Jump to content

Blaxit

Go tswa ko Wikipedia
Sekao se e seng sa semmuso sa letsholo la Blaxit

Blaxit ke letsholo la maranyane le le rotloetsang go busediwa ga batho bantsho go tswa kwa United States le Europe go boela Aforika. Lefoko le le akaretsa batho botlhe ba merafe ya Afoika ba ba nang le keletso ya go boela Aforika ka mabaka a a farologaneng, a akaretsa ditshono tsa kgolo ya itsholelo le tsa ngwao. E kopane le mafatshe a Aforika a jaanong a batlang batswakwa ba ba rutegileng ebile ba na le kitso ya ditiro dingwe,letsholo le le golelang pele le tlhamilwe, ka tautona wa kwa Ghana Nana Akufo-Addo a itsise fa ngwaga wa 2019 e le ngwaga wa go boa, le go tsamaisana le kitsiso ya gagwe, o ne a dira gore go tsaya loeto go ya Ghana go nne motlhofo mo malokong a mafatshe a Aforika le mabapi.[1]

Mafatshe a tshwana le Sierra Leone, Rwanda, Benin, Ghana le Zambia jaanong a fa batho ba lotso lwa Aforika boagedi ba ba batlang go kopa go nna koo.[2] Lefatshe la Benin le tsamaela kwa go feng boagedi ope fela o o ka ntshang sesupo sa go nna le ditso kgotsa bagologolwane kwa Aforika.[3] Ka kgolo ya itsholelo ya kgaolo eo, mafatshe a Aforika jaanong a berekela go bona babeeletsi le batho ba ba nang le kitso ba merafe ya Aforika le ba ba fudugileng mo Aforika. Mogogi wa banka ya boremelelo ya kwa Ethiopia Mamo Mihretu o kopile batho ba Ethiopia le mabapi go tsaya karolo mo ditshonong tse dišha tse di tlhodilweng ke diphetogo tsa itsholelo kwa Ethiopia gore ba itshetse le go tswela lefatshe la bone mosola.[4]

Batho ba ditso tsa Aforika ba tlhwatlhwa ba tshwana le Idris Elba ba ne ba fudugela mo Aforika go tlhama 'Zollywood',[5] Akon a dira toropokgolo ya gagwe kwa Senegal e bidiwa Akon City,[6] le Ludacris a tsaya boagedi kwa Gabon,[7] letsholo le le bona dipeeletso tse dišha ka ponelopele ya go dira Aforika kgaolo e e phophomang.

Lefoko Blaxit le tlhamilwe morago ga Brexit ke moithuti, mmegi wa dikgang, le molwela ditshwanelo Dr. Ulysses Burley wa boraro. Lefoko le le kopanya lefoko Black "bontsho" le Exit "go tswa" jaaka Bexit a raya go tswa ga batho ba Britain kwa lekgotleng la European Union.[8][9][10][11][12][13]

Lefatshe la Liberia le tlhamilwe e le go tsibogela kgethololo ya lotso le mmala e batho bantsho ba kwa America ba neng ba e itemogela ka dingwaga tsa 1820.[1] Moitseanape wa ditso Kevin K. Gaines o ne a re batho banstho ba America ba ka nna dikete di le lesome le botlhano ba ne ba fuduga gareng ga dingwaga tsa 1820 le ka nako ya ntwa ya selegae ya America le go feta.[1] Batho bantsho a bangwe ba kwa America ba ne ba fudugela kwa Canada, kwa go neng go na le kagiso mo bathong bantsho ba America ka nako ya ntwa ya diphetogo, ka magolegwa a a nenga dirilwe makgoba a ka nna makgolo ba fuduga ka ngwaga wa 1830, le ba bangwe ba latela morago ga kgabaganyo ya 1850 ya molao wa bokgoba.[1] Mary Ann Shadd, o o itsegeng thata ka go nna kgatlhanong le bokgoba o ne a fudugela kwa Canada a bo a rotloetsa batho bantsho ba kwa America go fuduga.[1]

Segopotso sa tsosoloso ya Aforika

Ka dingwaga tsa 1900 di simologa, badiragatsi ba le bantsi ba bantsho le bataki le bakwadi ba ne ba fudugela kwa Europe, ka maiteko a go dirisa ditshono tse di neng di seo kwa United States.[1] Ira Aldridge o ne a sala morago tiro ya gagwe ya go diragatsa kwa Europe ka a ne a na le ditshono di se kae kwa United States.[1]

