Bokotsi jwa molapo
Molapo o kotsi ebile ga o kotsi.Molapo o kotsi ka ntlha ya gore o tshotse matshelo a batho ba le bantsi o utlwisitse malapa a le mantsi botlhoko ka go ba tseela batho ba ba ratang ebile ba tshepetse mo gobona le fa go le jalo molapo o tshotse le matshelo a diphologolo.Bana ba le bantsi ba tshotswe ke molapo ka ntlha ya goya go tshamekela kwa go ona ba rumulela dilo tse di dulang kwa melapong mme ba bangwe ba tshotsee ke molapo ka ntlha ya gore tlabo ba rumilwe goya go ga metsi kgotsa go tsaya mmu wa molapo ba bo ba sa boe kgotsa ba bo ba bowa.Batho ba ba tshwenyegang ka bongaka jwa setso ba sa batle goya kwa ba tshwanetseng go ya teng le bona bontsi jwa bona ba tshotswe ke metsi le fa ba bangwe ba sa tswewa ke metsi a molapo.

Rona bontsi jwa rona re le batho re gola re itse gore ka ura ya sethoboloko ga re a tshwanela go feta kwa molapong kgotsa go a tumela kwa go ona ka ntlha ya gore batho ba tulo eo tlabo ba sa batle go tshwenngwa ke sepe ba batla gore ba itheetse.Molapo o siame ebile ga o a siama ka ntlha ya gore ga o batle batho ba ba silafetseng ba tshamekela kwa teng ka ntlha ya gore tlabo ba silafatsa metsi mme morago ba tsamaya e be mongwe ena o tlabo a ya a sa silafala mme metsi a mo tseye ka ntlha ya gore mong wa metsi o tlabo a tshagetse ka ntlha ya ditiragalo tseo.
Baporofeta le dingaka go le gantsi ke bona batho ba ba ratang go ya kwa metsing ka ntlha ya gore tlabo ba ya go phatlha teng ba isa le batho teng fa ba na le mathata ba ba tsenya teng gore ba ba tlhapise gore batle ba immuloge kgotsa ba fokotsa mathata a bona.Melapo e farologane thata go na le diphororo,metsi a leshata,metsi a moela, magaga le a mangwe metsi a teng a na le maina a ona a baporofeta le dingaka ba a dirisetsang go iphekola ka ona le go phatlha kwa go ona .Molapo o thusitse batho ba le bantsi ka ntlha ya gore tlabo ba ya teng go ya go kopa tse ba di tlhokang kwa teng le kwa modimong le badimo, batho gompieno ba bone manyalo,ditiro,bangwe ba feditse dikolo ka ntlha ya goya go kopa teng mme ba ikiletse malatsi a le supa pele gaa ba ya kwa metsing.
Dingaka di kgona go bontshiwa metsi a ba tshwanetseng goya kwa go ona mo diponong gore ba ye go dira dilo tsa bona kgotsa ba ye go tsaya dilo tsa bona kwa teng mme ga ese bona fela le batho ba kgona go bontshiwa mme morago ba kope thuso mo dingakeng le baporofeta ka tseo tla bong ba di bontshiwa .Batho ba le bantsi mo nageng ya rona ya Aforikaborwa ba na le dineo tse di farologaneng ka jalo batho ba le bantsi ba tlhoka thuso ka go ya kwa melapong kgotsa go ya go twasa ka jalo melapo e botlhokwa e bile gape ga e botlhokwa e kotsi.[1]
Ditshupiso