Bolweladitshwanelo jwa hashtag

Bolweladitshwanelo jwa hashtag e raya tiriso ya di-hashtag tsa social media go dira tiro ya bolweladitshwanelo mo maranyaneng.[1] Hashtag e nnile nngwe ya ditsela tse dintsi tse social media e thusang ka yone go nna le seabe mo baaging le mekgatlho ya loago.[2] Tiriso ya hashtag mo social media e fa badirisi tshono ya go abelana tshedimosetso le megopolo ka ga merero ya selegae ka tsela e ba bangwe (balatedi) ba ka dirisanang le go nna le seabe jaaka karolo ya puisano e kgolo e e nang le bokgoni jwa go tlisa phetogo.[3] Hashtag ka boyone e na le lefoko kgotsa polelwana e e amanang le kgang ya selegae kgotsa ya sepolotiki, mme e rotloetsa lefelo le puo e ka diragalang mo go lone.[4] Social media e thusa ka go fa serala se se botlhokwa sa baagi ba ba kgaphetsweng kwa thoko mo ditsong. Ka tiriso ya di-hashtag, ditlhopha tseno di kgona go tlhaeletsana, go kgobokanya le go buelela dikgang tse di sa bonaleng sentle.[5]
Barotloetsi ba maatla a bolweladitshwanelo jwa hashtag ba dumela gore e letla badirisi go golagana le batho ka bongwe go tswa kwa lefatsheng lotlhe le go abelana tshedimosetso ka bonako. Batshwayadiphoso, ka fa letlhakoreng le lengwe, ba belaela gore go dira tiro ya hashtag go isa kwa phetogong ya mmatota, ka gonne badirisi ba supa fela gore ba amega thata go romela hashtag, go na le go tsaya kgato ka namana go dira pharologanyo.[6][1]
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Hashtag, jaaka e dirisiwa mo maranyaneng ka go farologana gompieno, e akantswe pele mo maranyananeng a Twitter ke motlhami wa kompone ya Google Chris Messina ka ngwaga wa 2007. Maikaelelo a tlhamo ya gagwe e ne e le go dira letshwao le le letlelelang badirisi go sala morago dikgang tse di fetogang tse di amanang le tiragalo kgotsa setlhogo sengwe. Karabo ya Twitter mo go diriseng hashtag jalo e ne ya seka ya nna ee. maranyane a o a ne a kwala gore "dilo tseo ke tsa batho ba ba botlhale bo bo feteletseng"[7] mme morago ngwaga yone eo ba bona maduo ka tiriso ya #sandiegofire e e neng e letla badirisi go sala morago dikgang tse di tsamaelanang le molelo wa kwa San Diego, go babalesega ga baratwa le dikgang jaaka di goroga. Tiriso ya hashtag e aname le maranyane a mangwe a akaretsa a Facebook, Instagram le TikTok.[2] Fa e sale ka ngwaga wa 2007, hashtag e dirisitswe go amanya dikgang mo maranyaneng, go batla ba ema nokeng, go rulaganya ditshupetso go letla gore badirisi ba kgone go tsaya karolo mo matsholong a sepolotiki le a setho.
Dikai tse di itsegeng thata
[fetola | Fetola Motswedi]Dikai tse di latelang di rulagantswe ka ditlhopha: ditshwanelo tsa setho, go nna podi matseba, sepolotiki, le tse di mo nakong.
Lotso
[fetola | Fetola Motswedi]Tshimologo kwa United States
[fetola | Fetola Motswedi]#BlackLivesMatter (matshelo a batho bantsho a botlhokwa)
Letsholo la Matshelo a batho bantsho a maleba le itebagantse le go fedisa bosetlhogo jwa mapodisi le polao ya batho bantsho ba ma America. Hashtag ya #BlackLivesMatter e simolotswe ke Alicia Garza, Patrisse Cullors le Opal Tometi e le karabo ya tsheko le go gololwa ga ga George Zimmerman o a neng a thuntshitse a bo a bolaya Travon Martin wa dingwaga tse di lesome le bosupa.[8] Hashtag e e ne ya tsosolosiwa ka ngwaga wa 2014, morago ga go hulwa ga ga Michael Brown kwa Ferguson, Missouri, le morago ga gore setlhopha sa baatlhodi se se ka sa bona Daniel Pantaleo phoso mo go bolaweng ga ga Eric Garner.[9] Ka selemo ngwgaa wa 2020, hashtag e ne ya boela gape ka ntlha ya dintsho tsa ga George Floyd le Breonna Taylor mo matsogong a mapodise.[10]
#IStandWithAhmed (Ke ema le Ahmed)
Ka ngwaga wa 2015, moithuti wa dingwaga tse di fa gare Ahmed Mohamed o ne a tshwarwa kwa sekolong sa gagwe se segolwane kwa Irving, Texas morago ga gore morutabana wa gagwe a akanyetse gore sesupanako sa gagwe se se neng se tlhatlhamolotswe, ke bomo. O ne a seka a bonwa melato epe, mme o ne a seegelwa fa thoko kwa sekolong. Morago ga polelo ya gagwe e bolelwa mo metsweding ya dikgang, mokwadi wa tsa maranyane Anil Dash a tsenya senepe sa ga Ahmed a tshwarwa a apere sekipa se se kwadilweng NASA le #IStandwithAhmed. Senepe se se ne sa kgatlha leitlho la batho ba le bantsi mo maranyaneng sa bo sa dira gore batho ba akanyetse fa e le kgethololo ya lotso le mmala le kgethololo ya batho ba tumelo ya Islam kgatlhanong le sekolo seo. Se ne sa simolola letsholo mo maranyaneng, mo bontsi jwa batho ba akaretsa ba maranyane le baenjenere ba neng ba kwala ka kemo nokeng ya bone ba dirisa hashtag eo.
