Bokopano jwa Kgolagano
Bokopano jwa Kgolagano | |
|---|---|
| Founded | Seetebosigo a le masome mabedi le borataro |
| Dissolved | Morule ngwaga wa 1956 |
| Merger of | African National Congress
Communist Party of South Africa South African Indian Congress South African Congress of Trade Unions Coloured People's Congress South African Congress of Democrats |
| Headquarters | Tongaat |
| Ideology | go nna kgatlhanong le puso ya tlhaolele
batho bantsho ba Aforika Borwa batho ba India ba Aforika Borwa Go tshwaragana ga Aforika Letlhakore la molema |
| Political position | Letlhakore la molema |
| Molao wa kgololesego | |
Bokopano jwa kgolagano, e ne ele kgolagano ya sepolotiki kgatlhanong le puso ya tlhaolele jo bo tlhamilweng kwa Aforika Borwa ka dingwaga tsa 1950. Bo eteletswe pele ke phathi ya sepolotiki ya African National Congress (ANC), CA e ne e le dirilwe ka batho ba ditso tse di farologaneng ba itlamile go diragatsa molao wa batho botlhe.
Bokopano jwa batho le molaomotheo wa kgololesego
[fetola | Fetola Motswedi]Khansele ya ditiragalo tsa lefatshe (National Action Council) e tlhamilwe ka matona a makgotla a African National Congress, Communist Party of South Africa, South African Indian Congress (SAIC), South African Congress of Trade Unions (SACTU), Colored People's Congress (CPC) le South African Congress of Democrats (COD) ba kopane kwa Tongaat ka Seetebosigo a le masome mabedi le boraro ngwaga wa 1995. Setlhopha se, ba ba neng ba itsiwe jaaka bokopano jwa kgolagano, ba ne ba tlhama mokwalo o o bidiwang molao wa kgololesego, ba bo ba rulaganya bokopano jwa batho, bo e leng bokopano jwa batho ba merafe le ditso tse di farologaneng mo malatsing a mabedi kwa Kliptown ka Seetebosigo a le masome mabedi le borataro ngwaga wa 1955. Kwa mogwantong oo, molao o ne wa balwa ka dipuo tse tharo (Sekgoa, SeSotho le se Xhosa), ga buisanwa ka one ke batsaya karolo ba ba farologaneng.[1]
Molao o e ne e le mafoko a ditumelo le ditiro tsa kgolagano, o o neng o akaretsa maitlamo a puso ya batho ka batho ya merafe le ditso tse di farologaneng le go agwa sešha ga setšhaba sa Aforika Borwa.[2][1][3] Kgolagano e ne e le bontlha bongwe jwa maiteko a ANC go rotloetsa letsholo la merafe le ditso tsotlhe le le kgatlhanong le tlhaolele.[4]
Makgotla a mangwe a a amanang le bokopano jwa kgolagano a akaretsa bokopano jwa basadi ba Aforika Borwa.
Go tshwarwa
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Morule ngwaga wa 1956, maloko a botlhokwa a kgolagano a ne a tshwarwa a bo a lebisiwa molato wa thankgolo puso, ba akaretsa matona a ANC otlhe. Batho ba Aforika ba le lekgolo le botlhano, ba India ba le masome a mabedi le motso, ba basweu ba le masome a mabedi le boraro (sephatlo sa bone e ne e le ba Juta ba Aforika Borwa),[5] le ba le supa ba ba tlhakantseng ditso ba bokopano jwa kgolagano ba ne ba tshwarwa. Bateteledipele ba le bantsi ba akaretsa Nelson Mandela, ba ne ba tshegeditswe mo dikgolegelong tsa Johannesburg, se se ne sa baka "bokopanO jo boleele ebile bo le bogolo jo bo sa ilediweng jwa kgolagano mo dingwageng."[6]
Go tshwarwa mo go ne ga baka tsheko ya ngwaga wa 1965 ya go thankgola puso, e e tshwerweng go fitlhelela ka ngwaga wa 1961 mme ya baka go gololwa ga botlhe ba ba neng ba lebisitswe molato.[7]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "The Freedom Charter is adopted in Kliptown: Sunday, 26 June 1955". South African History Online. 22 June 2018. Retrieved 31 July 2025
- ↑ "Significance of the Congress of the People and the Freedom Charter". South African History Online. 4 August 2016. Retrieved 31 July 2025
- ↑ Baard, Frances; Schreiner, Barbie. "The congress of the people". South African History Online. Retrieved 31 July 2025.
From the book: My Spirit Is Not Banned by Frances Baard and Barbie Schreiner
- ↑ Gerhart, Gail M. Black power in South Africa: The evolution of an ideology. University of California Press.
- ↑ Shimoni, Gideon. Community and Conscience: The Jews in Apartheid South Africa. UPNE, 2003.
- ↑ Mandela, Nelson (1994). Long Walk To Freedom: The Autobiography of Nelson Mandela.
- ↑ Naomi Klein (2007). The Shock Doctrine. London: Penguin Group.