotse go neela bosupi fa pele ga komiti ya nakwana ya palamente ka di 23 Diphalane 2025.[4] [5]Matlala o boletse fa a neile Cele dikete dile di tlhano tsa dipula[6]

  1. https://specialprojects.news24.com/9-lives/index.html
  2. Mahlangu, Sifiso (2025-07-08). "Bheki Cele stayed in luxury suite owned by dodgy tender mogul 'Cat' Matlala". IOL (in Sekgoa). Retrieved 2025-08-19.
  3. Maromo, Jonisayi (2025-07-09). "Vusimuzi 'Cat' Matlala found with mobile phone at Kgosi Mampuru prison". IOL (in Sekgoa). Retrieved 2025-08-19.
  4. Ntanzi, Hope (2025-09-08). "Cele added as witness in parliamentary probe into Mkhwanazi allegations of SAPS corruption". IOL (in Sekgoa). Retrieved 2025-09-08.
  5. "WATCH LIVE | Bheki Cele at parliament committee probing Mkhwanazi's allegations". TimesLIVE (in Sekgoa). 2025-10-23. Retrieved 2025-10-23.
  6. "I gave Bheki Cele R500,000 and he kept asking for more: 'Cat' Matlala". TimesLIVE (in Sekgoa). 2025-11-26. Retrieved 2025-11-27.