Jump to content

Blanche Bailly

Go tswa ko Wikipedia
Blanche

Bailly Larinette Tatah (born 8 Phatwe 1995),O itsege ka leina la Blanche Bailly[1] ke moopedi wa kwa Cameroon, mokwadi , le motshameki wa difilimi.O tumile thata ka pina ya gagwe ya ‘Kam We Stay’ ka di 16 Phatwe 2016.[1][2]

O ne a simolola go tshameka mo filiming ya The Kujus Again, e e neng ya gololwa ka Moranang wa 2023, mme e ne ya tsamaisiwa ke Biodun Stephen.[ 4]

Dithutego le botshelo jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

O belegetswe kwa Kumba kwa South West Region ya Cameroon mo lelapeng la bodumedi, Blanche o tsene sekolo sa poraemari kwa Sacred Heart Kumba South-West region mme morago a dira karolo ya thuto ya gagwe ya sekontari kwa Baptist Secondary School Kang Barombi le Diligent Bilingual College- Kumba pele a fudugela kwa Fora a le dingwaga di le 12 le lelapa la gagwe kwa a tsweleditseng dithuto tsa gagwe teng. Fa a ntse a le kwa Fora, o ne a swetsa go latelela toro ya gagwe ya go nna motshameki wa mo seraleng le go rekota mmino. Loeto lwa gagwe lo ne lwa nna le dikgwetlho tse di farologaneng, go akaretsa go ganwa le mathata. Kgabagare, o ne a tlhopha go fudugela kwa UK go ya go diragatsa dikeletso tsa gagwe.[5]

Tiro ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka nako ya fa a le kwa UK, o ne a kopana le motaki wa kwa Cameroon yo o neng a mo rulaganyetsa studio sa gagwe sa ntlha. Ka nako eo, motaki yono o ne a itsege ka leina la setena la "Swagger Queen". Ka ngwaga wa 2015, o ne a ntsha pina ya gagwe ya ntlha e e bidiwang "Killa", e e neng e dirilwe ke Ayo Beats. O ne a golola " Kam we stay" ka 2016 e e dirilweng ke motlhami wa kwa Cameroon Philbillbeatz.

Morago ga go gololwa ga single eo, Blanche o ne a swetsa go boela kwa nageng ya gaabo mme a tswelela go dira le intaseteri ya mmino koo. Ka katlego ya "Kam we stay", Ka 2017, Blanche o ne a dira mmogo gape le Philbillbeatz mo go e nngwe e a e tlhamileng, e e bidiwang "Mimbayeur", e e nang le rapper Minks. Ka ntlha ya go atlega ga pina eno e le nngwe e e neng ya bonwa ke batho ba feta dimilione di le 5 mo go YouTube.

O ne a tlhophiwa go nna Best Female Central African Artist kwa AFRIMA,[6] Best Urban le Revelation of the Year kwa Canal D "or, mme a fenya Revelation of the Year kwa Balafon Music Awards ka 2016.Ka Diphalane 2018, Blanche Bailly o ne a ikgolaganya le bataki ba ba jaaka Mr. Leo, Daphné, Minks, Pit Barccardi, Magasco, le ba bangwe ba le bantsi mo pineng ya kagiso; Re Tlhoka Kagiso ka Salatiel ka ntlha ya kgotlhang e e tsweletseng kwa dikgaolong tsa Anglophone tsa Cameroon.[ 9]

Tiro ya go tshameka difilimi

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo godimo ga tiro ya gagwe ya mmino, Blanche o ne a nna le seabe mo go tshamekeng, a tshameka mo filiming "The Kujus Again", e e golotsweng ka 2023.[ 10] O ne a tshameka karolo ya MC/Artist mo filiming eno.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Blanche Bailly o ne a tshwarwa ka kgwedi ya Diphalane ka ngwaga wa 2022 ka molato wa go utswa setsidifatsi ke mapodisi. Moragonyana go ne ga tlhomamisiwa gore o rekile setsidifatsi go mongwe yo e neng e se mong wa sone kwa Buea. Morago ga moo, mapodisi, a a neng a setse a batlisisa kgetsi eno, a ne a amogela tshedimosetso ya gore Bailly o ne a ikaeletse go fudusetsa setsidifatsi kwa Douala. Go ne ga ntshiwa taelo ya gore a tshwarwe.[ 12]

[1] "Blanche Bailly is Cameroon's sexiest female artist". dcodedtv.com. 2017-08-27. Retrieved 2019-06-11.

[2] "Showbiz: les confessions de Blanche Bailly". Sep 12, 2017. Retrieved Jul 26, 2020.

[3] Oladotun, Shola-Adido. "MOVIE REVIEW: The Kujus Again: Interesting sequel that lives up to promise". www.premiumtimesng.com. Retrieved 2024-07-10.

[4] "The Kujus Again". XploreNollywood. 2024-05-14. Retrieved 2024-07-10.

[5] "Blanche Bailly | African Muzik Magazine". Archived from the original on July 6, 2019. Retrieved Jul 26, 2020.

[6] "Cameroonian singer Daphne scoops top award at Afrima". I journalducameroun.com. Retrieved 2018-11-26.

[7] "Canal 2'Or 2019 : découvrez la liste complète des gagnants". Music In Africa. Mar 11, 2019. Retrieved Jul 26, 2020.

[8] "AFRIMA 2018: Blanche Bailly, Daphne battle for Best Female Central Africa crown". dcodedtv.com. 2018-08-19. Retrieved 2019-06-13.

[9] "Cameroonians Call for Cease-Fire in Conflict Zones on Peace Day". Voice of America. 2021-09-21. Retrieved 2024-07-10.