Jump to content

Bokopano jwa baeteledipele ba mebuso ya mafatshe a selekane ka ngwaga wa 2024

Go tswa ko Wikipedia
Phalane a le masome mabedi le botlhano ngwaga wa 2024, kwa Apia, Samoa. Tonakgolo Keir Starmer o tsenelela moletlo wa tshimololo ya bokopano jwa baeteledipele ba mafatshe a selekane kwa Samoa. Senepe ka Simon Dawson

Bokopano jwa ngwaga wa 2024, jwa baeteledipele ba mebuso ya mafatshe a selekane bo bo itsegeng gape ka leina khutswe la CHOGM 2024, e ne e le bokopano jwa masome a mabedi le bosupa jwa baeteledipele ba mebuso ya mafatshe a selekana. Bokopano jo bo ne bo tshwaretswe kwa Samoa go tswa ka kgwedi ya Phalane e le masome a mabedi le botlhano go tsena a le masome a mabedi le borataro ngwaga wa 2024, bo ne jwa etelelwa pele ke dikopano tsa bo tona, le ditiragalo tse dingwe tse di neng di simolotse ka Phalane a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2024.[1][2][3]

Bokopano bo e ne e le jwa ntlha jo bo tletseng, jwa mafatshe a selekane fa e sale Mmamosadinyana a tlhokafala ka ngwaga wa 2022, ebile e le wa ntlha o o eteletsweng pele ke Kgosi Charles wa boraro jaaka tlhogo ya mafatshe a selekane.[4] Bokopano jo gape, e ne e le jwa ntlha jwa baeteledipele ba mafatshe a selekane jo bo tshwaretsweng kwa setlhaketlhakeng se sebotlana se se santseng se tlhabologa.[5] Loeto lwa ga Kgosi go ya kwa borwa jwa lewatle la Pacific, le le neng le akaretsa go bona lefatshe la Australia pele ga bokopano jwa kwa Samoa, e ne e le loeto lwa gagwe lwa ntlha go kgabaganya mawatle fa e sale ba bongaka ba supa fa a na le bolwetsi jwa kankere ngwaga wa 2024 o simologa.[6]

Setlhogo sa bokopano jo e ne e le "Bokamoso bo bongwefela: go fetola khumo e re e tlhakanetseng".[4] Maikaelelo a a neng a builwe a bokopano jo e ne e le go "thatafatsa metheo ya puso ya batho ka batho go setswe morago ditshwanelo tsa setho, puso ya batho ka batho le molao".[3] Bo ne gape bo ikaelela go lwantsha phetogo ya seemo sa loapi, bogolo jang ka ditlamorago tsa phetogo e mo mafatsheng a mannye le ditlhaketlhake.[7]

Ditlhopho tsa mokwaledi mogolo

[fetola | Fetola Motswedi]

Go nnile le ditlhopho tsa mokwaled mogolo wa mafatshe a selekane, ka mokwaledi o a neng a ntse a le teng Patricia Scotland a ne a supile ka ngwaga wa 2022 fa a tla a kgona go tswelela mo maemong a o dingwaga tse pedi fela.[8] Tona wa tsa mafatshe a sele wa kwa Ghana Shirley Ayorkor Botchwey,[9] tona wa tsa mafatshe a sele wa kwa Gambia Mamadou Tangara, le ralekgotla Joshua Septiba wa Lesotho ba ne ba itsise fa ba tla a emela tlhopho ya maemo ao.[10] Bontlhopheng botlhe ka boraro ba ne ba kopela mafatshe a a amilweng ke bokgoba le bokolone phimolo dikeledi kgotsa dituelo tsa tshiamo.[11] Botchwey o ne a tlhophiwa go nna mokwaledi o o latelang ka Phalane a le masome mabedi le borataro.[12]

Phetogo ya seemo sa loapi

[fetola | Fetola Motswedi]
Bateledipele ba tseneletse bokopano jo bo faphegileng jwa CHOGM kwa Maota Fono

Mo mafokong a gagwe a ntlha, Kgosi o ne a supa fa "matshosetsi a phetogo ya loapi e le kgwetlho e e tlhokang go potlakelwa".[13]

Kitsiso ya lewatle

[fetola | Fetola Motswedi]

Baeteledipele ba mafatshe a selekane ba ne ba tlhomamisa kitsiso ya Apia ya lewatle go nna le bokamoso jo bo nonofileng bo le nosi, e e neng e gwetlha mafatshe otlhe a selekane a a masome a matlhano le borataro go sireletsa lewatle mo dinakong tsa go ya godimo ga maetsi a lewatle, kgotlhelo le tiriso e e feteletseng. E ne e gwetlha gore melelwane ya lewatle e feletse, le fa go ya godimo ga metsi go baka gore ditlhaketlhake di nwele.[14] Go ya ka Reuters, se se tla raya gore didirisiwa di tshwana le mafelo a go tshwara ditlhapi a tla tswelela ka go nna a setlhaketlhake le fa se ka nwela batho ba sone ba fuduga.[15]

