Bone jwa kwa Cradock

Bone jwa kwa Cradock e ne e le setlhopha sa balweladitshwanelo ba le bane ba ba neng ba le kgatlhanong le puso ya tlhaolele ba ba neng ba tshwarwa ba bo ba bolawa ke sepodisi sa tshireletso sa Aforika Borwa ka Seetebosigo ngwaga wa 1985, ba bidiwa jalo ka botlhe ba ne ba tswa kwa toropong ya Cradock kwa Aforika Borwa Puso ya Aforika Borwa ya tlhaolele e ne ya latola gore ba laotse dipolao tseo, mme tokomane e e neng ya tlhagelela mo dipampiring tsa dikgang morago ga dingwaga e ne ya baka go rolwa tiro ga mapodisi a le mmalwa. Mo dipatlisisong tsa bobedi, moatlhodi o ne a atlhola gore makgotla a tshireletso ke one a bakileng se, mme a seka a bitsa ope ka leina.
Ka Seetebosigo a le masome mabedi le bosupa ngwaga wa 1985, Matthew Goniwe, Fort Calata, Sparrow Mkhonto le Sicelo Mhlauli ba ne ba tshwerwe ke ba tshireletso kwa ntle ga Gqeberha. Goniwe le Calata go ne go belaesega ba le mo lenaneong la sephiri la sepodisi la batho ba ba tshwanetseng go bolaelwa go tsaya karolo mo megwantong kgatlhanong le puso ya tlhaolele kwa kgaolong ya Cradock. Sepodisi sa Aforika Borwa se ne sa ba bolaya sa bo sa tshuba mebele ya bone.[1]
Ka matshelo a bone
[fetola | Fetola Motswedi]Matthew Goniwe e ne e le morutabana ebile e le moeteledipele o a neng a tumile wa setšhaba le morulaganyi kwa Cradock. Goniwe o ne a tshwarwa ka Seetebosigo ngwaga wa 1976 kwa Mthatha a tlhatlhelwa dingwaga di le nne ka molao wa go thibela kgwebo ya setšhaba, go bo a nnile bontlha jwa setlhopha se se neng se bala ka molao wa Marx. O ne a boela Cradock ka ngwaga wa 1981 a nna morutabana kwa sekolong se segolwane sa Sam Xhalile ka ngwaga wa 1983. O ne a na le seabe gape mo go tlhamiwenng ga mokgatlho wa banni ba Cradock wa CRADORA le wa bašha wa CRADOYA ka ngwaga wa 1983. Mekgatlho e, e ne ya kgona go dira gore puso ya tlhaolele e fokotse madi a phiriso ya matlo kwa Cradock ka Motsheganong ngwaga wa 1983. Goniwe e ne gape e le morulaganyi wa United Democratic Front (UDF) a lebagane le go tlhama dikomiti tsa tsela tse di neng di bidiwa G-Plan kwa Cradock, Adelaide, Kirkwood, Noupoort le Kenton-on-Sea.[2]
Fort Calata e ne e le morutabana kwa Sam Challie, ebile e le tsala ya ga Goniwe ya sepolotiki. Ka Phalane ngwaga wa 1980, o ne a tshwarwa kwa Dimbaza dibeke di le tharo, ka a ne a kwaletse mmasepala lokwalo a ba bolelela ka ditsela tse di leswe le tsamaiso ya go ithomela mo di emereng e e sa siamelang botsogo. Morago o ne a fudusediwa kwa Cradock kwa ene le Goniwe ba neng ba tlhama CRADORA le CRADOYA ka ngwaga wa 1983. Calata gape e ne e le leloko le le matlhagatlhaga la United Democratic Front.[3]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Unveiling the mystery of the Cradock Four: 25 years later". South African History Archives. Retrieved 25 August 2025.
- ↑ "Matthew Goniwe". South African History Online. Retrieved 25 August 2025.
- ↑ "Fort Calata". South African History Online. Retrieved 26 August 2025