Jump to content

Boitumelo Moiloa

Go tswa ko Wikipedia
Boitumelo Moiloa
Mokhanselara wa Bokone Bophirima wa ditlhabololo
In office
Motsheganong a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa 2019  Phukwi a le lesome le motso ngwaga wa 2023
PremierBushy Maape Job Mokgoro
Pele Ga GagweFennye Gaolaolwe
Morago Ga GagweLazarus Mokgosi
Leloko la khansele ya kgaolo ya Bokone Bophirima
In office
Phatwe a le lesome le boraro ngwaga wa 2013  Motsheganong a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa 2024
Ka Ga Ena
Mosetshaba wamo Aforika Borwa
MokgatlhoAfrican National Congress South African Communist Party
TiroLeloko la khansele
TiroMopolotiki

Boitumelo Theodora Moiloa ke mpolotiki wa kwa Aforika Borwa go tswa kwa Bokone Bophirima o o berekileng jaaka leloko la khansele ya ditlhabololo tsa selegae go tloga ka Motsheganong 2019 go fitlha ka Motsheganong 2024. O tlhomamisitswe e le leloko la palamente ya kgaolo ka Phatwe 2013. Moiloa ke leloko la phathi ya African National Congress le South African Communist Party.

Pereko ya gagwe mo sepolotiking

[fetola | Fetola Motswedi]

Moiloa o simolotse go nnamolweladitshwanelo tsa sepolotiki ka nako ya fa a santse a tsena sekolo ka dingwaga tsa 1980 le 1990.[1] E ne e le molweladitshwanelo wa African National Congress. Morago o ne a nna leloko la South African Communist Party, a bereka e le motshwara madi wa phathi mo kgaolong ya Dr Ruth Mompatsi. Moiloa o berekile gape mo lekgotleng la ANC la kgaolo. O ne a tlhophiwa go nna mo komiting ya ANC ya kgaolo ka 2011.[1]

Moiloa o ne a tlhomamisiwa e le leloko la kgaolo ya Bokone Bohirima ka Phatwe a le lesome le boraro ngwaga wa 2013, a tlhatlhama Veronica Kekesi.[1] O ne a tlhophiwa sebaka se se tletseng mo ditlhophong tsa kgaolo tsa 2014.[2] Ka Moranang 2018, Moiloa o ne a bua kgatlhanong le moeteledipele Supra Mahumapelo a re a ithole marapo.[3] Morago ga go tlhophiwa gape mo dilthophong tsa kgaolo ka Motsheganong a robabobedi ngwaga wa 2019, moeteledipele Job Mokgoro o ne a mo tlhopha go nna leloko la khansele kgolo ya ditlhabololo tsa selegae ka Motsheganong a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa 2019. O ne a tlhomamisiwa letsatsi lone leo, a tlhatlhama Fenny Gaolaolwe.[4][5]

Ka Motsheganong a le masome mararo le motso ngwaga wa 2023, Moiloa le moeteledipele wa lephata la ditlhabololo Relebohile Mofokane ba ne ba seegelwa kwa thoko ka nakwana ba neelwa malatsi a boikhutso a sebaka sa kgwedi mo lephateng.[6] Moiloa o ne a rolwa marapo a lephata la dilthabololo ka Phukwi a le lesome le motso ngwaga wa 2023.[7]

  1. 1 2 3 "Swearing in of member Ms. Moiloa" (PDF). North West Provincial Legislature. 16 August 2013. Archived from the original (PDF) on 1 May 2021. Retrieved 19 November 2025.
  2. "2014 elections: Members of North West legislature". Politicsweb. 18 May 2014. Retrieved 19 November 2025
  3. Modjadji, Ngwako (12 April 2018). "'It was Supra who took me to the Guptas,' says Collen Maine". SowetanLIVE. Retrieved 19 November 2025
  4. Montsho, Molaole (28 May 2019). "Women dominate North West Premier Job Mokgoro's new cabinet". IOL. Mahikeng. Retrieved 19 November 2025
  5. "North West provincial cabinet has 'integrity and ability', says Premier Mokgoro". The Citizen. 29 May 2019. Archived from the original on 14 August 2020. Retrieved 19 November 2025
  6. Ditabo, Malaika. "North West premier suspends social development MEC and HOD for failing to work together". News24. Retrieved 19 November 2025
  7. Masungwini, Norman. "Acting North West Premier Nono Maloyi fires defiant Social Development MEC Boitumelo Moiloa". City Press. Retrieved 19 November 2025