#TakeAKnee (Oba lengole)
#TakeAKnee e sale e nna letsholo ka ngwaga wa 2016, e dirilwe ka maikaelelo a go tsibosa batho ka bosetlhogo jwa ba sepodise le kgethololo ya lotso le mmala e e diragalang kwa America.[11] Letsholo le le simolotswe ke batshameki ba kgwele ya dinao, bogolo jang Colin Laepernick, ak go khubama sebaka sa go opelwa pina ya setšhaba; go dira jaana go ne ga tsosa dikgoberego ka go ne go bonwa e le go tlhoka botho le go rogaka folaga ya Amerika, beng gae le se folaga e se emetseng. Letsholo le le ne la dira gore go nne le hashtag ya #BoycottNFL le dikgang tse di feletseng di dira gore go tlhokafale gore batshameki ba eme ka dinao fa go opelwa pina ya setšhaba, kgotsa ba nne kwa go aparelwang teng.[12] #TakeAKnee e itsege e le ngongora ya pina ya setšhaba ya America, mme gantsi e tshwantsanngwa le dingongora tsa nako ya go lwela ditshwanelo, go tshwana le metseletsele ya dingongora tse di eteletsweng pele ke batshameki ba metshameko e e farologaneng.[13] Fa bosetlhogo jwa mapodisi bo ne bo emetswe kgatlhanong ke batho bantsho ba America, batshameki ba basweu ba ne ba bonwa le bone ba oba lengole. [14]Ka bongwefela letsholo la #TakeAKnee le ne la baka dikgoberego go baka gore go botsisiwe ditshwanelo tsa semolao le la molaomotheo le gore go lebelelwe motho ka bongwe ka bongwe le bokgoni jwa bone jwa go oba lengole fa pina ya setšhaba e opelwa.[15][16]
#MyAsianAmericanStory (Polelo ya me ya go nna mo Amerika wa mo Asia)
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Phalane ngwaga wa 2016, moithuti wa dingwaga tse di lesome le botlhano a bidiwa Jason Fong o ne a dira #MyAsiaAmericanStory go supa dipolelo tsa go fudugela kwa lefatsheng le sele tsa batho ba lotso lwa Asian-American morago ga gore ntlhopheng wa botautona Jeb Bush a akgele ka batho ba Asia le bana ba bone ba ba tlhakantseng ditso.[17][18] Fong o ne a supa fa a simolotse hashtag e go supa gore batho ba Asian-America ke bontlha bongwe jwa America.[19] Badirisi ba hashtag e ba ne ba bega ka dipolelo tse di farologaneng tsa malwapa a bone le maitemogolo a bone mo kgethololong.[20] Fong are o ne a tlhotlhelediwa go simolola hashtag e ke tse dingwe jaaka #BlackLivesMatter, mme a tsaya karolo mo matsholong a mangwe jaaka #Asians4BlackLives go supa kemo nokeng go tlhatlhamolola tsamaiso e e senyegileng e e sireletsang bosetlhogo jwa mapodise.[17]
#thisis2016 (Se ke ngwaga wa 2016)
Ka Phatwe ngwaga wa 2016, morago ga tiragalo ya go nna kgatlhanong le batho ba Asia kwa New York City le lokwalo lo lo badilweng ke batho botlhe lo ya kwa go motshwasetlhabelo go tswa kwa go Michael Luo, Pampiri ya dikgang ya New York Times e ne ya ntsha setshwantsho sa motshikhinyego sa setlhogo sa "#thisis2016: Batho ba Asia ba ba nnang mo America ba a araba."[21] Setshwantsho se se ne se supa batho ba lotso lwa AsianAmerica ba ba neng ba itemogetse kgethololo ya lotso le mmala.[22] #thisis2016 e ne ya nna hashtag go supa kgethololo e batho ba lotso loo ba e itemogelang.[23] Morago #BrownAsiansExist e ne ya tlhagoga morago ga lokwalo lo lo kwaletsweng pampiri ya dikgang ya The New York times lo supa ngongora ka tlhaelo ya batho ba lotso lwa AsiaAmerican mo sethswantshong se ba se supileng sa #thisis2016.[24] #BrownAsiansExist e supa ga kgaphelwa thoko ga batho ba ba tswang kwa borwa jwa Asia le borwa botlhaba jwa Asia mo metsweding ya dikgang ya America.[25]
#OscarsSoWhite (Dietsele tsa Oscar ke tsa batho basweu fela)
[fetola | Fetola Motswedi]#OscarsSoWhite ke letsholo le le simolotsweng ke mokwaledi mogolo wa BroadwayBlack.com April Reign, a tlhotlhelediwa ke bontlhopheng ba dietsele tsa Oscar tsa ngwaga wa 2016.[26] Badiragatsi botlhe ba ba neng ba tlhophilwe mo ditlhopheng tsa ba ba eteletseng pele e ne e le batho basweu, le ntswa go ne go na le ditshwantsho di le dintsi ngwaga oo tse di neng di na le batho bantsho ba ba di eteletseng pele ba ba kileng ba amogela dietsele le dimpho tsa critics le guild.[27] Letsholo le le ne la dira gore go nne le puisano ka go farologana ga batho, botlhokwa jwa go nna le kemedi le kgetholo ya lotso le mmala mo madirelong a ditshwantsho tsa motshikhinyego.[28] Letsholo le le amanngwa le go gatelela go fetola mmala wa maloko a academy.[29] Morago ga go ya godimo ga go itsewe ga letsholo le, academy e ne ya tsenya batlhophi ba ba botlana ba le 41% le batlhophi ba basadi ba le 46%.[30] Dikompone tse di dirang metshameko ya motshikhinyego le tsone di ne di babalelwa ka jalo ba simolola go dira gore go nne le kemedi ya ditso le mebala ka go farologana le mo babereking ba bone, ba ne ba fira Ava Duvernay, mokaedi wa mo America wa mmala o montsho, go etelela pele go dira A Wrinkle in Time le go thapa badiragatsi ba ba seng basweu mo motseletseleng wa ditshwantsho wa Star Wars.[31]
#PublishingPaidMe
[fetola | Fetola Motswedi]Ditshwanelo tsa basadi ba bantsho
[fetola | Fetola Motswedi]Go tswa kwa United States
#SayHerName (Bua leina la gagwe)
[fetola | Fetola Motswedi]#SayHername e simolotse ka ngwaga wa 2015 e simololwa ke bokopano jwa batho bantsho kwa America, jo bo eteletsweng pele ke Kimberlie Crenshaw. Maikaelelo a #SayHerName e ne e le go gapa leitlho la babegadikgang le setšhaba ka kakaretso mo go dirisiweng dikgoka le polao ya basadi ba bantsho mo diatleng a mapodisi.[32] Pelaelo ya go ipolaa ga ga Sandra Bland morago ga go tsewa ke mapodise go ne ga dira gore hashtag e e itsege, e bo e dire gore go abelanwe go bo go batlisisiwe ka sipolelo tsa basadi ba bangwe ba bantsho ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya bosetlhogo jwa mapodisi. #SayHerName e ne ya amanngwa gape le dinstho tsa ga Breonna Taylor, Aura Rosser, Tanisha Anderson le ba bangwe.[33]
Ditshwanelo tsa basadi
[fetola | Fetola Motswedi]Go tswa kwa United States
#YesAllWomen (Ee, basadi botlhe)
YesAllWomen ke hashtag e e dirisiwang mo maranyaneng a Twitter le maranyane a mangwe e le letsholo le badirisi ba abelanang dikai tsa dipolelo tsa letlhoo mo basading le bosetlhogo kgatlhanong le basadi.[34] #YesAllWomen e dirilwe e le go tsibogela hashtag e nngwe ya #NotAllMen, go supa fa basadi ba amiwa ke go kgethololwa ka bong le go tshwenngwa, le ntwa e se banna botlhe ba ba kgethololang basadi.Hashtag e, e ne ya dirisiwa ke basadi kabofefo mo maranyaneng go abelana maiphitlelo a bone a go kgethololwa le go tshwenngwa.[35][36][37][38][39][40][41][42]Hashtag e, e ne e tumile thata ka ngwaga wa 2014, fa go ne go buiwa thata ka dipolao tsa basadi kwa Isla, Vista ka ngwaga wa 2014.[43][44][45]
#ShoutYourAbortion
#ShoutYourAbortion ke hashtag le letsholo la maranyane le le dirisiwang mo maranyaneng a Twitter le le rotloetsang basadi ba ba itemogetseng go senya dimpa tsa boimana go bua ka maitemogelo a bone.[46][47][48]Hashtag e e dirilwe ke mokwadi wa kwa America Lindy West le ditsala tsa gagwe Amelia Bonow le Kimberly Morrison, ba tsibogela maiteko a ntlo ya baemedi ya kwa United States a go emisa go ntsha madi go ema nokeng go nna motsadi mo go ipaakanyeditsweng morago ga gore go nne le dikganetsano mo setshwantshong sa motshikhinyego sa Planned Parenthood ka ngwaga wa 2015.[49][50][51][52][53]
#ilooklikeanengineer (ke tshwana le mo enjineere)
Ka ngwaga wa 2015, letsholo la #ilooklikeanengineer le ne la simolola. Letsholo le le simolotswe ke Isis Anchalee go rotloetsa dipuisano tsa dikgang tsa bong.[54] Anchalee o simolotse hashtag e a tsibogela kgalefo e e nnileng fa sefatlhego sa gagwe se ne se tlhageletse mo letsholong la thekiso ya kompone e a e berekelang. Ngwaga morago ga go dirwa ga hashtag ya #ilooklikeanengineer, batho ba le dikete di le makgolo a mabedi le botlhano ba ne ba dirisa hashtag eo.[55][56]
#MeToo (le nna)
#MeToo ke hashtag e e dirisiwang mo maranyaneng a Twitter go itsese batho ka go dirisiwa botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo ka go rotloetsa ba ba fetileng ka seemo seo go abelana maiphitlhelo a bone.[57] Hashtag e e dirisitswe pele ka ngwaga wa 2007 ke Tarana Burke[58], mme morago ya anama ebile ya simolola go itsege le mo dipampiring tsa dikgang ka Phalane a le lesome le botlhano ngwaga wa 2017, fa Alyssa Milano a dirisa Twitter go rotloetsa batho[59] go bua ka maiphitlhelo a bone mo go dirisiweng botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo, bare 'le nna'.[60] Pele letsholo le maikaelelo a lone e e ne e le go itsese batho fela, mme morago #MeToo e ne ya nna letsholo ka Phalane 2018, hashtag e e ne e dirisitswe didikadike di le lesome le boferabongwe[61]. Letsholo le, le tsosolositse matsholo a mangwe jaaka #HowIWillChange[62], ebile le dirile gore go nne le dikotlhao mo go ba ba tlodileng molao o.[61] Go tsibogela hashtag e, go ne ga diriwa hashtag ya #Himtoo, e e rayang letsholo la gore borre ba bewa molato o o a ba lebaganang.