Ka nako ya ntwa ya ntlha ya mafatshe, fa batho bantsho bakwa America ba ne ba itemogela botshelo kwa mafatsheng a mangwe e le lantlha, bontsi jwa bone ba ne ba tsaya tshwetso ya go sala kwa France, go ya ka Caines, "kwa ba neng ba tshwarwa ka tlotlo".[1] Gaines a re maitemogelo a a ne a baka gon tlhamiwa ga lekgotla la batswakwa ba bantsho ba kwa America kwa Paris, le ditoropo tse dingwe tse ditona kwa France.[1] Ka nako eo, mmino wa Jazz o ne wa itsisiwe kwa France ke James Reese Europe o a neng a eteletse pele setlhopha sa Harlem Firefighters sa sesole.[1] Josephine Baker o ne a lemogiwa kwa Paris, mme morago a nna moagedi wa kwa France.[1] James Baldwin o ne a tlhalosa maitemogelo a gagwe kwa Paris, a supa fa go siame go gaisa kwa United States.[1] Richard Wright le ene o ne a fudugela kwa Paris, mme Langston Hughes ka lobaka o ne a nna kwa London.[10] Nina Simone o nnile kwa France le mafatshe a mangwe a Aforika.[10] Paul Robeson o file maiphitlhelo kwa komiting ya ditiragalo tse di sa batlegeng kwa America ka go supa fa kwa Russia, a ne a ikutlwa e le motho lantlha mo botshelong jwa gagwe.[10]

Morago ga ntwa ya bobedi ya mafatshe, fa lefatshe la Ghana le nna lone lantlha mo Aforika go bona boipuso ka ngwaga wa 1957, lefatshe le le ne la kgatlhisa batho bantsho ba kwa United States ba ba neng ba batla go le etela ka ntlha ya tsa maeto kgotsa phudugo.[1] Maya Angelou le W.E.B Dubois ba ne ba fudugela koo.[1]

Folaga ya Aforika o mongwe fela

Letsholo la bo Aforika jotlhe, le le simolotseng ka ngwaga wa 1897, le ne la gola ka dingwaga tsa 1950 morago ga bokolone e le letsholo le le ikaelelang go rotloetsa le go tahtafatsa tshwaragano ya bongwe fela gareng ga ditso tsa mafatshe a Aforika le aa mabapi. Kakanyo e ya Aforika o mongwe fela e ne ya rotloetsa go tlhamiwa ga lekgotla la bokopano jwa Aforika (e e leng African Union jaanong) ka ngwaga wa 1963. Nngwe ya mekgele e metona e e beilweng ke lekgotla la African Union ka lekgolo la dingwaga di le masome a mabedi le motso ke go tlhabolola kgolo ya itsholelo. Dikgato tse ditona di tserwe go rarabolola kgang e, bogolo jang ka go tlhamiwa ga tumalano ya go gweba mahala mo Aforika.

Ka ngwaga wa 2019, tautona wa kwa Ghana Nana Akufo-Addo o ne a tlhoma ngwaga wa 2019 go nna ngwaga wa go boa, go tsamaelana le go tlhoma mo, o ne a dira gore go tsamaela kwa Ghana go nne motlhofo mo malokong a merafe ya Aforika le mabapi.[1] Ka Seetebosigo ngwaga wa 2020, tona wa bojanala kwa Ghana Barbara Oteng Gyasi o ne a rotloetsa batho bantsho ba America go fuduga, a re: "Aforika o lo emetse".[1]

Lefatshe la Sierra Leone le tlhagotse tsela ya boagedi jwa maloko a Aforika. Ka thuso ya ditlhatlhobo tsa losika, tsela e e letla batho ba ba nang le ditso tsa Aforika go fudugela kwa Aforika. Moitseanape wa losika Rick Kittles le Gina Page ba thusa malwapa go kopanya tse di tlhaelang ka ditso tsa bone ka ditso tsa Aforika, ba thusa dikokomane di le sedikadike tsa makgoba go rarabolola magokanyane a ditso tsa bone tsa Aforika.[14]

Tshupo ya ditso tsa batho bantsho ba America

Badira molao ba kwa Benin ba tlhatlhoba kakanyetso ya go fa batho ba Aforika boagedi mo leaftsheng ka bophara. Go tsaya boagedi jwa Benin, bakopi ba tla tshwanelwa ke go ntsha bosupi jwa ditso tsa bone tsa Aforika ka ditokomane tsa mmuso, maiphitlhelo a a tlhomamisitswenf kgotsa ditlhatlhobo tsa losika. Batho ba ba tshwanelegang ba tla a neelwa bukana ya teseletso mesepele ya ngwaga tse tharo ya kwa Benin e le kgato ya ntlha mo go tsamaisong eo, ba neela mafatshe a ka nna masome a marataro le boraro teseletso ya mahala ya mosepele.[15]

Lefatshe la Ghana le dirile ditso ka Ngwanatsele ngwaga wa 2024, ka go neela batho ba le makgolo a matlhano, masome a mabedi le bone boagedi, bontsi ba tswa kwa USA.[16] Ka Donald Trump a fenya legato la bobedi la botautona kwa US ka ngwaga wa 2024, go na le koketsego ya diphudugo tsa batho banstho ba America ba ba batlang go fudugela kwa Aforika ka ntlha ya go fetoga ga maikutlo a batho ba America, le go tswelwa ke mosola ditshono tsa kgolo ya itsholelo mo Aforika.[17]