Kitsiso e gape e ne e gwetlha tshireletso ya mawatle, le go busetsa tsa tikologo ya lewatle ka ngwaga wa 2030, go feleletsa tumalano ya kgotlhelo ya lefatshe ka dipolaseteke mo mafatsheng otlhe, go tlhomamisa tumalano ya ditshedi tsa mawatle a a kwa godimo, go loga maano a go emelana le seemo sa loapi mo lotshitshing lwa mawatle, le go nonotsha kemo nokeng ya itsholelo ya mawatle.[16]

Tirisano ya Australia le Britain

[fetola | Fetola Motswedi]

Go ne ga nna le tumalano ya tirisano ya seemo sa loapi le kgothetso gareng ga mafatshe a Austalia le Britain, e maikaelelo a yone e neng e le go oketsa tlhabololo ya kgothetso ka go kopanela maranyane a tshwana le motlakase o o fetlhiwang ka metsi le wa phefo. Tonakgolo wa Australia Anthony Albanese o ne a supa fa tirisanommogo e e tla "netefatsa gore re dirisa kgonagalo ya itsholelo ntle le kgotlhelelo, le go nna le tirisanommogo mo go tsa phetogo ya loapi le maitlamo a a tlhakanetsweng a go fetlha motlakase o o sa kgotlheleng lefatshe ka ngwaga wa 2050."[13]

Phimolo dikeledi ya tsa bokgoba

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka kgwedi ya Lwetse, tonakgolo wa pele wa kwa lefatsheng la Jamaica PJ Patterson, o ne a bolelela babegadikgang fa dituelo tsa bokgoba e le nngwe ya dikgang tse go a go buiwang ka tsone kwa bokopanong.[17] Le fa go ntse jalo, lefatshe la United Kingdom le ne la gatelela gore ddituelo tsa bokgoba ga di mo leanong, le gore UK ga e na kakanyo epe ya go dira dituelo tsa phimolo dikeledi.[18] Puso ya Britain gape e ne ya re ga go kitla go nna le kopo maitshwarelo a seabe sa Britain mo dikgannyeng tsa kgwebo ya makgoba ya Atlantic, e e tla a dirwang kwa bokopanong. Mokwaledi wa mafatshe a sele wa Britain David Lammy wa lotso lwa Carribean o ne a supile pele kgatlhego ya go buisana ka dituelo ka ngwaga wa 2018.[19][20]

Mo mafokong a gagwe fa bokopano bo simolola, Kgosi o ne a bua ka kgang e are: "ka go reetsa batho mo mafatsheng a selekane, ke tlhaloganya ka fa bosetlhogo jwa ditso tsa rona bo tsweletseng ka go diragala. Go botlhokwa, ka jalo, gore re tlhaloganye ditso tsa rona, go re kaela go tsaya ditshwetso tse di siameng mo isagong." [21]Kgosi o ne a retelelwa ke go kopa maitshwarelo ka seabe sa Britain mo kgwebong ya makgoba a sa laelwa go dira jalo ke puso.[22][23]

Kwa bofelong jwa bokopano, lekwalo le le tlhakanetsweng le ne la ntshiwa. Le ne le tlhomamisa gore mafatshe a selekane a dumalane gore nako e gorogile ya gore go nne le puisano e e nang le bokao, e e boammaruri ebile e na le tlotla mo go ageng bokamoso jo bongwe fela bo remeletse mo tekatekanong",[24] le gore ba tla nna le dipuisano go bua ka tshenyo ya bokgoba, bogolo jang e e neng e dirwa mo basading le bana, "ba ba sotlegileng ka ntlha ya manokonoko a a diragetseng mo ditsong tsa setho".[25] Lekwalo le ne le supa gape gore ba lemoga gore bontsi jwa mafatshe a selekane kwa mawatleng a Atlantic le Pacific "a na le ditso le maiphitlhelo a a tshwanang fa go tla mo kgwebong e e setlhogo e, go dira batho dithoto, go koafatsa le go fudusa batho mo magaeng a bone". Le ne le supa ditlamorago tse di tsweletseng tsa ditso tse le tiro ya go gapa batho mo batho ba setlhaketlhake sa lewatle la Pacific ba neng ba go itemogela kwa Australia le dikolone tse dingwe.[26]

Ba ba neng ba seo

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo boemong jwa go tsenelela bokopano, tautona wa Aforika Borwa Cyril Ramaphosa le tonakgolo wa India Narenda Modi ba ne ba tsenelela bokopano jwa BRICS jwa lesome le borataro, modulasetilo wa bone e le Vladimir Putin, bo bo neng bo tshwanetse go tsena beke yone eo kwa Kazan, Russia. Go ya ka pampiri ya dikgang ya The Independent, se ke tshupo ya gore mafatshe oo mabedi a "a tlotlomatsa botsalano jwa one le mafatshe a China le Russia go na le CHOGM".[27] Mo go tlhokeng go nna teng ga ga tonakgolo Modi, setlhopha se se rometswe ke lefatshe la India kwa CHOGM ya ngwaga wa 2024 se ne se eteletswe pele ke tona wa tsa palamente Kiren Rijiju. [28]Setlhopha sa Aforika Borwa se ne se eteletswe pele ke mothusa tona wa botsanalo le mafatshe a sele Thandi Moraka.[29]

Tonakgolo wa lefatshe la Canada Justin Trudeau le ene o ne a seo kwa bokopanong jo, ka a ne a na le kgwetlho ya boeteledipele.[30] Tautona wa lefatshe la Sri Lanka Anura Kumara Dissanayake le ene o ne a sa tsenelela bokopano jo ka a ne a santse e le gone a pagamang setilo sa botautona.