#WomensMarch (Go gwanta ga basadi)
Ka kgwedi ya Firikgong e le masome a mabedi le bongwe ka ngwaga wa 2017, palo e e akanyeditsweng ya didikadike di le pedi le borataro ya batho, ba ne ba gwanta mo lefatsheng go tsibogela go tlhophiwa ga tautona o mošha wa kwa United States Donald Trump.[63] Mogwanto o o ne o rulagantswe mo maranyaneng a Facebook.[64] Mogwanto o jaanong o diragala ngwaga le ngwaga, maikaelelo a lone ke go tsibosa le go buelela ditshwanelo tsa setho ka go gwanta ga kagiso.[65]
Jaaka dihashtag tse dingwe, #WomensMarch e teng mo maranyaneng. Letsholo le le na le tsebe ya Facebook e e berekang, e tlhomamisitswe ka leina la Women's march, e dirilwe ka Ngwanatsele a le masome mabedi ngwaga wa 2016.[66] Ka Moranang a le malatsi a le mabedi ka ngwaga wa 2019, tsebe e e ne e ratilwe ke batho ba feta dikete de le makgolo a ferabobedi, mme e setswe morago ke ba le dikete di le makgol[67]o a ferabobedi le masome a matlhano.[66] Ntle le tsebe e e rurifaditsweng, go na le ditsebe tse dingwe mo mafelong a a farologaneng di akaretsa mme di sa felele ka Woman's march kwa Connecticut, Women's march kwa San Diego le Women's march kwa Milan.[68][69][70]Fa godimo ga Facebook, letsholo la Women's March le na le tsebe kwa Instagram e ka Moranang 2019, e nang le ba ba e salang morago ba le sedikadike se le sengwe, le bobedi.[71]
Tse di tswang mo mafatsheng a mangwe
[fetola | Fetola Motswedi]#EleNão (E seng ene)

Ka kgwedi ya Lwetse e le lesome le boferabongwe, ngwaga wa 2018, letsholo la Ele Não (Ele Não ke lefoko la puo ya sePotokisi, le le rayang "e seng ene"), le le itsegeng gape e le megwanto kgatlhanong le Jair Bolsonaro, e ne e le megwanto ya ditshupelo e e neng e eteletswe pele ke basadi, o o neng wa diragala kwa dikgaolong tsa lefatshe la Brazil le lefatshe ka bophara. Maikaelelo magolo a letsholo le e ne e le go gwanta kgatlhanong le Bolsonaro le letsholo la gagwe la go ipapaletsa botautona le dikitsiso tsa gagwe tsa go kgetholola basadi.[72][73][74][75]
#WhereisPengShuai (Peng Shuai o kae)
Morago ga go nyelela ga motshameki wa thenase Peng Shuai ka Ngwanatsele ngwaga wa 2021, hashtag ya #WhereisPengShuai e ne ya tlhagelela mo maranyaneng a Twitter,[76] ya dirisiwa ke batshameki ba tshwana le Serena Williams[77] le Naomi Osaka.[78]
#MahsaAmini
Go tlhokafala le go betswa ga ga Amini go ne ga baka tšhakgalo mo mafaratlhatlheng a maranyane a itloso bodutu. Hastag #MahsaAmini e ne ya nna nngwe ya dihashtag tse di dirisitsweng thata mo maranyaneng a Twitter a batho ba lefatshe la Persia. Palo ya dipego le go bega gape ga hashtag e ke didikadike di le masome a ferabobedi.[79][80] Basadi ba kwa Iran bangwe ba ne ba tsenya ditshwantsho tsa motshikhinyego mo maranyaneng tsa bone ba kgaola meriri ya bone go supa fa ba sa itumela.[81] Go ne ga begiwa ka Lwetse a le masome a mabedi le motso fa puso ya kwa Iran e thibetse tiriso ya maranyane a Instagram le Whatsapp, mme ba emisa tiriso ya maranyane kwa Kurdistan le dikgaolo tse dingwe tsa Iran ka maiteko a go didimatsa mokubukubu o.[82] Ka kgwedi ya Lwetse e le masome a mabedi le bone ka ngwaga wa 2022, hashtag ya #Mahsa_Amini le e e lekanang le yone kwa Persia e ne ya fetela seelo sa Twitter kwa godimo ka dipego di le didikadike di le masome a ferabobedi.[83][84]
#MosqueMeToo
Ka ngwaga wa 2018, kgwedi ya Tlhakole, letsholo la Mosque Me Too le ne la simolola, morago ga letsholo la Me Too le le neng la anama le lefatshe ka ngwaga wa 2017, kgwedi ya Phalane le dikgwedi tse di e salang morago. Basadi ba tumelo ya Muslim ba ne ba simolola go abelana maiphitlhelo a bone a go dirisiwa botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo kwa mafelo a kobamo a Muslim le kwa mafelong a a etelwang jaaka Hajj, Mecca le Saudi Arabia, ba dirisa hashtag ya #MosqueMe Too.[85][86][87]
Dikai tse dingwe
[fetola | Fetola Motswedi]Puisano ya ngwaga wa 2012 mo maranyaneng a Twitter gareng ga basadi ba ba berekang ka tsa metshameko, di bopagantswe mo hashtag #1reasonwhy, e ne ya supa fa go na le ditiro tsa go leswefatsa basadi ba ba dirisiwang mo metshemekong eo, go tshenngwa kwa tirong le go tlhoka go duelwa goa basadi go lekana le banna mo mohameng wa metshameko.[88][89][90]
Hashtag ya #NotYourAsianSidekick e ne ya simolodiwa ke Suey Park le Juliet Shen ka kgwedi ya morule ngwaga wa 2013 mo maranyaneng a Twitter.[91]. Suey Park ke mokwadi o o ikemetseng ka nosi o o itsegeng ka letsholo la Twitter la go emisa sethswantsho sa Colbert Show, fa Juliet Shen ene a ne a bua ka ditshwanelo tsa basadi ba ditso tsa Asian American. Ba simolotse hashtag e e le tsela ya go dira serala se go tla buiwang ka go sotlwa ga basadi le dikgang tse di lebaganeng basadi ba ditso tsa Asian American.[92] Mo dioureng di le masome a mabedi le bone, hashtag ya #NotYourAsianSidekick e ne e dirisitswe dikete di le masome a mane le botlhano.[93]
DeafTalent ke hashtag e e dirisiwang go supa bokgoni jwa batho ba ba senang kutlo kgotsa ba ba sa utlweng sentle. Pele ga hashtag e, mo mohameng wa bodiragatsi, badiragatsi ba ba utlwang ba ne ba dirisiwa go diragatsa fa go ka bong go diragatsa motho o o senang kutlo. Buka e e nang le dikitso tsotlhe ya Encyclopedia ya SAGE Deaf Studies e ne ya kwala jaana e re: "go tsibogela seemo se, di hashtag tsa maranyane tsa #DeafTalent le #POCDeafTalent di ne tsa dirwa. Di hashtag tse pele di ne di dirisiwa go supa bothata jwa go dirisa batho ba banang le kutlo le puo ya diatla mo maranyaneng, mme jaanong di dirisiwa go ipelela bonsti jwa badiragatsi, baopedi le ba bangwe mo lefatsheng [94]
