Jump to content

Boagisane ba gompieno ga bo sa tswana le jwa maloba

Go tswa ko Wikipedia
Boagisane ba gompieno

Boagisane jwa gompieno ga bo sa tshwana le jwa maloba ele ruri.Boologolo ba agisana bane ba utlwana, ba thusana ebile bana le tirisano mmogo .Ene ere fa osena selo ,o kgona go ka adima kana wa kopa kwa go mo agisane wa gago, le fa oya golo gongwe one o kgona go kopa moagisane a go salele le ngwana.Lefa o kaya golo gongwe ka lepotla potla,moagisane one a kgona go ka go fulosetsa di aparo tsa gago kwa terateng.Ene ere fa ngwana a dirile phoso one o mo kgalema ,ka gonne ngwana sejo wa tlhakanelwa.

Gompieno jana ba agisane ga ba sa dumedisana ebile ga ba tlo tlane.Fa o ka roma ngwana wa moagisane e tlabo ele fa o rumutse motho ,o tla go botsa gore o roma jang ngwana wa gagwe ,ebile a go botsa gore wa gago ene okae .O kgona gore fa o seyo kwa lapeng, wa fitlhela o senyeditswe kana o thubetswe o tshaba le go ka botsa moagisane gore a akana atswa a bone sengwe kana ana le motlhala wa gore go katswa go etsagetse eng, o tla bo a go botsa gore a o mo firile naa gore enne lesole la kwa ga gago kana jang.Le fa o ka bona ngwana wa moagisane a dira phoso ga o kitla o mo kalema kagonne otla bolelelwa gore ga se ngwana wa gago ebile wena ba gago ba go palela o shebane le ba bone.[1]

Ditshupiso

[fetola | Fetola Motswedi]

https://dailynews.gov.bw/news-detail/20977

  1. https://dailynews.gov.bw/news-detail/20977