Lefatshe la Ghana, le nnile lefatshe la botlhano mo Aforika go ntsha teseletso ya mesepel ya mahala mo bathong ba Aforika. Tautona Nana Akufo-Addo o ne a dumalana semmuso le molao wa mosepele wa mahala ka Laboraro, Morule a le lesome le borobabobedi ngwaga wa 2024. Molao o, o o tla simololang go stena mo tirisong ngwaga wa 2025 o simologa, o tla dira Ghana lefatshe la botlhano mo Aforika go bula melelwane ya lone le bulela batho botlhe ba Aforika ba ba tshwereng dibukana tsa mesepele tsa Aforika ka jalo go nne le tirisanommogo ya kgaolo. Thulaganyo e e tla nna dingwaga tse di lesome e e tlhamilweng ke puso ya Ghana go nonotsha bojanala, go rotloetsa batho ba Aforika le ba Ghana ba ba kwa mafatshe a sele , le go thatafatsa botsalano jwa itsholelo le mafatshe a a mabapi.[18]

Ka ngwaga wa 2024, bojanala jwa Aforika bo ne jwa boela kwa bo neng bo ntse ka teng pele ga segajaja, kgaolo e e bone koketsego ya bosupa mo lekgolong la batho ba ba neng ba goroga ka ngwaga wa 2024 go tshwantshiwa le wa 2019.[19] Go diragadiwa ga tumalano ya go gweba mahala mo Aforika go dirile mokete o kwa go one go neng go bidiwa maina a mafatshe a le masome a mabedi le bosupa a a neng a dumalana le tsamaiso ya AfCFTA.[20]

Yo o itsegeng ka tsa moopelo le mmino kwa America Stevie Wonder, o neetswe boagedi kwa Ghana,[21] fa a ne a etetse kwa Accra, toropokgolo ya lefatshe la Ghana ka Motsheganong ngwaga wa 2024. Tautona wa lefatshe leo Nana Akofu-Addo o ne a galaletsa kitso ya gagwe le kamano ya gagwe le Aforika. "Ka go mo neela boagedi jwa Ghana, ga re lemoge fela talente ya gagwe le tse a di fitlheletseng, mme re lemoga gape le kamano ya gagwe e e tseneletseng mo kgaolong ya Aforika". Batho bantsho ba America ba ka nna sekete le makgolo a matlhano ba fudugetse kwa lefatsheng la ghana fa e sale ka ngwaga wa 2019.[22]

Pampiri ya dikgang ya USA Today yare "batho bantsho ba America, jaaka batswakwa ba merafe le dingwao tsotlhe, ba tlogela USA ka nakwana kgotsa ga sennela ruri ka mabaka a a farologaneng, go batala botshelo jo bo botoka, ditshono tsa pereko, go nyala kgotsa go tlogela tiro, ka mabaka a tsa lekgetho, kgotsa go ijesa monate."[10] Kristen West Savali, a kwalela pampiri ya dikgang ya Essence ka Firikgong ngwaga wa 2020, o ne a tshwantshanya Blaxit le phudugo e kgolo are "go a lemotshega gore ga gona sekhutlwana sa America se motho a gololesegileng go nna montsho."[12]

Dibini tsa morafe wa Yoruba

Moithuti Okunini Obadele Kambono ne a fudugela kwa Ghana morago ga a sena go tshwarwa kwa Chicago.[10] O na le seabe mo thulaganyong ya kwa Ghana e e rotloetsang dikokomane tsa Aforika go boela gae.[23] Mosadi wa kgweboo Lakeshia Ford o ne a fudugela kwa Ghana morago ga go ithuta sebaka sa ngwaga kwa mafatsheng, o bua gore kwa Ghana ga a tlhoke go ikakanya e le mosadi o montsho..ke mosadi fela.[10]

Ditsela kgolo tsa Aforika

Tiffanie Drayton, o lolwapa lwa gagwe lo fudugileng go tSwa kwa Trinidad and Tobago go ya US fa a ne a le dingwaga di le nne, o ne a boela gape kwa Trinidad and Tobago ka ngwaga wa 2013, gone jaana o kwala buka e e bidiwang motswakwa wa mmala o montsho kwa America, ka Blaxit.[10][1] Drayton a re go kgweetsa bana ba gagwe gautshwane gore ba kgone go robala kwa Trinidad and Tobago go farologana thata le maiphitlhelo a a tshwanang le ao kwa United States: " Kwa America, diatla tsa gago di a roroma. O tshwenyegile ka se o tla se buang. O tshwenyegile ka gore a o tshwere sesupo sa gago se se tshwanetseng. O nna o tshwenyegile ka dinako tsotlhe."[10]

