Jump to content

Bokopano jwa kgwebo ya bokgoba jwa Maesemane le batho ba Egepeto

Go tswa ko Wikipedia

Bokopano jwa kgwebo ya bokgoba jwa mebuso ya Maesemane le ba Egepeto e ne e le tumalano gareng ga mafsthe a United Kingdom, Ireland le Khedivate of Egypt ka ngwaga wa 1877. Tumalano ya ntlha ya 1877, e ne ya salwa morago ke koketso ka ngwaga wa 1884, le e nngwe gape ka 1895. Tumalano e e ne e fedisa kgwebo ya makgoba kwa Egypt. Fa bokgoba ka bo bone bo ne bo sa emisiwa, makgoba a a neng a le teng a ne a fiwa tshwanelo ya go kopa go gololwa, mo go neng ga kgona go fedisa bokgoba ka lekgolo la dingwaga di le masome mabedi.

Tse di diragetseng pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Batho ba kwa Britain ba ne ba na le molao o o tsweletseng wa go gatelela bogosi jwa Ottoman go emisa kgwebo ya bokgoba. Bokopano jwa mafatshe a United Kingdom, Ireland le Egypt bo ne jwa salwa morago ke kemiso ya kgwebo ya bokgoba jwa batho bantsho ya ngwaga wa 1857, e e neng e emisa bokgoba le kgwebo ya jone ya makgoba a kwa Aforika go ya bogosing jwa Ottoman, e Ottoman Egypt e neng e le bontlha jwa yone pele. Le fa go ntse jalo, Firman ya 1857 e ne e sa diragadiwe e le mokwalo fela, mme kgatelelo ya lefatshe la Britain ya tswelela mo kgang e.

Tumalano ya ngwaga wa 1877 e ne e emisa kgwebo ya bokgoba semmuso go tswa kwa Sudan, ka jalo e emisa semmuso go rekwa ga makgoba go tswa kwa Sudan. Sudan e ne e le boremelelo jwa motswedi wa makgoba a banna ka nako eo, go ya Egypt. Phediso e e ne ya salwa morago ke kemiso ya go tsisiwa ga basadi ba basweu ka ngwaga wa 1884, molao o o ne o lebagane le go tsisiwa ga basadi ba basweu, ba ba neng ba itlhophelwa go nna dinyatsi mo bathong ba maemo ba kwa Egypt.[1][2]

Koketso ya ngwaga wa 1895, e ne ya emisa go tsenelela ga go nna le ditahat tsotlhe ga makgoba, ka jalo ba ba tshepisa go nna le tshwanelo ya go nyala le go ja boswa, mo go neng ba go ilediwa ke beng ba bone ba pele; kgwebo ya bokgoba e ne jaanong e lebilwe ke dikgotlatshekelo tsa tlolo molao, se se ne sa dira gore e nne le maduo, go okediwa ga dikotlhao le go ela tlhoko, go itsa thekiso ya makgoba go tswa kwa kgwebo ya makgoba go kgabaganya lewatle le lehibidu go ya Egypt.[3]

Ditlamorago

[fetola | Fetola Motswedi]

Theko ya makgoba a banna go tswa Sudan go tla go nna masole, go dira ditiro tsa mogae le go nna meopa, ga mmogo le theko ya makgoba a basadi go tswa Caucasus go nna dinyatsi, e ne e ele yone metswedi e metona ya theko ya makgoba go tswa Egypt, ka jalo melao e e neng e kwadilwe e, e ne e kgoreletsa bokgoba kwa Egypt. Bokgoba ka bo bone bo ne bo sa emisiwa, theko ya bone fela ke yone e eneng e emisitswe. Le fa go ntse jalo, kiletso thekiso ya makgoba a a neng a le teng e ne ya itsisiwe ga mmogo le molao o o neng oo fa makgoba a aneng a le teng tshwanelo ya molao ya go kopa go ntshiwa mo bokgobeng kwa ofising ya mafatshe ya Britain kwa mafelong a a farologanneg a lefatshe leo, mme makgoba a le dikete a ne a dirisa tshono eo go kopa go gololwa.[1][2]

Ba ba kgatlhanong ba kwa Britain,ba ne ba bula lolwapa lwa makgoba a pele a basadi go ba thusa le go ba sireletsa mo go tsweng setlhabelo sa go gweba ka mebele, mo go neng go le teng ka ngwaga wa 1884 go tsena ka 1908.[3] Ka ngwaga wa 1901, moeladilotlhoko wa kwa France o ne a abelana kakanyo ya gore bokgoba kwa Egypt bo fedile, mo molaong le mo go dirweng; palobatho ya kwa Egypt ya ngwaga wa 1907 e ne e sa tlhole e kwadile makgoba ape, ka ngwagawa 1911 maphata a kgwebo ya makgoba a tswalwa a fetolelwa kwa Sudan.[3] Le fa go ne go amogetswe gore bokgoba ga bo a emisiwa ebile bo santse bo le teng ka ngwaga wa 1908, bo ne bo sa tlhole bo bonala thata go nna go boremelelo jwa go kgala ga mafatshe a bophirima.

  1. 1 2 Kenneth M. Cuno: Modernizing Marriage: Family, Ideology, and Law in Nineteenth- and Early ...
  2. 1 2 Cuno, K. M. (2015). Modernizing Marriage: Family, Ideology, and Law in Nineteenth- and Early Twentieth-Century Egypt. Egypten: Syracuse University Press. p. 25
  3. 1 2 3 Indian Ocean Slavery in the Age of Abolition. (2013). USA: Yale University Press.