Bonewamang Padi Sechele
Bonewamang Padi Sechele | |
|---|---|
| Tsalo | 1926 |
| Leso | 1978 (a le dingwaga di le masome matlhano le motso kgotsa bobedi.) |
| Title | Mogogi wa ditso tsa Bakwena |
| Term | 1970 go tsena 1978 |
| Predecessor | Neale Sechele |
| Successor | Mack Sechele |
| Bana | Kgari Sechele III |
| Batsadi(s) |
|
Bonewamang Padi Sechele (1926 - 1978) e ne e le mogogi wa ditso tsa Aforika wa morafe wa Bakwena go tswa ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe, masome a supa (1970) go fitlhelela a tlhokafala ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe, masome a supa le borobabobedi (1978). O tlhomilwe ke puso go emela kgosi morago ga go ithola marapo ga ga Neale Sechele.
Botshelo Jwa Pele
[fetola | Fetola Motswedi]Bonewamang Padi Sechele o tshotswe ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe, masome a mabedi le borataro (1926), a tsholwa ke Padi, o o tlhokafetse ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe, masome a mabedi le borobabongwe (1929). Bonewamang e ne e le ngwana wa ngwana wa ga kgosi Sechele II wa Bakwena. Bonewamang o tsene sekolo sa Tiger Kloof Educational institute, mme o ne a seka a dira sentle mo go tsa thuto.[1] O ne a le dingwaga di kwa tlase fa malomaagwe ebong Kgosi Sebele II a ne a tlosiwa mo setilong a sena mojaboswa ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe, masome a mararo le motso(1931), ka jalo o ne a sa bonwe a ka mo tlhatlhama, mme Kgari Sechele II a nna kgosi.[2][3] Fa Kgari a ne a supa fa a batla go ithola marapo, o ne a supa fa a eletse go tlhatlhamiwa ke Bonewamang. Bonewamang o nnile dikgwedi di le lesome le botlhano mo kgolegelong morago ga a sena go lebisiwa molato wa go gapela batho dithoto ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe, masome a matlhano le bosupa (1957), a lebisiwa molato o gape ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe, masome a marataro le bobedi (1962).
Go Bosa/ Tsa Bogosi
[fetola | Fetola Motswedi]Bonewamang e ne e le kgosana kwa Letlhakeng. Fa Kgari a tlhokafala, Bonewamang le morwa Sebele ebong Moruakgomo e ne e le bone ba go akanyediwang ba ka neelwa setilo. Baema nokeng Bonewamang ba ne ba re Moruakgomo ga a tshwanela ka batsadi ba gagwe ba ne ba sa feleletsa ditirelo dingwe tsa lenyalo, mme bontsi jwa nna kgatlhanong le Moruakgomo ka mmaagwe a ne a tlhakantse ditso. Ba ba kgatlhanong le Bonewamang ba ne ba re mojaboswa o ka se tlhophiwe a feta kgosi ya pele ka dingwaga, le ntswa se se ne se kile sa diragala pele. Kgang e ne ya isiwa kgotlatshekelong, go ne ga tsewa tshwetso ya gore Neale Sechele a nne kgosi go rarabolola kgang.
Bonewamang o ne a tlhomiwa go nna molaodi wa ditso wa kgaolo morago ga gore Neale a patelediwe go ithola marapo ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe le masome a supa (1970). Kgwedi ya Tlhakole wa ngwaga oo latelang, Bonewamang o ne a lebisiwa molato wa go utswa leruo mme molaodi a buisana gore a seka a atlholwa. Bonewamang o tlhokafetse ka kotsi ya koloi ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe, masome a supa le borobabobedi (1978). Morwa wa gagwe Kgari Sechele III o ne a mo tlhatlhama go nna kgosi, mme Mack Sechele a tshwarelela bogogi jwa ditso.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Morton, Barry; Ramsay, Jeff (2018). Historical Dictionary of Botswana (5th ed.). Rowman & Littlefield. ISBN 978-1-5381-1133-8
- ↑ Mbuya, Titus (1999). "Legitimacy and Succession in Tswana States: The Case of BaKwena, 1930-1963". Pula: Botswana Journal of African Studies. 13 (1): 61–76.
- ↑ Ramsay, Jeff (1996). "The Fall and Decline of the Bakwena Monarchy". Botswana Notes and Records. 28: 65–86. JSTOR 40980134.