Ditiragalo tsa 2036, ke ditiragalo tse di akantsweng ebile di dirwa gone jaana ke lekgotla la African Union. Maikaelelo a tsone ke go tlhabolola itsholelo (go akaretsa go fedisa lehuma mo kokomaneng e le nngwe), kamano ya tsa sepolotiki, tlhabololo ya puso ya batho ka batho le tshiamo, go tlhamiwa ga tsa tshireletso le kagiso mo Aforika ka bophara, go nonotsha sesupo sa ngwao ka go tsosolosa Aforika, le dikakanyo tsa Aforika o mngwe fela, tekatekano ya bong le go ikemela ka nosi mo go tsa polotiki le dinonofo tsa mafatshe a sele.[24]

Kgolo ya itsholelo mo Aforika

[fetola | Fetola Motswedi]
Folaga ya African Union

Khumo ya Aforika e solofetswe go ya kwa dipalong tsa 3.8% le 4.2% ka ngwaga wa 2024 le 2025.[25] E ke palo e e kwa godimo go feta ya 2.9% le 3.2% wa mafatshefatshe.[26] Aforika ke legae la merafe e mebotlana ebile e gola ka lobelo, ditoropo tse digolang, le ditlhamo tse di pelokgale mo sengwe le sengweng go tswa mo botegeniking jwa tsa madi go tsena mo kgothetsong e e phepa. Ka palo ya batho e e solofetsweng go gola gabedi go ya kwa dibillion di le pedi le didikadike di le tlhano ka ngwaga wa 2050, kgaolo e e fa ditshono tsa kgolo e e babalelang ditswammung le bokgoni kwa batho.[27] Ka kgolo e ntsha ya itsholelo ya Aforika go na le metsamao ya bathk ba ditso tsa Aforika le ba ba duleng mo Aforika go boela mo Aforika go nna mo tshiamelong ya go dirisa tshono e.

Mohiri le mokatisi wa tsa maranyane a dikhumputara kwa Lagos
Maemelo kwa Angola

Lefelo la kgwebo ya mahala mo Aforika ke lefelo la mahala le le akaretsang bontsi jwa Aforika. Le tlhamilwe ka ngwaga wa 2018 ka tumalano ya kgwebo ha mahala mo Aforika, e e neng e na le batsaya karolo ba le masome a mane le boraro le ba bangwe ba le lesome le motso ba ba neng ba baya monwana, se se dira gore e nne lone lefelo le letona la kgwebo ha mahala ka palo ya mafatshe a e leng maloko, le sala morago lekgotla la thekiso kgotsa kgwebo ya mafatshe (world trade organization) ebile e le lone le letona ka palo ya batho, le bophara jwa lefatshe ka batho ba le 1.3 billion mo kgaolong e e leng ya bobedi ka botona mo lefatsheng. Legato la go diragatsa la lefelo la kgwebo ya mahala mo Aforika le simolotse go bereka kwa moletlong o o neng o akaretsa go bidiwa ga mafatshe a le masome mabedi le bosupa a a dumalaneng le mogopolo o.[20]

Ditiro tsa kgaolo tse disha di simolotse go tlhamiwa go dira dipeeletso gore di nne motlhofo jaaka sedirisiwa sa ditiro tsotlhe kwa Botswana,[28] se se diretsweng go fa babeeletsi dithuso tse di bonako,tsa sesha,tse di ntshang maduo ebile di le mo mpepeneneng. Mafatshe a Democratic Republic of the Congo le Zambia a kopanetse go dira magala, go tlhofofatsa ditsamaiso le go dira gore go nne le nyalano ya melawana ya tsa meepo go kgabaganya melelwane gore tikologo ya bobeeletsi e itshetlele. Go thatafatsa ponelopele ya meepo mo Aforika mo go simolotsweng ka ngwaga wa 2009 ke lekgotla la African Union, e ka nna makwati a a kwatabolotswang mo maitekong a a kgaolo. Mo Aforika, legae la masome a le mararo mo lekgolong la ditswammung tsa lefatshe,[29] dipoelo go tswa mo go epeng ditswammung di le nne fela ebong kopore, nikele,cobalt le lithium di ka nna di trillion di le lesome le borataro mo dingwageng tse di tlang di le masome a mabedi le botlhano, go ya ka di dolara tsa ngwaga wa 2023.

Tsela ya dinao mo lotshitshing kwa Luanda

Kgaolo ya kgwebo ya mahala ya Lekki, ke kgaolo ya mahala e e bophara jwa dikhilomithara di le lekgolo,masome a matlhano le botlhano. Legato la ntlha la lefelo le le na le dikhilomithara di le masome a mararo, di le masome a mabedi le bosupa e le tsa dikago tsa sesha, tse di tla fang beng gae boroko ba ka nna dikete di le lekgolo le masome a mabedi. Go ya ka leano le legolo, kgaolo e ya mahala e tla tlhabololwa go nna toropo ya sesha mo toropong ka go kopanngwa ga mehama, kgwebo le thekiso, tlhabololo ya matlo, go bewa ga dithoto, ditsamaiso, bojanala le itloso bodutu.

