Jump to content

Bona Mugabe

Go tswa ko Wikipedia
Bona Mugabe
TsaloMoranang a le lesome le borobaobedi nwgaga wa 1988
ThutoDominican Convent High School
Alma materCity University of Hong Kong (MBA) Management Development Institute of Singapore (MSc)
MosadiSimba Chikore
BanaBa le bararo
Batsadi(s)Robert Mugabe Grace Marufu Mugabe
MasikaRobert Mugabe Jr.

Nyepudzayi Bona Mugabe (o o tshotsweng ka Moranang a le lesome le borobabobedi ngwaga wa 1988) ke mogwebi wa kwa Zimbabwe. Ke morwadie tautona wa pele wa Zimbabwe Robert Mugabe le Grace Mugabe, ba ba nang gape le bana ba basimane ba le babbedi (Chatunga le Robert Jr.)[1] O reeletswe ka mmaagwe Robert Mugabe.[2]

Bona Mugabe o tsene sekolo se sebotlana le se segolwane sa Dominican Convent kwa Harare, Zimbabwe.[3]

Ka 2008, Bona Mugabe o ne a busediwa gae a tswa Australia fa a tsena sekolo teng, a na le bana ba bangwe ba matona puso ya ga Mugabe ba le supa.Puso ya Australia e ne e re ga e batle bana ba batho ba ba tsuololang ditshwanelo tsa setho kwa Zimbabwe go ithuta mo ngwana o mongwe wa Zimbabwe a sa kgoneng go go bona.[4][5] O ne a amogelwa ka dikgakolo tsa 2008 ka leina le eseng la gagwe kwa City University kwa Hong Kong, le ntswa dipego tsa pele di ne di re o amogetswe kwa University of Hong Kong.[5][6][7] Go nna kwa Hong Kong ga gagwe go ne ga lemogiwa ke babegadikgang fa mmaagwe, Grace Mugabe a sena go betsa mmegadikgang wa Britain, Richard Jones, go bo a ne a mo tsaya dinepe fa a le kwa mabentleng kwa Tsim Sha Tsui ka Firkgong 2009.[6] Pego e e ne ya gwetlha leloko la khansele ya hong kong Emily Lau Wai-hing go kopa tshekatsheko ya tshwetso ya go amogela Bona Mugabe.[6]

Dikgang tsa gore Bona Mugabe o tsena sekolo kwa Hong Kong di gorogile kwa Zimbabwe ka nako e madi a thuto a neng a okediwa, go fetolelwa ledi kwa go la dolara, le go itsisiwe ga koketso ya madi a ditlhatlhobo go ya kwa go $400.[6][8] Megwanto e ne ya simolola kwa University of Zimbabwe ka Tlhakole a simologa, mo dibekeng tse di latelang, mapodisi a ne a dirisa gase e e putsaputsang dikeledi go leka go ba emisa go goroga kwa Harare kwa tlase. Kwa phelelong, baithuti ba ka nna masome a marataro ba ne ba tshwarwa.[8] Mokgatlho wa baithuti ba Zimbabwe o ne wa isa kopo kwa ofising ya kemedi ya China kwa Harare ba ba kopa go bsuetsa Bona Mugabe gae gore a patelesege go tsena sekolo kwa gae. Mokgatlho o o ne wa kopa gape gore sekolos e mo kobe le fa puso e ka se mmuse.[9]

Ka Tlhakole a le lesome le bosupa, sekolo se segolwane sa hong Kong University se ne sa ikgaoganya le mekubukubu e, se latosa pego ya gore ke moithuti koo. Pego ya sekolo e ne e re "ga re na moithuti wa leina la Bona Mugabe mo lenaaneng la roba, ebile ga re na moithuti wa mosetsana o o tsang Zimbabwe o o mo lenaneong la rona kgotsa a le dingwaga di le masome mabedi.[10] Dipego tse di salang morago di ne tsa supa fa ka nnete Bona a tsena sekolo ko City University of Hong Kong,[11] e supa fa a ne a kgotsofatsa tse di neng di tlhokega, le gore kamogelo ya gagwe ga e a rotloediwa ke botsadi jwa gagwe. Ka ntlha ya se se neng se direga, lolwapa lwa gagwe lo ne lwa thapa mongwe wa matona a puso a pele go mo kata le go mo sireletsa fa a le kwa Hong Kong.[12]