Hashtag ya #Boymom, e tsene mo maranyaneng go supa maiphitlhelo a batsadi ba bana ba basimane a tlhakatlhakano. Maranyane a Instagram a supagala e le sone serala se hashtag ya #Boymom e dirisiwang teng thata ka dipalo tsa didikadike di le lesome le bobedi. #Girlmom e kwa tlase thata ka dipalo ka didikadike di le nne fela. Gompieno go nna dikakanyetso mo hashtag e. Batho ba nganga gore e dira tikologo e bana ba la retelelwang ke go bua bong jwa bone. Batho bangwe ba ya bokgala jwa go supa gore bana ba basimane ba ratiwa go feta ba basetsana.[95]
Bojanala bo bo feteletseng, ke kakanyo ya gore mafelo mangwe a a kgatlhang a etelwa ke dipalo tse dintsi tsa bajanala, se se baka ditlamorago tse di sa siamang mo mafelong ao, hashtag e e dirisitswe thata fa e sale ka ngwaga wa 2016, fa lefoko le le simolola morago ga gore kompone ya bojanala le dikgang tsa bojanala ya Skift e e dirise go supa bothata bo bo golelang pele jwa bojanala jo bo feteletseng, se se baka dipuisano tsa gore go ka tlhokomelwa bojanala jang gore go dirwe ka tsela e e lolameng.[96] Tshekatsheko ya maranyane a Twitter e supa fa mafaratlhatlha a #OverTourism a tshegeditswe ke palo e potlana ya baitseanape, ba ba nang le seabe se setona mo go emeleng, go anamisa, le go tsamaisa dikgang tsa setlhogo se.[97]
Go tsibosa
[fetola | Fetola Motswedi]Go tswa kwa United States
#Kony2012

Kony 2012 ke motshameko wa motshikhinyego o mokhutshwane o o dirilweng ke lekgotla la Invisble Children Inc (ba e leng bakwadi ba Invisible Children). E ntshitswe ka ngwaga wa 2012, Mopitlo a le malatsi a matlhano.[98][99][100][101]
Maikaelelo a setshwantsho khutswe se e ne e le go rotloetsa letsholo la lekgotla le le senang dipoelo le la go "emisa Kony", o e leng moeteledipele wa lekoko la tlolo molao ya ntwa Joseph Kony[102], gore le itsege gore a tle a tshwarelwe melato ya gagwe fa ngwaga wa 2012 o ya fifing,[103] fa letsholo leo le tla bo le ya bokhutlong. Setshwantsho se se aname ka tiriso ya hashtag #Kong2012.[104][105][106]
#WhyIStayed (Ke eng fa ke sa tsamaya)
Ka ngwaga wa 2014, pego ya dikgang ya setsaya dinepe sa tshireletso e ne ya supa motshameki wa kgwele ya dinao Ray Rice a keteka mokapelo wa gagwe ka mabole Janay Rice, se se ne sa tsosa mokubukubu wa gore ke eng fa batswasetlhabelo sa kgokgontsho ba nna mo maratong ao. Go tsibogela potso e, mokwadi ebile e le o a kileng a feta ka seemo sa kgokgontsho, Beverly Gooden o ne a simolola hashtag ya #WhyIStayed mo maranyaneng a Twitter e le maiteko a go fetola ka fa batho ba akanyang ka teng. Hashtag e ne ya simolola go anama mo lefatsheng ka kakaretso dioura di le tlhano fela e sena go diriwa, e dirisitswe diketse di le masome mane le borataro letsatsi leo.[107] Beverly o ne a tlhagelela mo setshwantshong sa NPR sa All Things Considered go bua ka bolweladitshwanelo jwa hashtag e.[108]
#FakeNews (Dikgang tse di seng boammaruri)

Fa dikgang tse di seng boammaruri kgotsa tse di rotloediwang ke polotiki, di se dišha, go phatlalala ga dikgang tse di seng boammaruri go simolotse go lemosega thata fa e sale ka ngwaga wa 2016, ka ditlhopho tsa kwa United States. Hashtag #FakeNews e ne ya tuma ka ngwaga wa 2016 fa Donald Trump a ne a supa fa dikgang tse di le kgatlhanong le ene e le ka ntlha ya dikgang tse di seng boammaruri. Fa e sale ka tshimologo ya hashtag e, go nnilele ke koketsego mo melaong ya go gasa dikgang tse di seng boammaruri se, se dirile gore di amane thata le sepolotiki ebile dikgang di tlhotlhiwe thata. Go nna teng ga maranyane go letleletse gore dikgang tse di seng boammaruri di aname ka pele go gaisa dikgang tsa gale le gale, se sa baka gore dikomponetsa maranyane di tlhotlhe dikgang tse di seng boammaruri.
Sekai sa #FakeNews se tswa mo maranyaneng a WTOF 5 a dikgang. Setlhogo se balega se re: "Mopapa Francis, o gakgamatsa lefatshe ka go ema Donald Trump nokeng mo go emeleng botautona".[109] Ka thuso ya maranyane a Facebook, tsebe e e ne ya itemogela batho ba ba e boneng ba ka nna dikete di le makgolo a ferabongwe le masome a marataro, se se dira gore e nne nngwe ya tse di etetsweng thata ka ngwaga wa 2016
#ProtectOurWinters (Somarelang mariga a rona)
SireletsA mariga a rona ke letsholo e bile ke lekgotla le le senang dipoelo le le simolotsweng ke Jeremy Jones[110] le batshameki ba bangwe ba metshameko ya paka ya mariga go tsibosa batho ka go thuthafala ga lefatshe le go fetoga ga seemo sa loapi. Letsholo le le simologile ka ngwaga wa 2016 e le go tsibogela gore e be e ne e le nngwe ya dingwaga tse di molelo thata.[110][111] Letsholo le le supa ditlamorago tsa go thuthafala ga lefatshe ka tse di amang metshameko ya mariga le go ya godimo ga phefo e e sa femiweng ke batho.[110][112] Sireletsa mariga a rona, e kopa batho go nna podi matseba ka ditlamorago tsa go thuthafala ga lefatshe le go tsaya kgato ka go ithaopa, go tlhopha le go abela lekgotla leo.
