Jump to content

Bo-Aforika-Jotlhe

Go tswa ko Wikipedia
Folaga e khibidu, e ntsho le botala e golagantswe le Bo-Aforika-Jotlhe mme e tlhamilwe ke UNIA ka 1920.

Bo-Aforika-Jotlhe ke mokgatlho wa bosetshaba o o ikaeletseng go rotloetsa le go tiisa dikgolagano tsa kutlwano magareng ga batho botlhe ba tlholego le diaspora tsa lotso lwa Aforika. O ikaegilwe ka maikaelelo a a simolotseng kwa kgwebong ya makgoba ya Atlantic, kgwebo ya makgoba ya Trans-Saharan, kgwebo ya makgoba ya Lewatle la India, kgwebo ya makgoba ya Lewatle le Lehibidu, bokgoba jwa kwa Cape Colony (e jaanong e leng Aforika Borwa), mmogo le bokgoba jwa kwa Mauritius, mokgatlho ono o atologela kwa ntle ga mafatshe a a kwa ntle ga Aforika a e leng a diaspora kwa Amerika le kwa Yuropa.[1][2]

Bo-Aforika-Jotlhe go bolelwa gore e simologile mo kgaratlhong ya batho ba Aforika kgatlhanong le bokgoba le bokolone[3] mme kgaratlho e e ka salwa morago go ya kwa kganetsong ya ntlha mo dikepeng tsa makgoba—botsuolodi le go ipolaya—ka dikhuduego tse di sa kgaotseng tsa ditshimo le tsa bokolone le mekgatlho ya "Back to Africa" ya ngwagakgolo wa bolesome le boferabongwe. E ikaegile ka tumelo ya gore kopano e botlhokwa mo tswelelopele ya itsholelo, loago le sepolotiki, maikaelelo a yona ke go kopanya le go godisa batho ba lotso lwa Aforika.[4]

Bo-Aforika-Jotlhe ke tumelo ya gore "batho ba Aforika, mo lefatsheng le kwa diaspora, ga ba na ditso tse di tshwanang fela, mme ba na le bokamoso jo bo tshwanang."[5] Bo-Aforika-Jotlhe e na le kakanyo ya ditso e e tshwanang ya MaAforika kwa Amerika, West Indies, le mo lefatsheng, e e ikaegileng ka kgwebo ya makgoba, bokgoba jwa Aforika, le bokolone jwa Yuropa.[6]

Kgopolo ya Bo-Aforika-Jotlhe e ne ya tlhotlheletsa go tlhongwa ga Mokgatlho wa Kutlwano ya Aforika (o jaanong o tlhatlhangweng ke Kopano ya Aforika) ka 1963.[7][8] Khouduthamaga ya Kopano ya Aforika e na le setilo sa yone kwa Addis Ababa mme Palamente ya Aforika yotlhe e na le setilo sa yone kwa Midrand, Johannesburg.[9]

  1. Austin, David (Fall 2007). "All Roads Led to Montreal: Black Power, the Caribbean and the Black Radical Tradition in Canada". Journal of African American History. 92 (4): 516–539. doi:10.1086/JAAHv92n4p516. S2CID 140509880.
  2. Oloruntoba-Oju, Omotayo (December 2012). "Pan Africanism, Myth and History in African and Caribbean Drama". Journal of Pan African Studies. 5 (8): 190 ff.
  3. Abdul-Raheem, Tajudeen (ed.), Pan Africanism: Politics, Economy and Social Change in the Twenty-first Century, New York University Press, 1996. E nopotswe Seetebosigo a le malatsi marataro ka 2025.
  4. Frick, Janari, et al. (2006), History: Learner's Book, p. 235, South Africa: New Africa Books. E nopotswe ka Seetebosigo a le malatsi a marataro ka 2025.
  5. Makalani, Minkah (2011). "Pan-Africanism". Africana Age. E nopotswe kgwedi ya Seetebosigo e le malatsi a marataro ka 2025.
  6. New Dictionary of the History of Ideas. The Gale Group. 2005.
  7. Abrahamsen, Rita (January 2020). "Internationalists, sovereigntists, nativists: Contending visions of world order in Pan-Africanism". Review of International Studies. 46 (1): 56–74. doi:10.1017/S0260210519000305. S2CID 210466747.
  8. "AU in a Nutshell", African Union. (Archived January 29, 2011, at the Wayback Machine). E nopotswe Seetebosigo a le malatsi a marataro ka 2025.
  9. "Pan-Africanism". Encyclopaedia Britannica. E nopotswe ka Seetebosigo a le malatsi marataro ka 2025.