Jump to content

Bobotie

Go tswa ko Wikipedia

 

Bobotie ka Seaforikanse ke sejo sa Aforika Borwa se se nang le nama e e segilweng e e nang le dinoko e e besitsweng ka mae.[1]

Tshimologo ya leina le tsela e le dirisiwang ka yone

[fetola | Fetola Motswedi]

Bobotie e lebega e le mofuta o mongwe wa patinam ex lacte, sejo se se kwadilweng ke mokwadi wa bogologolo wa Moroma Apicius se se dirilweng ka dinama tse di apeilweng, dinawa tsa phaene, le tse di tsentsweng dipepere, dipeo tsa celery le asafoetida. Tsone di ne di apewa go fitlha tatso ya tsone e tlhakana, mme go bo go tsenngwa mae le mashi mo godimo ga tsone. Fa ba sena go dira jalo, dijo di ne di setse di siametse go jewa. C. Louis Leipoldt, mokwadi wa mo Aforika Borwa yo gape e leng motho yo o ratang dijo tse di monate, o ne a kwala gore mokgwa ono o ne o itsiwe kwa Yuropa mo lekgolong la bo17 la dingwaga.[2]

Go ganetsanwa ka gore lefoko bobotie le simologile kae. Thanodi ya Seaforikanse e bua gore go ka direga gore lefoko la Se-Malaya la boemboe, le kaya ditswaiso tsa kheri. Ba bangwe ba akanya gore e tswa mo bobotok, sejo sa kwa Indonesia se se neng se na le ditswaki tse di farologaneng gotlhelele. Go dirwa gwa ntlha ga bobotie e ne ya tlhagelela mo bukeng ya go apaya ya Se-Dutch ka 1609 [go tlhoka go netefadiwa.[3] Morago ga moo, e ne ya isiwa kwa Aforika Borwa mme ya amogelwa ke setšhaba sa Cape Malay. Gape e dirilwe ka curry powder, e e tlogelang e na le "tang" e nnye. Gantsi e jewa le sambal. Sejo seno se ntse se itsiwe kwa Kapa ya Tsholofelo e e Molemo go tloga ka lekgolo la bo 17 la dingwaga, fa se ne se dirwa ka motswako wa nama ya nku le ya kolobe.[4]

Go baakanyetsa

[fetola | Fetola Motswedi]
Bobotie, ready in a baking dish
Bobotie, with egg and milk-soaked bread mixture, colored with turmeric. Almonds for topping, banana, chutney, coconut and rice on side.

Gompieno, bobotie e dirwa thata ka nama ya kgomo kgotsa ya kwanyana, le fa gone nama ya kolobe le yone e ka dirisiwa. Diresepe tsa pele di ne di tsenyeletsa ginger, marjoram le lemon rind; go tsenngwa ga curry powder go tlhofofaditse diresepe mme motheo wa konokono o ntse o tshwana. Gape diresepe tse dingwe di tlhoka gore go tsenngwe dieie tse di kgaotsweng le dimonamone mo motswakong. Ka tlwaelo, bobotie e na le maungo a a omisitsweng a a jaaka moretlwa kgotsa di-sultana.[5] Gantsi e kgabisitswe ka matlhare a bay, walnuts, chutney le dipanana. Le fa gone sejo seno se se monate se na le mefuta e e farologaneng ya dinoko tse di ka dirang gore se jewe ka tsela e e raraaneng. Ka sekai, maungo a a omisitsweng (gantsi e le ma-apirikoto le diterebe tse di omisitsweng kgotsa disultan) a farologana le tatso ya kheri. Thulaganyo ya sejana e raraane gape, motswako wa mae a a besitsweng o tlaleletsa borotho jo bo tsentsweng mo mashing jo bo oketsang bongola mo sejaneng. Bobotie gantsi e jewa le "raese e e serolwana", e leng raese e e apeilweng ka turmeric.[6]

Tsela e Leipoldt e dirwang

[fetola | Fetola Motswedi]

Buka ya ga Leipoldt ya diresepe e e gatisitsweng ka 1933 e na le nama e e segilweng sentle, marotho a senkgwe, mashi, dieie le botoro le sopo ya kheri e e dirilweng ka ditswaiso, sukiri, matute a sinamone, pepere e e botshe le asene. Seno se apewa se tsentswe mae le mashi.[7][8]

Tsela e Tulleken e dirwang

[fetola | Fetola Motswedi]