#FreeBritney (Gololang Britney)
ka kgwedi ya Moranang ngwaga wa 2019, puisano ya mo maranyaneng ya barati le balatedi ba ga Britney Spears, e e bidiwang Britney's Gram, e ne ya upolola dikakanyetso tsa ntlha tsa gore o a kgokgontshiwa mo tlhokomelong ya madi le dithoto tsa gagwe, mme ba dira hashtag ya #FreeBritney. Lefoko le ka bo lone le ne le kile la dirisiwa ke barati le balatedi ka ngwaga wa 2008.[113] Ga mmogo le go buelela go emisiwa ga go tlhokomelelwa madi le dithoto ga gagwe le go tlhotlhomisa, hashtag e le letsholo la yone di dirisitswe go tsibosa batho mo lefatsheng la United States ka kgokgontsho ya mofuta o.[114] Hashtag e e ne ya dira gore go nne le phetogo ya molao kwa California tebang le dikgato tsa molao mo tlhokomelong ya madi le dithoto tsa motho, mme ya rotloetsa gore go botsolosiwe ka molao o ke bantlokgolo ya puso.[115][116]
#PublishingPaidMe
E e dirilweng ka ngwaga wa 2020 ke L. L McKinney, hashtag e e dirisitswe ke bakwadi ba dibuka go buisana ka pharologanyo ya dituelo tse di amogelwang ke bagatisi ba dibuka fa ba gatisetsa batho bantsho le ba ba seng ba mmala o montsho.[117]
Tsa mafatshe a sele
[fetola | Fetola Motswedi]#BringBackOurGirls (Busang basetsana ba rona)

Lekoko la ditsuulodi la Boko Harama le ne la utswa ba basetsana ba sekolo ba le makgolo a mabedi kwa Chibok, Nigeria, ka ngwaga wa 2014, kgwedi ya Motsheganong, ba gana go busa basetsana bao.[118] Hashtag ya #BringbackOurGirls e ne ya dirwa ya bo ya dirisiwa ka tsholofelo ya gore kgang e e nne mo metsweding ya dikgang le go itsese ba mafatshe a sele ka yone.[119] hashtag e e dirisitswe pele ke mmueledi wa tsa pereko Ibrahim Adbullahi, mme e dirisitswe gape ke batho ba tshwana le mohumagadi wa ga tautona wa pele wa kwa United Sates Michelle Obama, o o e dirisitseng go tsibosa batho ka basetsana ba ba thapilweng ba.[120][121]Hashtag e ka bo yone e amogetse tiriso, makgetho a le didikadike di le pedi.[122]
#AmINext (A ke a latela)
Ka paka ya letlhafula ya ngwaga wa 2014, mosadi wa kwa Canada Holly Jarrett o ne a dira hashatg ya #AmiNext le letsholo go tsibosa batho batho ka go goga dinao ga puso ya lefatshe la Canad mo dipalong tse di golelenag pele tsa kgokgontsho ya basadi ba ko lefatsheng leo.[123] Letsholo le le akaretsa batho ba itsaya dinepe ba tshwere dipamphitshana di kwadilwe #AmiNext ba bo ba di tsenya mo aranyaneng a itloso bodutu. letsholo le le ne le diritswe go rotloetsa dipuisano ka go tlhoka go bonala le go nna bokoa ga basadi le go supa go tlhoka go tsiboga ga puso mo go tlhotlhomiseng dipolao le go nyelela ga bone.[124][125] Holly o ne a rotloetsega go dira hashtag e le letsholo la teng ka ntsalae Loretta Saunders wa kwa Labrador, a ne a nyelela mme morago a fitlhelwa a tlhokafetse mo thoko ga tsela kwa Canada. Morago ga letsholo le, puso e ne ya dira fa go kwalwang maina a ba ba nyeletseng teng, mme ya itsese batho ka dintlha di le masome a mararo tsa go itshireletsa ga bomme.[126]
#PrayForparis (Rapelela Paris)
Legare la Paris le ne la itemogela tlhaselo e eneng e sa solofelwa ya ditsuulodi, se sa baka maiteko a lefatshe ka bophara go tsibosa ka seemo se. ka nakao ya tiragaloe, ditsuulodi di ne di apare mabante a go ipolaya, mme tlhaselo e e neng ya diragala morago e ne ya makatsa batho. Ditsuulodi di ne di loga leano la go tsena mo lobaleng lwa metshameko le batho ba bangwe.[127] Le ntwa motho o a ne a kganelwa go tsena, se se ne se supa ka fa batho ba bayang matshelo a bone mo diphatseng ka teng ba baya le a ba bangwe mo kotsing. Morago ga tiragalo e, batho ba feta didikadike di le masome a supa ba ne ba simolola go bega dikgang tse mo maranyaneng ka go farologana gore di fitlhelele batho ba le bantsi.[128] Sekai, maranyane a Facebook a ne a letla badirisi ba one go fetola senepe sa bone go nna senepe se se lotsatsa sa folaga ya France go supa kemo nokeng ya bone mo batswasetlhabelong ba tiragalo e. Maranyane a Twitter le one a ne a dirisiwa. Le fa go ntse jalo, go na le go dirisa folaga e e lotsatsa mo Twitter, hashtag e ne ya dirwa go gatelela kemo nokeng. Hshtag e ya #PrayForparis, e ne e letla badirisi go anamisa kemo nokeng gore batho ba iste ka tiragalo ba bo ba kgone go tobetsa go itse go le gontsi ka yone. Le ntswa go dirisitswe maranyane, seabe sa batho ba ba botlana le sone se ne se bonala. Sekai, ngwana wa mosimane o ne a tshwantsha dikakanyo tsa gagwe mo pampiring, a tsenya le molaetsa o o reng: "Go thunya morago ga go thunya, modumo morago ga o mongwe, go tshameka ka matshelo a a senang molato."[129]
#flygskam
Flygskam ke lefoko la puo ya Swedish le le rayang go tlhabelwa ke ditlhong go tsamaya ka sefofane. ke leina la letsholo le le kgatlhanong le go fofa le le tswang kwa Sweden ngwaga o o fetileng, le le rotloetsang batho go emisa go tsamaya ka difofane go fokotsa phefo e e sa siamelang tikologo le loapi. kakanyo e e simolotse ka motshameki wa di olympics Bjorn Ferry mme ya anama morago ga gore mmagwe lekgarejwana la molweladitshwanelo Greta Thunberg, ebong seopedi sa moepelo wa opera Malena Ernman, a supe fa a tla a emisa go tsamaya ka difofane, batho ba ba itsegeng ba kwa Sweden ba simolola go sala morago. Thurnberg o ne a tsamaya ka terena gantsi fa a ne a le kwa Europe dibeke tse pedi.[130] Bolweladitshwanelo bo bo bone maduo a a tiileng kwa Sweden ka thekiso ya dithekete tsa difofane e ile tlase ka 4% fa e sale ka Firikgong ngwaga wa 2020 ka ntlha ya go nna le kitso ka phefo e e sa siamang e e bakiwang ke difofane.[131]
#CoronaVirus