Ka 2009, ba ba disang Bona Mugabe ba ne ba lebisiwa molato wa go betsa babegadikgang gaufi le lolwapa lwa ga Bona Mugabe kwa Hong Kong, mme ba ne ba seka ba lebisiwa molato ope.[13][14] Ka 2011, Bona Mugabe o ne a aloga ka honours degree ya matlotlo le tsamaiso.[3] Rraagwe o ne a nna teng kwa moletlong wa kaloso ka Ngwanatsele fa a le mo tseleng go ya dipuisanong le lefatshe la Beijing, o ne a galaletsa puso ya Hong Kong go bo e mo sireleditse mo babegadikgang ba Britain.[14] O ne a aloga gape ka master's degree ya madi le dibanka go tswa kwa Management Development Institute of Singapore.[3]

Tsa Pereko

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Mopitlo 2015, fa mmaagwe a lwala, Bona Mugabe e ne e le bontlha jwa setlhopha sa Zimbabwe mo loetong lwa Japan, o ne a nna go bapa le rraagwe mo bokopanong le tonakgolo wa Japan Shinzo Abe. Go nna teng ga gagwe go ne ga kgalwa ke Movement for Democratic Change - Tsvangirai, phathi e tona ya kganetso ya kwa Zimbabwe.[3]

Ka Motsheganong 2017, o ne a thapiwa go nna leloko la lekgotla la ba ba dirang palo batho,[15] le lekgotla la banka ya Empower e e neng e eteletswe pele ke lekgotla la itsholelo la Zimbabwe.[16]

Ka Morule 2017, pampiri ya dikgang ya Daily Telegagraph e ne ya bega fa Bona Mugabe a thapile baagi ba China go mo agela ntlo ya matlotlo mo lefatsheng la puso le le neng le seegwetswe kwa thoko go aga sekolo ke khansele ya toropo ya Harare.[17]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 2014, Bona Mugabe o ne a nyalwa ke Simba Chikore, a thapiwa go nna mookamedi wa Air Zimbabwe.[18][19] Lonyalo lo nnetse kwa lolwapeng lwa ga rraagwe kwa Harare, lo lopile didikadike di le nne tsa madi a US$.[3] Ka Moranang 2016, bobedi joo ba ne ba nna le ngwana wa ntlha, wa mosimane a bidiwa Simbanashe Chikore, kwa sepateleng sa Singapore. Simbanashe Chikore ke ngwana wa ngwana wa ntlha wa ga Robert Mugabe.[20] Morago ga dingwaga di robabongwe tsa lonyalo, Bona Mugabe o ne a tlhala Chikore ka Mopitlo 2023.[21]

Chikore o ne a ithola marapo kwa Air Zimbabwe morago ga thankgolo puso ya 2017.[22] Go ya ka Zimbabwean Independent, Bona Mugabe, monna wa gagwe, le ngwana wa bone, ba ne ba ya Malaysia morago ga go ithola marapo ga ga rraagwe, le gore o ne a solofetse ngwana wa bobedi.[23]

Ka Seetebosigo a le malatsi a supa ngwaga wa 2018, mapodisi a Zimbabwe a ne a tshwara Chikore ka ba re o ne a tsere motho ka dikgoka, morago ga gore go begiwe gore o lotleletse mmueledi wa Air Zimbabwe Bertha Zakeyo mo ofising ya gagwe a re o rekisa dintlha tse di sephiri tsa difofane tseo, a di rekisetsa ditlhopha tsa pereko.[24] O lebisitswe melato ya go tshwara babereki makgwakgwa le go fitlha dintlha tse di tsamaelanang le sefofane se se neng se tswa Malaysia sa bewa fatshe se sa tsamae ka ntlha ya bothata jwa setegeniki.[25] Ka Seetebosigo 2021, makaseterata wa Harare o ne a tsholola melato ya ga Simba Chikore.[26]

Fa Bona Mugabe a ne a tlhala monna wa gagwe Simba Mutsahuni Chikore ka Mopitlo 2023, dipampiri tsa kgotlatshekelo tsa tlhalo di ne di supa fa a na le mafelo a bonno a le masome mabedi le botlhano, a akaretsa ya matlotlo kwa Dubai, e e lopang didikadike di le masome a robabobedi.[27]