Bukana ya mesepele ya African Union ke tokomane e e tlwaelesegileng e e akanyediwang go emisetsa dibukana tsa mesepele tsa mafatshe a e leng maloko le go seegela fa thoko go kola teseletso ya mosepele mo mafatsheng otlhe a a masome a matlhano le botlhano a Aforika.[30]

Mafaratlhatlha a seporo se se lobelo sa Aforika sa madi a a kanang ka dibilione di supa, e solofetswe go tlhabolola mesepele,go tokafatsa bojanala le go kopanya ditoropokgolo tsa mafatshe a Aforika ka ngwaga wa 2030.Ka go golaganya dingwe ditoropokgolo tsa Aforika jaaka Nairobi, Lagos,Cairo le Dakar, mafaratlhatlha a seporo a tlaa tlhabolola go goroga kwa marekisetsong a tlhwatlhwa, ga tsholetsa tirisanommogo ya itsholelo le go rotloetsa tirisanommogo ya kgaolo. Lefatshe la Egypt le setse le simolotse namane e tona ya tiro go aga mafaratlhatlha a lone a seporo sa terena e e bofefo, a a akanyediwang a tlaa lopa dibilione di supa. Mafaratlhatlha a Egypt a tla nna boleele jwa dikhilomithara di le dikete pedi, a golaganya ditoropokgolo di le masome a marataro,ebile a tla nna mangwe a ditsamaiso tsa seporo sa terena e e lobelo a matona. Maiteko a a tlaa tlhomolela tsela mafaratlhatlha a matona a Aforika, go dira gore mesepele ya batho ba ba tsamayang gareng ga mafatshe a Aforika e nne motlhofo.[31]

Mogogi wa banka ya legare kwa Ethiopia Mamo Mihretu o kopile batho ba Ethiopia le ba ba mabapi go tsaya karolo mo ditshonong tse disha tse di bakiwang ke diphetogo tsa itsholelo kwa Ethiopia go akola maduo.[4] Diphetogo tsa madi tsa kwa Ethiopia di itebagantse le go baakanyetsa maemo a go nna fa gare mo go tsa dipoelo.[32] Mamo Mihretu are, go letlela maxi a Ethiopia go gweba mo marekisetsong a phatlalatsa mo boemong jwa go baya seelo se se tsepameng go ka nna le ditlamorago tse di fetolang itsholelo ya koo.[33] Go fetoga ga molao go ne ga letla Addis Ababa go adima madi kwa letloleng ya mafatshefatshe la madi le banka ya mafatshefatshe.[34]

Mohama wa Aforika wa kago o o phophomang o itemogela go simolodisiwa ga ditoropokgolo tse di diretsweng go amogela kgolo ya maemo a lefatshe, go  godisa dikgwebo le go kgatlha dipeeletso tsa mafatshefatshe. Malwapa a tlwaelo a a tswaletsweng ka terata a na le kgoro, a retelelwa ke go kgatlha bahumi, se se baka go nna teng ga ditoropo tse di eteletsweng ke batho tse di jang le dikago tsa sesha, ditlamelo tse di tlahbologileng le tikologo e e sireletsegileng. Rendeavor, motlhami o o gogang kwa pele mo go tse, o aga ditoropo mo mafatsheng a le matlhano a Aforika a akaretsa Kenya,Ghana,Nigeria,Zambia le Democratic Republic of the Congo. Ditiro tse jaaka toropo ya Tatu kwa Kenya, di  thusa go gola ga maemo a lefatshe a Aforika, mo go akanyediwang go ka nna le batho ba le didikadike di le makgolo a matlhano, masome a supa le botlhano, go akanyediwa go tla fetal sephatlo sa billion ka ngwaga wa 2030. Mafelo a a tlhabologileng a, a ngoka dipeeletso tse di tlhwaafetseng, ka Tatu a le nosi a bone dipeeletso ta dibilione di le thato le go nna le dikgwebo di le masome a robabobedi le borobabobedi, di na le babereki ba le dikete di le lesome le botlhano.[35] Ditoropo tse ga se go tshela sentle fela, di ikaelela go rotloetsa kgolo ya itsholelo le go tlhama. Konza Technopolis kwa Kenya e e bidiwang Silicon Savannah e diretswe go nna boremelelo jwa tsa maranyane, e ngoka dikompone tsa maranyane, dikolo tsa ithutelo ditiro le metheo ya dipatlisiso. Ka mo go tshwanang, Eko Atlantic kwa Nigeria le yone e ipaya mo maemong a go nna boremelelo jwa tsa madi kwa bophirima jwa Aforika, fa Kigali innovation city kwa Rwanda yone e ikaelela go nna boremelelo jwa dikoporase tse di simololang le tsa mafatshefatshe. Ditiro tse di ngoka dipeeletso mo gae le kwa mafatsheng a sale, jaaka babeeletsi ba batla dirala tsa kago tse di itshetletseng ebile di ntsha maduo. Fa ditlhabolo tse di tshepisa bokamoso jwa Aforika, ba ba kgatlhanong ba na le matshwenyego a go akarediwa le madi a a tlhokegang, ba gatelela go tlhoka go netefatsa gore ditoropo tse di tswela mosola merafe e mentsi eseng go direla bahumi fela. Ka batho ba ba nnang mo ditoropong kwa Aforika ba solofetswe go fitha kwa palong ya dibilione di le pedi le botlhano ka ngwaga wa 2050, go atlega ga ditoropokgolo tse mo go rarabololeng go akaretsa batho botlhe, go tla nna mosola thata mo go bopeng bophara jwa Aforika jwa mafelo a a tlhabologileng.[36]

