Boloko jwa dikgomo

Boloko ke setlhagiswa sa kgomo.[1] Eleng tlhaga le dijalo tse kgomo edijang mme fa esena go ja edisile momaleng mme ebe e ntsha boloko.[2] Boloko jo boka dirisiwa ka ditsela dile dintsi jaaka gotshasa mo leboteng eleng godila ntlo ya mmu, oka diris dibi go gotsa molelo opaye ka dibi, dibi tse ke boloko jobo omileng gotsa jobo omisitsweng mme bo baiwe molefelong le lesaneleng jaaka segotlo pele gonna le motlakase.[3] Bagolo barona ene ele barui ba dikgomo,dipudi,ditonki jalo le jalo, mme boloko jo bone bosa latlhiwi bone botsewa bo tshelwe mo serapeng sa dijalo lemo mmung otlileng go jala, Ele tsela yago nontsha mmu. Jaanong jaana gonale batho baba dirisang dibi godira malathla.[4] A a gonang gofetlha motlakase. Fa o dilantlo jaaka gone godiriwa bogogolo, bo nkoko le bo mme ba tsaya boloko jo bo sampe bole metsi jobo fetsang go tswa mo kgomong mme abotlatse ka gamelo bothlakantshiwe le metsi mme bobewe malatsi a rileng kamoteng ga gamelo, Morago gamalatsi arileng botsewe boloko jobo ntseng malatsi mo gamelong bothlakantshiwe le mmu o o monnye godira "motar" seretse.[5] Seretse se setsewe sa tshasiwa molebotaneng lemo fatshe.
Le mo dijalong fa o jala o gona go tsaya dibi tsedi omileng odire moshotelo kago sila dibi mme o gasa fa o tlileng go jala dijalo tsa gago moteng, opete mmu otlhakanye le moshotelo mme otshele metsi gore mmu le moshotelo otlhakane, Nosetse mmu o gofitlhella o tla go jala dijalo tsa gago. okatsaya boloko jo bo metsi obo tshele mo shwaki mme o oketse ka metsi otswale swhaki mme oe tlogele e tswetswe. ka morago ga nako erileng otsee boloko bo bo tswang mo shwaking obo tshele mo segontlong sa gago sa di jalo gotsa mo otlileng go jala dijalo tsagago.
Ditshupiso
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ https://www.merriam-webster.com/dictionary/cow
- ↑ https://www.collinsdictionary.com/dictionary/english/grass
- ↑ https://solarschools.net/knowledge-bank/energy/electricity
- ↑ https://www.usgs.gov/faqs/what-coal
- ↑ https://www.bostik.com/uk/en_GB/catalog/product/construction/emea/uk/product-bostik-mortar-plasticiser/