Jump to content

Bogwera le bojale

Go tswa ko Wikipedia

Bogwera le bojale ke meletlo ya go fetla ya bana e e tshwayang go gola ga bana ba Batswana. Basimane ba dira bogwera fa basetsana ba dira bojale, meletlo e, mo ditsong e ne e le yone e e botlhokwa thata mo Batswaneng.[1][2] Bogwera le bojale di ne di dirwa mo dikgweding di le mmalwa,[3] di ne di tlhokafala pele ga motho a ka lemogiwa gore ke mogolo.[2]

Meletlo ya bogwera le bojale e akaretsa dithuto le tumelo. Basimane la basetsana ba romelwa kwa dikolong tse di itebagantseng le bogwera le bojale kwa ba rutiwang ditso tsa Setswana, tumelo, dithuto tsa lobopo ga mmogo le go itshwara jaaka bagolo, maitsholo mo bagolong le mo magosing le go nna kutlo. Ba rutiwa gape ka tshwanelo ya bone mo setšhabeng le ka ditlhogo tse di tsamaelanang le tlhakanelo dikobo.[3] Dithuto di dirwa ka metshameko, magokanyane, diane, mmino, dipina le maboko.[4] Bojale bo ka akaretsa tiriso ya tanka e e gabolotsweng e e emelang sebopelo le mosele wa tsalo.[5]

Bogwera bo simolotse tsa ka go kgaolwa letlalo la bonna,[2] mme go ne go sa kgaolwe dintlha dipe tsa basadi ka nako ya bojale. Go ne go tle go nne le ba ba tlhokafalang gangwe le gape.[1] Bogwera bo ne bo akaretsa sengwe se bojale bo neng bo sa se dire. Basimane ba ne ba isiwa kwa sekgweng mo serameng go ithuta go disa, go tsoma le ntwa. [2] Mosimane mongwe le mongwe o a neng a tsaya karolo mo tiragalong ya bogwera ka lekgolo la dingwaga di le lesome le borobabongwe o ne a tshwanela go kwala leboko le a ikgalaletsang mo go lone, le a tlaa le atolosang mo botshelong jwa gagwe botlhe.[6]

Batho ba ba neng ba tsaya karolo mo ditirong tsa bogwera kgotsa bojale ba ne ba kgaoganngwa ka ditlhopha tsa dingwaga di bidiwa mephato, ba nna maloko a mephato eo mo matshelong a bone ka kakaretso. Mophato mongwe le mongwe o ne o ka romiwa ke kgosi go tsaya karolo mo dikagong kgotsa ditiro dipe fela tsa setšhaba[7] ga mmogo le mo sesoleng kgotsa go diragatsa melao.[2]

Barongwa ba Yuropa ba ne ba le kgatlhanong le bogwera le bojale fa ba goroga mo Botswana wa gompieno ba bereka go fitlhelela di emisiwa, ba emeletsa dikolo tse ka dikolo tsa borongwa. Kereke ya Anglican e ne ya kgaogana le London Missionary Society ka ngwaga wa 1817 fa e letlelela ba ba e tsenang ba poloko ya Bechuanaland go tswelela ka bogwera, mme se se ne sa diragala lobaka lwa dingwaga di le mmalwa fela.[8] Balete e ne e le bone fela morafe o o neng o santse o diragatsa bogwera le bojale kwa phelelong ya nako ya bokolone.[9]

  1. 1 2 Denbow, James R.; Thebe, Phenyo C. (2006). Culture and Customs of Botswana. Greenwood Press. ISBN 978-0-313-33178-7. OCLC 62118271.
  2. 1 2 3 4 5 Morton, Barry; Ramsay, Jeff (2018). Historical Dictionary of Botswana (5th ed.). Rowman & Littlefield. ISBN 978-1-5381-1133-8.
  3. 1 2 Denbow & Thebe 2006, p. 16.
  4. Denbow & Thebe 2006, pp. 16, 44
  5. Denbow & Thebe 2006, p. 197
  6. Denbow & Thebe 2006, p. 58
  7. Denbow & Thebe 2006, pp. 171–17
  8. Morton & Ramsay 2018, Anglicans
  9. Morton & Ramsay 2018, Lete (Balete)