Tlhabololo e ntšha kwa Angola go fa sephatlo sa sedikadike sa batho boroko e e bidiwang Nova Cidade de Kilamba,kgotsa Kolamba New City, ke legae la dikago tsa matlhatlhaganyane di le makgolo a supa,masome a matlhano tse di tlhatlhaganeng ga robabobedi, dikolo di le mmalwa le marekisetso a feta lekgolo. Tlhabololo e ya dibilione di le pedi le didikadike di supa, e sephara sa dikete di le lesome le bobedi, makgolo a mararo, masome a matlhano le botlhano e agilwe go nna nngwe ya ditoropo tsa letsatsi.

Idris Elba o fudugetse mo Aforika go tlhama Zollywood,[37] go thusa go tlhabolola mohama wa ditshwantsho tsa motshikhinyego mo mafatsheng a le mmalwa. Akon Lighting Africa ke porojeke e e simolotsweng ka ngwaga wa 2014 ke seopedi Akon le Samba Bathily le Thione Niang e e ikaelelang go ntsha motlakase ka marang a letsatsi mo Aforika.

Bojanala jo bosha mo Aforika le go tsamaya o sa tlhoke teseletso ga ma Aforika

[fetola | Fetola Motswedi]
Ditlou kwa Amboseli national park gaufi le thaba ya Kilimanjaro

Mo dingwageng tse di fitileng, go nnile le kgatlhego e e golelang pele mo bojanaleng jwa Aforika, jakaa mafatshe a kgaolo e a batla go rotloetsa bojanala mo melelwaneng ya one. Mokgwa o o emetse ditshono mo bajanaleng le diitsholelo tsa mo gae,[38] ka go dira marekisetso a bojanala a a kopaneng mo Aforika ka bophara. Ka ngwaga wa 2024, bojanala jwa Aforika bo boetse kwa dinakong tsa pele ga segajaja, kgaolo e bone koketsego ya bosupa mo lekgolong jwa batho ba ba gorogang ka ngwaga wa 2024 fa di tshwantshanngwa le tsa 2019, ngwaga pele ga segajaja sa Covid-19 se baka kiletso mesepele mafatsheng a Aforika jaaka mo lefatsheng ka bophara.[19]

Itsholelo ya mesepele le bojanala ya Aforika e solofetse koketsego le go tlhama ditiro ka ngwaga wa 2030. Ka ngwaga wa 2030, bojanala jwa lotshitshi lwa Aforika bo solofetswe go feta di bilione di le masome a supa le borobabongwe, bo nna le seabe mo tlhamong ya ditiro di le didikadike di le masome mabedi le borobabobedi. Koketsego e e supa kgatlhego e e yang kwa godimo mo Aforika jaaka lefelo le le etelwang thata ke batho ba ba ratang tlholego, ba ba batlang go ijesa monate le ba ba batlang go batlisisa ka dingwao le ditikologo tsa Aforika.[39]

Ka Morule ngwaga wa 2023, lefatshe la Kenya le ne la ira ditso ka go itsese fa e tla nna lefatshe lantlha mo Aforika go sa tlhoke dipampiri tsa teseletso mesepele mo bathong botlhe. "Ga go sa tlhole go tlaa tlhokega gore motho ope go tswa khutlong tsotlhe tsa lefatshe go rwala mokgweleo wa go kopa teseletso go tla Kenya. Tautona wa Kenya William Ruto o ne a bua kwa tirelong ya boipuso jwa Kenya ka Morule a le lesome le bobedi ngwaga wa 2023. [40]Lefatshe la Kenya le tlositse tse di tlhokafalang pele ga motho a tsaya loeto mo baeng ba Aforika gore ba godise mohama wa kgwebo le bojanala mo kgaolong.[41]

Mafatshe a le mmalwa a akaretsa Ghana le Aforika Borwa, Botswana le Zimbabwe le Democratic Republic of the Congo le Uganda a simolotse ditumalano tsa go tlosa teseletso mesepele mo mafatshe oo mabedi. Le fa lefatshe la Angola le itsesitse mesepele e e sa batleng teseletso moafatshe a le masome a ferabongwe le borobabobedi, a akaretsa a Aforika a le lesome le bone. Go tokafatsa bojanala,  lefatshe la Ghana le mo maemong a bobedi a mafelo a a babalesegileng mo Aforika,[42] le tswelwa mosola ke ditlhabololo le go ritibala ga seemo sa botshelo.

