Billie Zangewa
Billie Zangewa (o o tshotsweng ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le boraro kwa Blantyre, Malawi) ke motaki wa kwa Malawi o o rokang matsela a siliki go dira dilwana tse di segilweng ka matsela a a farologaneng, o gompieno a nnang kwa Johannesburg. Fa e sale ka ngwaga wa dikete pedi le bone, botaki jwa gagwe bo akareditswe mo ditshupong tsa mafatshefatshe di akaretsa Paris Art Fair kwa Grand Palais kwa Paris.[1]
Tiro ya ga Zangewa e bua ka botshelo jwa gagwe ebile e itebagantse le go buelela ditshwanelo tsa bomme ba mmala o montsho le go bereka mo gae ga malatsi otlhe le go nna mme.[2] O bitsa se go nna mme malatsi otlhe. Mokgwa wa gagwe wa botaki o supa go gana go gatelelwa ga motaki mo a go itemogelang mo go ipheng lorato.
Botshelo jwa a le mmotlana le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]O tshotswe ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a supa le boraro kwa Blantyre, Malawi, a aloga ka Bachelors of Fine Arts go tswa kwa sekolong se segolwane sa ithutelo ditiro sa Rhodes University, kwa Aforika Borwa morago ga go ithuta ka botaki jwa go gatisa. Mmaagwe o ne a bereka mo mohameng wa matsela a roka gape a kgabisa. Fa a santse a le ngwana o ne a itemogela kutlwano ya ga mmagwe le basadi ba bangwe fa ba roka, ga mmogo le ba dira ditiro tse dingwe tsa mo lwapeng mmogo, mo go neng go rotloetsa setlhogo sa go nna mme mo tirong ya gagwe.[3]
Mo go ithuteng ga gagwe, o ne a lekeletsa mefuta e e farologaneng ya go supa maikutlo, mme morago a kgatlhegela go bereka ka siliki, ka ntlha ya kgatlhego ya gagwe mo letseleng, go nna motlhofo ga lone le go galalela. O ne a supa gore: "siliki e ntle thata ka go galalela ga yone mme gape ke akanya gore e kwa pele mo go tsa kapari".[1]
Pereko
[fetola | Fetola Motswedi]A bereka kwa toropokgolo Gaborone ya Botswana, morago a ya Johannesburg le Lontone, o ne a batla go ranola sesadi mo tikologong ya gagwe ya setoropo. O ne a bua ka kgatlhego ya gagwe mo go kapeng ditshwantsho ga kapari le mofuta wa teng, sekai, jaaka Ellen von Unwerth mo tirong ya gagwe. Tiro ya ga Zangewa ya pele ya go roka e ne e akaretsa go dira dibeke tsa dibata, a dirisa tse a di boneng kwa Johannesburg.[4] Fa motaki a simolola go dira matsela a matona a a tlhakaneng a jaanong a itsegeng ka one, o ne a ikaegile thata ka tiriso ya mafoko, ditshwantsho ka thotloetso ya botaki jwa sesha, le dinako tse dingwe, mekgabisa, dibaga le mebete mo letseleng.[5][6]
The Rebirth of Black Venus ya ga Zangewa ya ngwaga wa dikete pedi le lesome, e ne ya tshwaya go fetoga ga se motaki a tlwaetseng go se dirisa. Selwana se supa toropo Johannesburh, a fokoditswe go nna monnye fa a tshwantshangwa le setshwantsho sa ga Zangewa, o a lebegang a sa apara sepe kwa ntle ga letsela le a ikhaphileng ka lone. Tiro e tsile ka nako e Zangewa a neng a kgaogana le mokapelo o a neng a mmeeleditse, ka jalo e tshwaya maitlamo a a itiretseng, go ithata mo go ntseng go tlhagelela mo tirong ya gagwe fa e sale ka nako eo.[3]
Didirisiwa
[fetola | Fetola Motswedi]Billie Zangewa o bereka thata ka dibata tsa letsela la siliki le rokeletswe ka letsogo mo selwaneng, mo go supang sekao sa gagwe go bo go tlhatlhoba ditso le go sotliwa ga mebele ya basadi ba bantsho.
Zangewa o ne a fetogela mo go rokeng dilwana tsa letsela ka go sa lope madi a mantsi ebile go le motlhofo go tsamaisiwa ka dikoloi,[4][7] letsela le a le dirisang le ne la simolola go nna botlhokwa mo botaking jwa gagwe. Zangewa o bona botlhokwa mo mofuteng wa letsela mo go dirang gore tiro ya gwe e bonale e tshwana ebile e lemoga go direla o gae.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "Biographie de Billie Zangewa". African Success (in French). 5 May 2011. Archived from the original on 20 April 2017. Retrieved 22 September 2026
- ↑ Luke, Ben (17 November 2021). "A brush with... Billie Zangewa". The Art Newspaper. Retrieved 22 September 2026
- 1 2 Okoro, Enuma (26 June 2020). "The Textile Artist Who's Always Known How to Care for Herself". The Cut. Retrieved 22 September 2026
- 1 2 McDermott, Emily (2018). "Billie Zangewa – the fierce feminine". Art Basel. Archived from the original on 6 July 2022. Retrieved 22 September 2026
- ↑ "The Creative Showcase: Exploring the female gaze by Billie Zangewa". The Mail & Guardian Online. 6 August 2014. Retrieved 22 September 2026
- ↑ Atak, Awut (19 November 2015). "Billie Zangewa on expressing her black femininity and being a mother and artist". TRUE Africa. Retrieved 22 September 2026
- ↑ Gipson, Ferren (2022). Women's work: from feminine arts to feminist art. London: Frances Lincoln. ISBN 978-0-7112-6465-6.