#Coronavirus, #COVID-19 le #Covid_19 ke dingwe dihashtag di le mmalwa tse di buang ka bolwetsi jwa Coronavirus jwa 2019 bo bo semologileng kwa Wuhan kwa China.[132][133] Hashtag e e oketsegile ka lobelo lo lo gakgamatsang morago ga gore lekgotla la mafatshefatshe la tsa botsogo (WHO) le itsise setšhaba ka bolwetse bo ka kgwedi ya Mopitlo e le lesome le motso ngwaga wa 2020.[134] Fa go lebilwe tiriso ya Hashtag e mo maranyaneng a Twitter go tswa kwa Symplur, e supa kwelo tlase ya tiriso ya yone go tswa kwa diketeng di le masome a matlhano, makgolo a supa le masome a marataro le boraro ka kgwedi ya Moranang e le lesome le boraro go ya kwa go dikete di le masome a mararo le botlhano, makgolo a supa, masome a ferabongwe le botlhano ka letsatsi la lesome le boferabobedi la kgwedi eo.[135]
Maduo
[fetola | Fetola Motswedi]Bolwelwaditshwanelo go dirisiwa Hashtah, go supilwe ke ba ba kgatlhanong fa e le tsela ya go sa dire sepe se kalo mo ba go bitsa "slacktivism". DiHashtag, go rata, go anamisa le go dirisa gape, tshotlhe di bonwa ke baema kgatlhanong e e le kemo nokeng ya go ikgolola e e dirang diphetogo di se kae fela ebile di sa tlhoke seabe sepe.[136] Bo motlhofo jwa bolweladitshwanelo ka tiriso ya hashtag, go bakile matshwenyego a gore batho ba ka a dirisa phetelela mme ga lapisa setšhaba. Baema kgatlhanong ba supa fa go lwela ditshwanelo ka tiriso ya hashtag go dira gore batsaya karolo ba kgotsofalele go tshwenyega ga setšhaba go na le go tsaya kgato.[1] Go bo go dirwa motho a kgobile, go tlhaela lorato lo lo kileng lwa bo lo supiwa mo matsholong a metlha ya pele.[3]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 "#Feminism". Sage Knowledge. 2015. doi:10.4135/9781473945562. E nopotswe ka Seetebosigo a le malatsi a marataro ka 2025.
- 1 2 Humphreys, Ashlee (2016). Social media : enduring principles. Oxford. ISBN 978-0-19-932843-7. OCLC 908698924. E nopotswe ka Seetebosigo a le malatsi a matlhano ka 2025.
- 1 2 Mann, Alana (2017-12-22), "Hashtag activism and the right to food in Australia", Digital Food Activism, Routledge, pp. 168–184, doi:10.4324/9781315109930-9, ISBN 9781315109930, retrieved 2022-03-06. E nopotswe ka Seetebosigo a le malatsi a marataro ka 2025.
- ↑ "Spreading Feminism Online", Weibo Feminism, Bloomsbury Academic, 2022, doi:10.5040/9781350231528.ch-002, ISBN 978-1-3502-3152-8, S2CID 247044502, e nopotswe ka Seetebosigo a le malatsi a marataro ka 2025.
- ↑ Maples, Carol J. (2008). Giving voice: the use of interactive theatre as professional development in higher education to reduce alienation of marginalized groups (Thesis). University of Missouri Libraries. doi:10.32469/10355/5506. hdl:10355/5506.
- ↑ "New York Times 'Science Times' continues its focus on scientific publishing and open access". Physics Today. 2012-01-27. doi:10.1063/pt.4.0206. ISSN 1945-0699.
- ↑ Panko, Ben. "A Decade Ago, the Hashtag Reshaped the Internet". Smithsonian. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ Yang, Guobin (2016-08-11). "Narrative Agency in Hashtag Activism: The Case of #BlackLivesMatter". Media and Communication. 4 (4): 13–17. doi:10.17645/mac.v4i4.692. ISSN 2183-2439.
- ↑ Weedston, Lindsey (19 December 2014). "12 Hashtags That Changed the World in 2014". Yes!. Retrieved 11 June 2025.
- ↑ Knight Steele, Catherine (2021-07-04). "When the Black lives that matter are not our own: digital Black feminism and a dialectic of self and community". Feminist Media Studies. 21 (5): 860–863. doi:10.1080/14680777.2021.1949370. ISSN 1468-0777. S2CID 237206966.
- ↑ AJ Willingham (27 September 2017). "The #TakeAKnee protests have always been about race. Period". CNN. Retrieved June 11, 2025.
- ↑ Breuninger, Kevin (2018-05-23). "NFL bans on-field kneeling during the national anthem". cnbc.com. Retrieved 2025, June 11.
- ↑ Whitman, Walt; Noverr, Douglas A; Stacy, Jason (2014). Walt Whitman's selected journalism. University of Iowa Press. ISBN 978-1-60938-315-2.OCLC 891494733.
- ↑ "First white NFL player to kneel during national anthem explains his decision". CBSSports.com. 22 August 2017. Retrieved 2025-06-11.
- ↑ Fickling, David (April 2004). "Court rules girl can take sex-change therapy". The Lancet. 363 (9418): 1373. doi:10.1016/S0140-6736(04)16091-1. PMID 15114989. S2CID 36346904.
- ↑ Scott, David; Chanslor, Mike; Dixon, Jennifer (January 2010). "FAIR and the PBS NewsHour: Assessing Diversity and Elitism in News Sourcing". Communication Quarterly. 58 (3): 319–340. doi:10.1080/01463373.2010.503165. S2CID 144183820.
- 1 2 "Student starts #MyAsianAmericanStory in response to Bush remarks". Los Angeles Times. 2015-08-25. Retrieved 2025-06-11.
- ↑ France, Lisa Respers (26 August 2015). "#MyAsianAmericanStory starts after Jeb Bush comment". CNN. Retrieved 11 June 2025.
- ↑ "#MyAsianAmericanStory: The power of hashtags in the presidential race". Christian Science Monitor. 2015-08-26. ISSN 0882-7729. Retrieved 2025 June 11.
- ↑ Journal, Emily Jan, National (2015-08-31). "Asian-Americans Take on Bush's 'Anchor Babies' Comments". The Atlantic. Retrieved 2025 June 11
- ↑ "How The New York Times made the #thisis2016 video of Asian-Americans responding to racism". Storybench. 15 November 2016.
- ↑ "#thisis2016: Asian-Americans Respond". The New York Times. 13 October 2016.
- ↑ King, Hope (10 October 2016). "#Thisis2016 rallies Asian Americans against racist encounters".
- ↑ David, E. J. R. (15 October 2016). "An Open Letter To The 'New York Times' Who Told Brown Asians They Don't Matter". HuffPost.
- ↑ David, E. J. R. (15 October 2016). "An Open Letter To The 'New York Times' Who Told Brown Asians They Don't Matter". HuffPost.