Mafatshe a le mane - Benin, Rwanda, Seychelles le The Gambia ga a tlhoke teseletso ya mosepele mo banning ba Aforika.[43] Angola, Botswana, Namibia, Zambia le Zimbabwe a atolositse teseletso ya mesepele e e tshwanang le ya Schengen e nngwe fela, ba atolosa bojanala ka go letla batho go kgabaganya melelwane motlhofo mo mafatsheng ao go godisa mohama wa bojanala.[44]

Mafatshe a Morocco le Ghana a dumalane go simolodisa go sa batle teseletso ya mesepele mo batho ba ba tsayang mesepele mo mafatsheng a mabedi ao, mafatshe ao a itlamile go nonotsha botsalano mo mehameng e e farologaneng e akaretsa kgwebo ya temothuo, bojanala le tshireletso.[45]

Lotshitshi lwa WaterLovers kwa Kenya

Aforika o na le dikago di le dintsi tse di falotseng tlhabololo ya sesha ebile di kgatlhisa bajanala. Mafelo a ditso a tshwana le dihikantswe tsa diphupu le dikereke kwa Egypt le Sudan, Obelisk Axum kwa Ethiopia, matlotla a toropo ya kgwebo ya Zimbabwe wa bogologolo, Great Zimbabwe, le ntlo ya bogosi kwa Ethiopia. Dikago tsa sešha tse di kgatlhang bajanala di akaretsa dikago tsa phemelo kwa Ghana, ya kwa Elmina le ya Cape Coast, tse di kwadilweng gape e le bojanala jwa ngwao. E akaretsa gape segopotso se se kwa godimo thata go fetisa tse dingwe mo lefatsheng ka bophara sa African Renaissance Monument kwa Senegal.