  1. "Grace Mugabe brags about 'virgin' daughter Bona". News24. Archived from the original on 14 October 2013. Retrieved 29 october 2025
  2. Post, Jerrold M. (24 November 2011). Narcissism and Politics: Dreams of Glory. Cambridge University Press. p. 91. ISBN 9781107008724.
  3. 1 2 3 4 5 Keating, Fiona (21 March 2015). "Zimbabwe's next leader: Who is Bona Mugabe-Chikore, Robert Mugabe's possible successor?". International Business Times UK. Retrieved 29 October 2025
  4. Mashaya, Blessings (12 August 2017). "I helped Bona Mugabe: Mutsvangwa". Daily News. Retrieved 29 October 2025
  5. 1 2 Parry, Simon (26 January 2009). "Zimbabwe President Robert Mugabe's daughter Bona studying in Hong Kong". The Daily Telegraph. Retrieved 29 October 2025
  6. 1 2 3 4 Parry, Simon (15 February 2009). "Zimbabwean students' union urges HK to deport Bona Mugabe". South China Morning Post. Retrieved 29 October 2025
  7. Fraser, Niall (16 November 2017). "The Mugabes and their controversial Hong Kong connection". South China Morning Post. Retrieved 29 October 2025
  8. 1 2 Sithole, Chipo (22 February 2017). "Mugabe's daughter in eye of student storm". Mail & Guardian. Retrieved 29 October 2025
  9. Parry, Simon (15 February 2009). "Zimbabwean students' union urges HK to deport Bona Mugabe". South China Morning Post. Retrieved 29 October 2025
  10. "Mugabe's Bona at HK varsity?". News24. 17 February 2009. Retrieved 29 October 2025
  11. "非 洲 獨 裁 者 女 兒 是 城 大 生 港 大 擺 烏 龍 澄 清 無 此 人". Hong Kong Apple Daily. Archived from the original on 19 February 2009. Retrieved 29 October 2025
  12. "Miss Mugabe in HK?". iafrica.com. 17 February 2009. Archived from the original on 19 August 2009. Retrieved 29 October 2025
  13. "Mugabe daughter's bodyguards face prosecution". The Sydney Morning Herald. Deutsche Presse-Agentur. 18 May 2009. Retrieved 29 October 2025
  14. 1 2 "Mugabe thanks HK for 'protection'". BBC News. 16 November 2017. Retrieved 29 October 2025
  15. Dube, Gibbs (24 May 2017). "Mugabe's Daughter Bona Appointed Member of Censorship Board". VOA. Retrieved 29 October 2025
  16. Kuwaza, Kudzai; Ndebele, Hazel (26 May 2017). "Bona gets another top post - The Zimbabwe Independent". The Zimbabwe Independent. Retrieved 29 October 2025
  17. Thornycroft, Peta (2 December 2017). "Robert Mugabe's daughter used state land intended for a school for her elaborate, Chinese-built mansion". The Telegraph. ISSN 0307-1235. Retrieved 29 October 2025
  18. "Bona Mugabe husband's plum Air Zimbabwe job saga deepens". The Standard (Zimbabwe). 9 October 2016.
  19. Mambo, Elias (24 March 2017). "Mugabe son-in-law riles security chiefs". The Independent. Retrieved 29 October 2025
  20. Maramba, Gandri (23 May 2016). "Mugabe Urged to Step Down to Groom Newly-Born Grandson". VOA Zimbabwe. Retrieved 29 October 2025
  21. "Robert Mugabe's daughter files for divorce after nine years of marriage". TimesLIVE. Retrieved 29 October 2025
  22. Njisiri, Gift (19 November 2017). "Bona Mugabe's husband quits AirZim". The Standard. Retrieved 29 October 2025
  23. Mpofu, Bernard (1 December 2017). "Mugabe's family in disarray after ouster". The Zimbabwe Independent. Retrieved 29 October 2025
  24. "Mugabe's son-in-law in custody". Daily Nation. Retrieved 29 October 2025
  25. comments, Fungi Kwaramba • 8 June 2018 3:00PM • 3. "Mugabe's son-in-law in kidnapping storm". DailyNews Live. Retrieved 29 October 2025
  26. "Court frees Simba Chikore – DailyNews". dailynews.co.zw. Retrieved 29 October 2025
  27. "Bona Mugabe owns Dubai mansion, Zimbabwe court papers allege". 3 May 2023.