__LEAD_SECTION__

[fetola | Fetola Motswedi]

Bogwera le bojale ke ditiragalo tsa ngwao tsa bana ba morafe wa Batswana tse di supang go gola ga bone . Basimane ba dira bogwera mme basetsana ba dira bojale, mme go ya ka ditso e ne e le dingwao tse di botlhokwa thata tsa botshelo tsa Batswana. [1] [2]Di diragala mo dikgweding di le mmalwa, [3] bogwera le bojale di ne di tlhokega pele ga bogolo jwa motho bo ka lemogiwa. [2]

Bogwera le bojale di akaretsa dikarolo tsa thuto le tsa bodumedi. [1]Basimane le basetsana ba romelwa kwa dikolong tse di diretsweng bogwera le bojale ka tlhamalalo kwa ba rutwang teng ka ditso tsa Setswana, bodumedi, le thuto ya lobopo, mmogo le gore ba tshwanetse go itshwara jang jaaka bagolo, maitseo mo bagolong le ba segosi, le go nna kutlo. Gape ba rutwa ka ditshwanelo tsa bone mo setšhabeng le ka dikgang tse di amanang le thobalano . [3]Thuto e diragala ka metshameko, dithamalakane, diane, go bina, dipina le maboko. [4]Bojale e ka akaretsa tiriso ya moropa o o bulegileng o o diretsweng go kaa popelo le serwe sa bosadi sa pelegi . [5]

Bogwera bo simolotse ka go rupa, [2] mme ga gona kgaolwa dirwe tsa basadi mo go neng go diragala ka nako ya bojale . Dintsho di ne di diragala fale le fale mo legatong le. [1]Bogwera bo ne bo akaretsa tiriso ya mmele e bojale bo neng bo sa e tsenye. Basimane ba ne ba isiwa kwa nageng mo serameng gore ba ithute go disa, go tsoma le go lwa. [2]Mosimane mongwe le mongwe yo o neng a tsaya karolo mo bogwega ka ngwagakgolo ya bolesomeleboferabongwe o ne a tshwanetse go kwala leboko la pako ka ga gagwe, le a neng a tla le atolosa mo botshelong jwa gagwe jotlhe. [6]

Mongwe le mongwe yo o neng a tsaya karolo mo bogwera kgotsa bojale o ne a fiwa setlhopha sa dingwaga tsa gagwe se se bidiwang mophato, mme ba ne ba nna leloko la setlhopha sa bone botshelo jotlhe. Mophato mongwe le mongwe o ne o dira jaaka mophato o o neng o ka kwadisiwa ke kgosi go tsaya karolo mo ditirong tsa kago le ditirelo tse dingwe tsa setšhaba [7] ga mmogo le mo maikaelelong a sesole kgotsa a ditiragatso tsa molao. [2]

Barongwa ba kereke ba Yuropa ba ne ba le kgatlhanong le bogwera le bojale fa ba goroga mo Botswana wa gompieno mme ba dira gotlhe go di thibela, ba emisetsa dikolo tsa thupiso ka dikolo tsa borongwa . [3]Kereke ya Anglican e ne ya kgaogana le Mokgatlho wa Barongwa wa Lontone ka 1917 fa e ne e letla balatedi ba yone kwa Bechuanaland Protectorate go tswelela ka bogwera gape, mme se se ne sa tsaya dingwaga di le mmalwa fela. [8]Morafe wa Balete e ne e le one fela morafe o o neng o santse o dira bogwera le bojale kwa bokhutlong jwa nako ya bokoloniale. [9]

  1. 1 2 3 Denbow & Thebe 2006, p. 44.
  2. 1 2 3 4 5 Morton & Ramsay 2018, Initiation.
  3. 1 2 3 Denbow & Thebe 2006, p. 16.
  4. Denbow & Thebe 2006, pp. 16, 44.
  5. Denbow & Thebe 2006, p. 197.
  6. Denbow & Thebe 2006, p. 58.
  7. Denbow & Thebe 2006, pp. 171–17.
  8. Morton & Ramsay 2018, Anglicans.
  9. Morton & Ramsay 2018, Lete (Balete).