Kakaretso ya 1923 ya ga Mme S. van H. Tulleken e dirisa nama ya nku, almond, almond essence, onion, botoro, borotho, curry powder, lemon juice, mae le sukiri, e apeilwe ka custard e e tsentsweng mae le maswi.[9]

Bobotie kwa Aforika

[fetola | Fetola Motswedi]

Batho ba ba neng ba fudugela mo Afrika Borwa ba ne ba isa diresepe tsa bobotie kwa dikarolong tse dingwe tsa Afrika. Gompieno, diresepe tsa yone di ka fitlhelwa di simolotse kwa metseng e e neng e na le batho ba ba tswang mo lotsong lwa Ba-Afrikaner kwa Botswana, Kenya, Zambia le Zimbabwe.[10] Go na le mofuta o mongwe o o neng o ratiwa thata ke Ba-Boer ba le 7.000 ba ba neng ba nna kwa Chubut River Valley kwa Argentina mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga, o mo go one motswako wa bobotie o tsenngwang mo teng ga mokolane o mogolo, o morago o besediwang go fitlha o nna borethe.[11]

2008 Ditshwantshô tsa Bosetšhaba tsa matena

[fetola | Fetola Motswedi]

Bobotie e ne ya tlhophiwa ke mmampodi wa 2008 wa Masters golf le moagi wa Aforika Borwa Trevor Immelman jaaka sejo se se tlhagelelang mo lenaneong la ngwaga le ngwaga la "Champions Dinner" kwa Augusta National ka Moranang 2009.[12] Ngwaga le ngwaga, mmampodi wa kgaisano ya The Masters ya go tshameka kolofo, e e tshamekiwang ngwaga le ngwaga kwa Augusta, kwa Georgia, ke ene a tshwarang pokano eno mme o rata go dira dijo tse di kgethegileng go tswa mo kgaolong ya gaabo.[13][14]

2014 Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Dijo le Beine

[fetola | Fetola Motswedi]

Bobotie ya Afrika Borwa e ne e le sengwe sa dijo tse di neng di le mo dijong; gape e jewa le Turkey le di-mushroom. E kwadilwe e le e e se nang gluten. Gape ke dijo tse di jewang letsatsi le letsatsi kwa resetšhurenteng ya Boma kwa Disney's Animal Kingdom Lodge.[15]

Bona gape

[fetola | Fetola Motswedi]

 

  • Cook and Enjoy It, a cookbook by S.J.A. de Villiers
  • List of African dishes
  • List of meat dishes
  1. ↑ https://www.sapeople.com/expats/mark-henegan-watch-how-he-puts-south-africas-lekker-on-a-united-states-menu/
  2. ↑ https://www.dailymaverick.co.za/article/2024-08-16-confusing-a-bobotie-with-paella-a-rookie-error-that-turned-out-to-be-delicious/
  3. ↑ https://iol.co.za/lifestyle/food-and-restaurants/2022-03-26-if-bobotie-is-not-our-national-dish-then-which-meals-deserve-the-titles/
  4. ↑ https://www.standardmedia.co.ke/ktn/business/video/2000228910/south-african-classic-bobotie-a-fragrant-cape-malay-dish-rich-with-spice-and-history
  5. ↑ https://www.capetownmagazine.com/the-cape-malay-bobotie-recipe-reinvented
  6. ↑ https://www.news24.com/citypress/sport/masters-champions-dinner-braaivleis-bobotie-and-mama-rahms-lentil-stew-20240324
  7. ↑ https://www.foodformzansi.co.za/bobotie-our-national-dish-haibo-says-sa-tweeps/
  8. ↑ https://www.dailymaverick.co.za/article/2023-09-22-a-food-culture-way-beyond-bobotie-and-biryani/
  9. ↑ https://www.smh.com.au/traveller/inspiration/a-magnificent-but-strange-and-heady-dish-that-tells-a-story-20230515-p5d8e3.html
  10. ↑ https://www.yahoo.com/lifestyle/chef-johns-bobotie-south-african-162609468.html
  11. ↑ https://www.epicurious.com/video/watch/bobotie-top-and-serve
  12. ↑ https://confidentials.com/manchester/chakalaka-oldham-street-northern-quarter-reviewed
  13. ↑ https://capetowner.co.za/2025-08-25-share-your-family-recipes-in-community-cookbook/
  14. ↑ https://confidentials.com/manchester/chakalaka-oldham-street-northern-quarter-reviewed
  15. ↑ https://www.dailymaverick.co.za/article/2020-05-06-lockdown-recipe-of-the-day-bobotie/