  1. "PRESS RELEASE – CHOGM Samoa 2024: Operational Note for Media". Government of Samoa. 19 September 2024. Retrieved 7 July 2025.
  2. "Commonwealth Heads of Government to meet in Samoa in 2024". The Commonwealth. Retrieved 07 July 2025.
  3. 1 2 "Prime Minister Confident with Preparations for CHOGM". Samoa Global News. 10 February 2024. Retrieved 07 July 2025.
  4. 1 2 "Samoa announces theme for the 2024 Commonwealth Heads of Government Meeting". The Commonwealth. Retrieved 07 July 2025.
  5. "CHOGM to be held in Samoa in 2024". The (Jamaica) Gleaner. 3 July 2023. Retrieved 07 July 2025.
  6. "King Charles Makes Sensitive Change for Australia Visit". Newsweek. September 25, 2024. Retrieved 07 July 2025
  7. "Samoa makes resilience CHOGM's theme as fight over financing looms". Commonwealth Roundtable. The Commonwealth. 6 October 2023. Retrieved 07 July 2025.
  8. "Australian-backed candidate fails to topple Commonwealth boss Patricia Scotland". 24 June 2022.
  9. "Foreign Affairs minister Shirley Ayorkor Botchwey eyes Commonwealth Secretary-General position". Modern Ghana. 2 February 2024. Retrieved 0-7 July 2025.
  10. "Dr Tangara, 2 others vie for Commonwealth SG position". The Point. 18 July 2024. Retrieved 07 July 2025.
  11. Savage, Rachel (11 September 2024). "Candidates to lead Commonwealth urge reparations for slavery and colonialism". The Guardian. Retrieved 07 July 2025.
  12. "Commonwealth Announces Ghana Foreign Minister As New Secretary General". Barron's. Agence France Presse. 26 October 2024. Retrieved 07 July 2025.
  13. 1 2 "UK and Australia embark on new climate and energy partnership". euronews. 2024-10-25. Retrieved 07 July 2025
  14. "Commonwealth leaders say sinking nations should keep their maritime boundaries". The Print. Reuters. 26 October 2024. Retrieved 07 July 2025.
  15. "Commonwealth leaders say 'time has come' for discussion on slavery reparations". Reuters. 26 October 2024. Retrieved 07 July 2025.
  16. "Commonwealth nations adopt 1st ocean declaration as former British colonies seek reparatory justice". ABC News. Associated Press. October 26, 2024. Retrieved 07 July 2025.
  17. "PJ Patterson welcomes placement of reparations on agenda at next CHOGM". Jamaica Observer. August 4, 2024. Retrieved 07 July 2025.
  18. "Slavery reparations not on agenda at Commonwealth summit, saying No 10". The Guardian. 14 October 2024. Retrieved 07 July 2025.
  19. "No UK apology over slavery at Commonwealth summit". BBC News. 18 October 2024. Retrieved 07 July 2025.
  20. Torrance, David (8 July 2024). "The royal prerogative and ministerial advice". commonslibrary.parliament.uk. Retrieved 07 July 2025.
  21. "King Charles acknowledges 'painful' past amid calls for Commonwealth discussions on reparations". CBC News. October 25, 2024. Retrieved 07 July 2025.
  22. "Why the King can't say 'sorry' for slavery". BBC News. 25 October 2024. Retrieved 07 July 2025.
  23. "King Charles acknowledges 'painful' history amid calls for slavery reparations at Commonwealth summit". CNN. No. October 25, 2024. Retrieved 07 July 2025
  24. "Shirley Ayorkor Botchwey appointed Commonwealth secretary general". The Guardian. 26 October 2024. Retrieved 07 July 2025
  25. "UK Agrees to Hold Talks With Commonwealth on Its Slavery Legacy". Bloomberg. October 26, 2024. Retrieved 07 July 2025.
  26. "'Time has come': Commonwealth heads agree to reparatory justice dialogue despite reluctant UK". The Guardian. 26 October 2024. Retrieved 07 July 2025.
  27. "Who is attending the Commonwealth summit and what will they talk about?". The Independent. 24 October 2023. Retrieved 07 July 2025.
  28. "Kiren Rijiju strengthens India-Samoa ties at CHOGM summit, advocates for SIDS and solar energy". India Today. October 24, 2024. Retrieved 07 July 2025.
  29. Fabricius, Peter (27 October 2024). "Zimbabwe's bid to re-enter Commonwealth set to highlight North-South divide". Daily Maverick. Retrieved 07 July 2025.
  30. Graham-McLay, Charlotte; McGill, Ayaka (24 October 2024). "Charles gets a warm welcome on his first visit as king to Samoa. But uneasy questions await". Associated Press. Retrieved 07 July 2025