- ↑ "#OscarsSoWhite controversy: What you need to know". USA TODAY. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ "Oscar nominees discuss diversity in Hollywood amid the #OscarsSoWhite backlash". Los Angeles Times. 25 February 2016. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ "#OscarsSoWhite Is Still Relevant This Year". Vanity Fair. 2 March 2018. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Barnes, Brooks (2017-06-28). "Oscars Voting Pool Expands, With Female and Minority Membership Expected to Rise". The New York Times. ISSN 0362-4331. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Schulman, Michael (2018-01-23). "Is the Era of #OscarsSoWhite Over?". The New Yorker. ISSN 0028-792X. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ "How 'Wrinkle in Time' director Ava DuVernay is breaking down walls in Hollywood". PBS NewsHour. 2018-03-09. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Williams, Sherri (2016-09-02). "#SayHerName: using digital activism to document violence against black women". Feminist Media Studies. 16 (5): 922–925. doi:10.1080/14680777.2016.1213574. ISSN 1468-0777. S2CID 261700433.
- ↑ Borda, Jennifer L.; Marshall, Bailey (2020-04-02). "Creating a space to #SayHerName: Rhetorical stratification in the networked sphere". Quarterly Journal of Speech. 106 (2): 133–155. doi:10.1080/00335630.2020.1744182. ISSN 0033-5630. S2CID 216278507.
- ↑ Medina, Jennifer (May 27, 2014). "Campus Killings Set Off Anguished Conversation About the Treatment of Women". The New York Times. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Zimmerman, Jess (2014-04-28). "Not All Men Meme Rise of Defense Against Sexism Misogyny". Time. Retrieved 12 June 2025
- ↑ Bridges, Jeff (2014-06-02). "#NotAllMen Don't Get It". Time. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Plait, Phil (2014-05-27). "Not all men: How discussing women's issues gets derailed". Slate.com. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ "Your Guide to 'Not All Men,' the Best Meme on the Internet". jezebel.com. 8 May 2014. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Vendituoli, Monica (2014-05-28). "#NotAllMen, but #YesAllWomen: Campus Tragedy Spurs Debate on Sexual Violence - Students - The Chronicle of Higher Education". Chronicle.com. Retrieved 12 June 2025
- ↑ Pachal, Pete (26 May 2014). "How the #YesAllWomen Hashtag Began". Mashable. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Valenti, Jessica (28 May 2014). "#YesAllWomen reveals the constant barrage of sexism that women face". The Guardian. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ "#YesAllWomen Puts Spotlight On Misogyny". NPR. 28 May 2014.
- ↑ Grinberg, Emanuella (27 May 2014). "Why #YesAllWomen took off on Twitter". CNN Living. CNN. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Pearce, Matt (25 May 2014). "#YesAllWomen: Isla Vista attack puts a spotlight on gender violence". Los Angeles Times. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ O'Neill, Kate (June 6, 2014). "Hashtag activism offers chance to take a stand". The Tennessean. Retrieved12 June 2025.
- ↑ West, Lindy (2015-09-22). "I set up #ShoutYourAbortion because I am not sorry, and I will not whisper". The Guardian. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Lewin, Tamar (2015-10-01). "#ShoutYourAbortion Gets Angry Shouts Back". The New York Times. ISSN 0362-4331. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Norris, Alison, et al. "Abortion Stigma: A Reconceptualization of Constituents, Causes, and Consequences". Women's Health Issues 21.3, Supplement (2011): S49-54. Web.
- ↑ Pearson, Michael (29 September 2015). "Women embrace, criticize #ShoutYourAbortion". CNN. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Buchanan, Rose (22 September 2015). "Tens of thousands of women share their abortion experiences in global attempt to end stigma". The Independent. Archived from the original on 2022-05-09. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Wilmer, Henry (22 September 2015). "The women 'shouting' their abortions". BBC. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Bowden, George (22 September 2015). "Planned Parenthood's #ShoutYourAbortion Sees Women Take To Social Media To Help Save Funding". Huffington Post. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Roy, Aditi (23 October 2015). "How the #ShoutYourAbortion Hashtag Started and Sparked a New Movement". ABC News. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Lien, Tracey (4 August 2015). "Think you know what an engineer looks like? #ilooklikeanengineer says think again". Los Angeles Times. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Anchalee, Isis (2016-08-03). "#iLookLikeAnEngineer: One Year Later – Startup Grind". Medium. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ MacDonald, Fiona. "The Best Tweets From the #ILookLikeAnEngineer Hashtag". ScienceAlert. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Carmody-McIntosh, Karen (2018-02-07). "Me Too: Hashtag and Social Movement". continuum | University of Minnesota Libraries. Retrieved 12 June 2025
- ↑ "#Me Too - What Next?". NWLC. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ 1 year since Alyssa Milano's first #MeToo tweet: Have things actually changed for women?". irishexaminer.com. 2018-10-15. Archived from the original on 2019-03-06. Retrieved 12 June 2025
- ↑ "The Facts Behind the #metoo Movement". Raliance. Retrieved 12 June 2025.
- 1 2 "The #MeToo hashtag has been used roughly 19 million times on Twitter in the past year, and usage often surges around news events". Pew Research Center. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ PettyJohn, Morgan E.; Muzzey, Finneran K.; Maas, Megan K.; McCauley, Heather L. (October 2019). "#HowIWillChange: Engaging men and boys in the #MeToo movement". Psychology of Men & Masculinity. 20 (4): 612–622. doi:10.1037/men0000186. S2CID 149743156.
- ↑ "At 2.6 million strong, Women's Marches crush expectations". USA TODAY. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ "Women's March". HISTORY. 5 January 2018. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ "2019 Agenda". Women's March. Archived from the original on 2019-04-01. Retrieved 12 June 2025.
- 1 2 "Women's March". facebook.com. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ "Women's March - Milan". facebook.com. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ "Women's March CT - We March On". facebook.com. Retrieved 11 June 2025.
- ↑ "Women's March San Diego". facebook.com. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ "Women's March - Milan". facebook.com. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ "Women's March (@womensmarch) • Instagram photos and videos". instagram.com. Retrieved 11 June 2025.
- ↑ "Mulheres lideram multidão contra Bolsonaro em São Paulo, Rio e Recife". El País (in Brazilian Portuguese). September 30, 2018.
- ↑ "15 imagens que resumem os atos a favor e contra Jair Bolsonaro pelo Brasil". Exame (in Brazilian Portuguese). September 30, 2018. Archived from the original on March 28, 2019. Retrieved 12 June 2025
- ↑ "Um protesto histórico, menos na tevê". Revista Piauí (in Brazilian Portuguese). 30 September 2018.
- ↑ "Mulheres quebram o jejum das ruas no Brasil com manifestações contra Bolsonaro". El País (in Brazilian Portuguese). 2018-09-30.
- ↑ "Women This Week: #WhereIsPengShuai". Council on Foreign Relations. Retrieved 12 June 2025
- ↑ "Serena Williams latest tennis great to ask: Where is Peng Shuai?". NBC News. 19 November 2021. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Smith, Alexander (2021-11-18). "Naomi Osaka joins calls for answers after Chinese tennis star's sexual assault allegations". CNBC. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ "Fury grows in Iran over woman who died after hijab arrest". Reuters. 18 September 2022. Archived from the original on 19 September 2022. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ "هشتگ مهسا امینی ترند جهانی شد – DW – ۱۴۰۱/۶/۲۷" (in Persian). Deutsche Welle. Archived from the original on 19 September 2022. Retrieved 12 June 2025
- ↑ "Iran women cut their hair to protest against death of 22-year-old woman in custody". Indian Express Limited. 19 September 2022. Archived from the original on 19 September 2022. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ "As unrest grows, Iran restricts access to Instagram, WhatsApp". Reuters. 21 September 2022. Archived from the original on 24 September 2022. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ "Hashtag Against Death Of Hijab Victim Breaks Historic Record". Iran International. 23 September 2022. Archived from the original on 24 September 2022. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Serjoie, Kay Armin (24 September 2022). "The Protests in Iran Have Shaken the Islamic Republic to Its Core". Time.