Ditshedimosetso tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. 1 2 3 4 5 6 7 8 9 10 11 12 13 14 15 16 17 "Silence is Not an Option". CNN. Retrieved 30 June 2025.
  2. Adebayo, Bukola (November 29, 2019). "Ghana makes 126 people from the diaspora citizen as part of Year of Return celebrations". CNN. Retrieved 30 June 2025.
  3. Mangin, Paul-Emile; Luhan, Wolfgang (March 11, 2024). "Non-willigness to lead and social preference". AEA Randomized Controlled Trials. doi:10.1257/rct.13041. Retrieved 30 June 2025.
  4. 1 2 "Ethiopia Invites The Diaspora To Seize New Economic Opportunities". ebc.et. Retrieved 30 June 2025
  5. "Idris Elba: Why I'm planning a move to Africa". BBC News. October 22, 2024. Retrieved 30 June 2025.
  6. Vera, Amir (January 14, 2020). "Akon created his own city in Senegal called 'Akon City'". CNN. Retrieved 02 July 2025.
  7. Digital, Standard. "14 African- American celebrities who are trooping back to Africa". Standard Entertainment. Retrieved 02 July 2025
  8. "About". Ulysses Burley III. Retrieved 02 July 2025.
  9. "Disheartened By Racial Violence In U.S., Inspired By Brexit, He Pondered A 'Blaxit'". NPR.org. Retrieved 02 July 2025
  10. 1 2 3 4 5 6 7 8 9 Hjeld, Kim. "'I'm leaving, and I'm just not coming back': Fed up with racism, Black people head overseas". USA TODAY. Retrieved 02 July 2025.
  11. Sewing, Joy (October 23, 2020). "Joy Sewing: Black Americans, fed up with racism, move abroad as 'Blaxit' trends". HoustonChronicle.com. Retrieved 02 July 2025.
  12. 1 2 Savali, Kristen West (January 26, 2020). "Is Moving To Another Country The Answer?". Essence. Retrieved 02 July 2025.
  13. Oshindoro, Michael (February 22, 2019). "Blaxit and the Romanticization of Africa". Black Issues Conference.
  14. "Partners in time: Reconnecting African Americans with their tribes of origin". Africa Renewal. February 16, 2024. Retrieved 02 July 2025
  15. Ikani, John (May 20, 2024). "Benin Considers Citizenship For Descendants Of Enslaved Africans". Heritage Times. Retrieved 02 July 2025.
  16. Armstrong, Jenice (November 26, 2024). "Ghana made history last week as it granted citizenship to 524 people — some of them Philadelphians | Jenice Armstrong". www.inquirer.com. Retrieved 02 July 2025.
  17. PhillyInquirer (November 23, 2024). "Ghana wants Black Americans to 'come home.' Many are accepting the invitation. I went to find out why". Head Topics. Retrieved 02 July 2025.
  18. Ekanem, Solomon (December 26, 2024). "Ghana becomes 5th African country to implement visa-free travel for Africans". Business Insider Africa. Retrieved 02 July 2025.
  19. 1 2 "Africa's tourism rebounds to pre-pandemic levels - UN - TRT Afrika". trtafrika.com. Retrieved 02 July 2025.
  20. 1 2 "Operational Phase Of The African Continental Free Trade Area Launched | African Union". au.int. Retrieved 02 July 2025
  21. "'This is where I need to be' - Stevie Wonder becomes Ghanaian". BBC News. Retrieved 02 July 2025
  22. "'This is where I should be': 1,500 Black Americans make Ghana their new home". The World from PRX. September 7, 2022. Retrieved 02 July 2025.
  23. Coleman, Colette (February 16, 2024). "Blaxit: Tired of Racism, Black Americans Try Life in Africa". The New York Times. ISSN 0362-4331. Retrieved 02 July 2025.
  24. ""Goals & Priority Areas of Agenda 2063"". Archived from the original on 2025-02-19. Retrieved 2025-07-02.
  25. "Regional Economic Outlook for Sub-Saharan Africa, April 2024 | A Tepid and Pricey Recovery". IMF. Retrieved 02 July 2025.
  26. "Africa dominates list of the world's 20 fastest-growing economies in 2024—African Development Bank says in macroeconomic report". February 16, 2024.
  27. "Reimagining Africa's economic growth | McKinsey". www.mckinsey.com. Retrieved 02 July 2025.
  28. "BITC - Welcome". BITC Website. Retrieved 02 July 2025.
  29. Chen, Wenjie; Laws, Athene; Valckx, Nico. "Harnessing Sub-Saharan Africa's Critical Mineral Wealth". IMF. Retrieved 02 July 2025.
  30. Philpot, Lorne (January 8, 2021). "Single passport for Africa set to become reality in 2021". The South African. Retrieved 02 July 2025.
  31. "Africa's New £7 Billion High-Speed Rail Network to Revolutionize Travel, Boost Tourism, and Connect Key African Capitals by 2030: New Travel Updates You Need to Know - Travel And Tour World". December 27, 2024. Retrieved 02 July 2025.
  32. "Ethiopia's financial reforms open path to lower-middle-income status, Mamo Mihretu says". The Africa Report.com. Retrieved 02 July 2025.
  33. "Ethiopia's central bank governor calls currency float 'transformative' | Semafor". Archived from the original on November 7, 2024. Retrieved 02 July 2025.
  34. "Ethiopia: Foreign banks keen to test the water as reforms accelerate". The Africa Report.com. Retrieved 02 July 2025.
  35. Custodian, Culture (January 20, 2025). "Africa's New Startup Cities Are Attracting Tenants And Billions In Capital". The Culture Custodian (Est. 2014.). Retrieved 02 July 2025.
  36. Custodian, Culture (January 20, 2025). "Africa's New Startup Cities Are Attracting Tenants And Billions In Capital". The Culture Custodian (Est. 2014.). Retrieved 02 July 2025.
  37. "Idris Elba: Why I'm planning a move to Africa". BBC News. October 22, 2024. Retrieved 02 July 2025.
  38. ATTA. "Creating an Intra-African Tourism Map is Essential for Sustainable Economic Development". atta.travel. Retrieved 02 July 2025
  39. "Africa's Travel and Tourism Boom: Major Economic Growth and Job Creation Expected by 2030 - Travel And Tour World". December 26, 2024. Retrieved 02 July 2025.
  40. "Rwanda and Kenya introduce visa-free travel for all Africans".
  41. ATTA. "Kenya Drops Pre-Authorisation Requirements for Most African Visitors". atta.travel. Retrieved 02 July 2025.
  42. "Boost for tourism: Ghana ranked second safest place in Africa". Graphic Online. January 25, 2025. Retrieved 02 July 2025.
  43. "Kenya's visa-free dream proves tricky for some". BBC News. January 30, 2024. Retrieved 02 July 2025.
  44. "Southern African Countries Angola, Botswana, Namibia, Zambia, and Zimbabwe Expand New Schengen Style Single Visa Driving Tourism Sector - Travel And Tour World". August 21, 2024. Retrieved 02 July 2025.
  45. Zouiten, Sara (March 24, 2025). "Morocco, Ghana Agree on Visa Waiver and Stronger Cooperation". Morocco World News. Retrieved 02 July.