- ↑ "Muslim Women Are Speaking Out About Abuse". Time. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ "#MosqueMeToo: Women share experiences of sexual harassment inside religious places". The Times of India. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Eltahawy, Mona (2018-02-15). "Opinion | #MosqueMeToo: What happened when I was sexually assaulted during the hajj". Washington Post. ISSN 0190-8286. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Locker, Melissa (27 November 2012). "#1ReasonWhy: Women Take to Twitter to Talk about Sexism in Video Game Industry". Time. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Plunkett, Luke (27 November 2012). "Here's a Devastating Account of the Crap Women in the Games Business Have to Deal With. In 2012". Kotaku. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Hamilton, Mary (28 November 2012). "#1reasonwhy: the hashtag that exposed games industry sexism". The Guardian. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ Gupta, Arun (September 14, 2014). "Bitcoin Activism: How Michelle Malkin And Suey Park Found Common Cause In Hashtag Movements". The Huffington Post.
- ↑ Kim, Yoonj (December 17, 2013). "#NotYourAsianSidekick is a civil rights movement for Asian American women". The Guardian.
- ↑ Hirst, Michael (December 16, 2013). "#BBCtrending: #NotYourAsianSidekick goes global". The Guardian.
- ↑ Giordano, Tyrone (2016). "Actors". In Gertz, Genie; Boudreault, Patrick (eds.). The SAGE Deaf Studies Encyclopedia. SAGE Publications. p. 8. ISBN 978-1-4522-5956-7.
- ↑ "The #boymom problem". 8 January 2018
- ↑ Ali, Rafat (2018-08-14). "The Genesis of Overtourism: Why We Came Up With the Term and What's Happened Since". skift.com. Skift. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ O'Regan, Michael; Choe, Jaeyeon (15 March 2022). "#overtourism on Twitter: a social movement for change or an echo chamber?". Current Issues in Tourism. 26 (7): 1082–1095. doi:10.1080/13683500.2022.2047161.
- ↑ "News Hour – Trending Now: Kony 2012". Global TV. March 6, 2012. Archived from the original on 9 March 2012. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ Lees, Philippa; Zavan, Martin (March 7, 2012). "Kony 2012 sheds light on Uganda conflict". Ninemsn. Retrieved 13 June 2025
- ↑ "Jackson Center To Show KONY2012". The Post-Journal. February 14, 2012. Archived from the original on 16 May 2013. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ "Uganda rebel Joseph Kony target of viral campaign video". BBC News. March 8, 2012.
- ↑ "Joseph Kony - child kidnapper, warlord, 'prophet'". 2018-07-27. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ Myers, Julia (March 7, 2012). "A call for justice". Kentucky Kernel. Archived from the original on 13 June 2025.
- ↑ Neylon, Stephanie (March 7, 2012). "Kony fever hits York!". The Yorker. Archived from the original on 8 March 2012. Retrieved 713 June 2025
- ↑ Molloy, Mark (March 7, 2012). "Kony 2012: Campaign Shedding light on Uganda Conflict a Huge Online Success". Metro. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ Nelson, Sara C. (March 7, 2012). "Kony 2012: Invisible Children Documentary Sheds Light On Uganda Conflict". Huffington Post. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ "#WhyIStayed: Powerful stories of domestic violence". usatoday.com. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ "Hashtag Activism In 2014: Tweeting 'Why I Stayed' : NPR". npr.org. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ CNBC.com, Hannah Ritchie, Special to (2016-12-30). "Read all about it: The biggest fake news stories of 2016". CNBC. Retrieved 13 June 2025.
- 1 2 3 "About Us". POW. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ Studies, NASA's Goddard Institute for Space (18 January 2017). "NASA, NOAA data show 2016 warmest year on record globally". Climate Change: Vital Signs of the Planet. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ Arvesen, Amelia (24 February 2018). "New climate change report from Protect Our Winters". SNEWS. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ "Britney Spears's Conservatorship Nightmare". The New Yorker. 2021-07-03. Retrieved 12 June 2025
- ↑ "FreeBritney.army". FreeBritney.army. Archived from the original on 2021-07-09. Retrieved 12 June 2025.
- ↑ Colliver, Victoria (30 September 2021). "Newsom signs #FreeBritney bill to help reform conservatorship laws". Politico PRO. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ "Experts to senators: Free Britney ... and other people in toxic conservatorships". Roll Call. 2021-09-28. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ "#PublishingPaidMe: Authors Share Their Advances To Expose Racial Disparities". NPR.org. Retrieved 13 June 2025
- ↑ "Boko Haram offers to swap kidnapped Nigerian girls for prisoners". Reuters. 2014-05-12. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ ""Hashtag Activism" and the case of the kidnapped Nigerian girls". Silicon Beat. 2014-05-12. Archived from the original on 2014-05-13. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ "Hashtag Wars: Who's Behind the Nigeria #BringBackOurGirls Movement". NBC News. 8 May 2014.
- ↑ McVeigh, Tracy (2014-05-11). "Michelle Obama raises pressure over kidnapped schoolgirls". The Guardian. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ "George Will: Hashtag Activism "Not Intended To Have Any Effect On The Real World"". Real Clear Politics. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ "#AmINext: Aboriginal women's message to Stephen Harper". The Globe and Mail. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ Burman, Jenny (28 April 2016). "Multicultural Feeling, Feminist Rage, Indigenous Refusal". Cultural Studies ↔ Critical Methodologies. 16 (4): 361–372. doi:10.1177/1532708616638693. S2CID 147901131.
- ↑ "Why Holly Jarrett started Am I Next". CBC News. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ "#AmINext aims to raise awareness about murdered aboriginal women". CBC News. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ "Paris attacks: What happened on the night". BBC News. 2015-12-09. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ "70 Million People Shared Their Prayers for Paris on Instagram". Time. Retrieved 13 June 2025
- ↑ Evans, Natalie (2015-11-17). "Schoolboy's heartbreaking tribute to victims of Paris terror attacks". mirror. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ Coffey, Helen (10 January 2020). "Flygskam: What Is The Flight-Shaming Environmental Movement That's Sweeping Europe?". independent.co.uk. The Independent. Archived from the original on 2022-05-09. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ "Sweden sees rare fall in air passengers, as flight-shaming takes off". BBC News. 10 January 2020. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ "Coronavirus Disease (COVID-19) - events as they happen". who.int. 17 March 2020. Retrieved 13 June 2025
- ↑ Jen Christensen; Meera Senthilingam (20 January 2020). "Coronavirus: Should you be worried?". CNN. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ "WHO Director-General's opening remarks at the media briefing on COVID-19 - 11 March 2020". who.int. Retrieved 13 June 2025
- ↑ "#Coronavirus - Healthcare Social Media Analytics and Transcripts". Symplur. 2014-07-29. Retrieved 13 June 2025.
- ↑ Cabrera, Nolan L.; Matias, Cheryl E.; Montoya, Roberto (December 2017). "Activism or slacktivism? The potential and pitfalls of social media in contemporary student activism". Journal of Diversity in Higher Education. 10 (4): 400–415. doi:10.1037/dhe0000061. ISSN 1938-8934. S2CID 151362391.